LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 5/8 ts. 28-29
  • A Dikgwa Tsa Rona Tsa Pula di Tla Falola?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Dikgwa Tsa Rona Tsa Pula di Tla Falola?
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A go Tlhokega “Tsela e Ntšha ya Boditšhabatšhaba”?
  • Mesola ya Dikgwa Tsa Pula
    Tsogang!—1998
  • Go Senyaka Dikgwa Tsa Pula
    Tsogang!—1998
  • Ke Eng Fa Dikgwa tsa Pula di Tshwanetse go Babalelwa?
    Tsogang!—1990
  • A Dikwa Di Na le Isagwe?
    Tsogang!—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 5/8 ts. 28-29

A Dikgwa Tsa Rona Tsa Pula di Tla Falola?

MO TSHIMOLOGONG ya lekgolo leno la dingwaga maphoi a kwa Amerika Bokone a ne a nyelela. E ka tswa e ne e le dinonyane tse dintsi go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa nna gone. Baitsedinonyane ba lekanyetsa gore palo ya tsone e ne e ka nna magareng ga dimilione di le dikete di le tlhano le dimilione di le dikete di le lesome mo makgolong a mabedi a dingwaga a a fetileng!

Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tse di lekgolo fela ke fa nama e go neng go bonala e le ntsi thata ya dinonyane tseno tse di tlhwatlhwatlase, e setse e nyeletse mo go se se neng sa tlhalosiwa e le “go nyelela go go boitshegang [ga mofuta wa ditshedi] go gaisa gope fela go go kileng ga direga.” Sefikantswe sa maphoi ano se se tlhomilweng kwa Wyalusing State Park kwa Wisconsin, U.S.A., se balega jaana: “Setshedi seno se nyeletse ka ntlha ya bogagapa le go tlhoka tlhaloganyo ga motho.”

Se se diragaletseng maphoi ano se re gakolola gore le e leng ditshedi tse dintsi go gaisa tsotlhe tsa lefatshe di ka nna tsa nyelediwa ke motho. Bogagapa le go tlhoka tlhaloganyo di santse di direga ka bontsi. E bile gompieno ga se setshedi se le sengwe fela se se leng mo kotsing, go na le moo, tikologo yotlhe e mo kotsing. Fa dikgwa tsa pula di ka nyelela, ditshedi tsotlhe tse di nnang mo go tsone—mo e ka nnang halofo ya ditshedi tsotlhe tsa lefatshe—le tsone di tla nyelela. Borasaense ba bolela gore masetlapelo ao e tla nna “masetlapelo a dilo tsa tlholego a magolo go gaisa otlhe a a kileng a [bakwa] ke motho.”

Ke boammaaruri gore, re na le kitso e ntsinyana malebana le tikologo go gaisa mo lekgolong le le fetileng la dingwaga. Le fa go ntse jalo kitso eno ga e ise e kgone go re thusa go emisa tshenyo e e kana kana. Manuel Fidalgo yo e leng moitsedimela o ne a bua jaana ka khutsafalo: “Re senya selo se se tlhwatlhwakgolo tota, mme ga re a salelwa ke nako e ntsi. Ke na le poifo ya gore mo dingwageng di sekae fela tse di tlang, go tla bo go setse fela dikgwa di sekae tse di mo diphagong tsa dithaba tse baremi ba ditlhare ba sa kgoneng go di fitlhelela.”

Baitsetlholego ba tshwenyegile thata ka kgang eno ka gonne ga go motlhofo go tlhogisa dikgwa tsa pula sesha. Buka ya The Emerald Realm: Earth’s Precious Rain Forests e tlhalosa ka tlhamalalo gore go jala dikgwa sesha ke “tsela e e bonya le e e jang madi a mantsi . . . ya go leka go tsibogela go senngwa ga dikgwa tsa pula.” Go jala ditlhare sesha go ka kgona go busetsa mefuta e sekae fela ya ditlhare tsa boboatsatsi, mme matlhogela a tsone a tla tlhoka gore a tlhokomelwe ka metlha e le gore a se ka a hupediwa ke mefero.

Gore a sekgwa se tla bowa se tshwana le pele go tla ikaega ka gore di jetswe di bapile le karolo ya sekgwa sa pula se se iseng se kgaolwe ditlhare go le kana kang. Karolo e e jetsweng ditlhare sesha e ka kgona go bowa e nna le masome a a dikete a mefuta ya ditshedi tse di e dirang sekgwa sa pula sa mmatota fa fela e jetswe gaufi thata le ya ntlha. Tota le fa go ka nna jalo, seo se tla tsaya makgolokgolo a dingwaga. Dikarolo dingwe tse di neng tsa phuaganngwa dingwaga di ka nna sekete tse di fetileng fa tsela ya go tshela ya Se-Mayan e ne e phutlhama, di santse di ise di siame.

A go Tlhokega “Tsela e Ntšha ya Boditšhabatšhaba”?

Moitsesaense mongwe wa kwa Smithsonian Institution, kwa Washington, D.C., o ne a akantsha gore diperesente di le 10 tsa dikgwa tsa pula tse di leng gone di ngomaelwe gore go sirelediwe mefuta e le mentsi ya ditshedi ka mo go ka kgonegang ka teng. Gone jaanong diperesente di le 8 tsa tsone di sireleditswe, le fa go ntse jalo, bontsi jwa mafelo ano kana diphaka, ke diphaka fela ka leina ka gonne ga di na madi kana batho ba ba ka di sireletsang. Ruri sengwe se se fetang seo se tshwanetse go dirwa.

Peter Raven, yo e leng sebueledi sa tshomarelo ya dikgwa tsa pula, o tlhalosa jaana: “Maiteko a go namola dikgwa tsa pula a batla gore go nne le tsela e ntšha ya boditšhabatšhaba, tsela e e ka dirang gore go lemogiwe gore batho gongwe le gongwe fela ba na le seabe mo go se se diragalelang lefatshe. Go tshwanetse ga senkiwa tsela ya go fedisa lehuma le tlala mo lefatsheng lotlhe. Go tla tlhokega gore dinaga tse di farologaneng di dire ditumalano.”

Batho ba le bantsi ba bona fa kakantsho eno ya gagwe e utlwala. Go namola dikgwa tsa pula go batla tharabololo e e akaretsang lefatshe lotlhe—go ntse jalo le ka mathata a mangwe a a aparetseng batho. Bothata bo ikaegile ka go dira gore “dinaga tse di farologaneng di dire ditumalano” pele ga masetlapelo a lefatshe lotlhe a direga le pele ga go direga tshenyo e e ka se kang ya baakanyega. Jaaka Peter Raven a bolela, go senngwa ga dikgwa tsa pula go amana thata le mathata a a raraaneng a dinaga tse di tlhabologang, a a jaaka tlala le lehuma.

Go fitlha jaanong, maiteko a a dirilweng ke dinaga di le dintsi go rarabolola mathata ano ga a atlega go le kalo. Batho bangwe ba botsa jaana, A go tla tsamaya go direga gore ditšhaba di tlogele go ikakanyetsa di le nosi e le gore batho botlhe ba solegelwe molemo kana a keletso ya gore go nne le “tsela e ntšha ya boditšhabatšhaba” ke toro fela?

Ga go bonale fa hisitori e re naya lebaka la go nna le tsholofelo. Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se gantsi se tlhaediwang matlho—kgopolo ya Mmopi wa dikgwa tsa pula. Edward O. Wilson, yo e leng Porofesa wa Harvard o tlhalosa jaana: “Re tshwanetse go gakologelwa gore re senya bontlhabongwe jwa Tlholego mme ka go dira jalo re amoga dikokomana tsotlhe tse di latelang se rona ka borona re se filweng.”

A Mmopi wa lefatshe o tla letla batho ba senya dilo tse a di dirileng gotlhelele? Ruri ga a ka ke a dira jalo.a Go na le moo, Baebele e bolelela pele gore Modimo o tla “senyaka ba ba senyakang lefatshe.” (Tshenolo 11:18) Modimo o tla rarabolola seno jang? O solofetsa gore o tla tlhoma Bogosi—puso ya selegodimo e e seng ya setšhaba sepe—jo bo tla rarabololang mathata otlhe a lefatshe le jo bo ‘se kitlang bo senngwa gope.’—Daniele 2:44.

Bogosi jwa Modimo ga bo kitla bo nyeletsa fela tsela e motho a senyang lefatshe ka yone mme gape bo tla dira gore lefatshe le bowe le nne lentle gape. Kgabagare lefatshe lotlhe le tla nna paraka e ntle, fela jaaka Mmopi wa rona a ne a ikaeletse kwa tshimologong. (Genesise 1:28; 2:15; Luke 23:42, 43) Batho gongwe le gongwe ba tla bo ba “rutwa ke Jehofa” mme ba tla ithuta go rata le go anaanela popo yotlhe ya gagwe go akaretsa le dikgwa tsa pula.—Isaia 54:13.

Mopesalema o ile a tlhalosa nako eo e e molemolemo jaana: ‘A ditlhare tsotlhe tsa sekgwa di opelele Jehofa ka boitumelo. Gonne o etla; gonne o tla go atlhola lefatshe; o tlaa atlhola lobopo ka tshiamo, le ditšhaba ka boammaaruri jwa gagwe.’—Pesalema 96:12, 13.

Selo se se itumedisang ke gore, isagwe ya dikgwa tsa pula ga ya ikaega ka kamego—kana bogagapa—jwa motho. Baebele e re naya lebaka la go tshepa gore Mmopi ka boene o tla tsenya letsogo go namola dikgwa tsa rona tsa boboatsatsi. Mo lefatsheng le lesha la Modimo le le solofeditsweng, dikokomana tsa nako e e tlang di tla bona bontlentle jwa dikgwa tsa pula.—Tshenolo 21:1-4.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Selo se se kgatlhang ke gore, basomaredi ba tlholego ba ba batlang go namola bontsi jwa mefuta ya ditshedi tse di mo kotsing ya go nyelela ka mo ba ka kgonang ka teng, ba tlhalosa mokgwa ono wa bone e le “mokgwa wa ga Noa,” ka gonne Noa o ne a laelwa go tsenya “tsotlhe tse di tshelang; tsa nama yotlhe,” mo arakeng. (Genesise 6:19) David Ehrenfeld, yo e leng moitsethutotshelo o bolela gore “lobaka lo loleele lo [ditshedi] di sa bolong go lo tshela mo tlholegong ya tsone lo di naya tshwanelo ya go tswelela pele di le teng.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela