LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 6/8 ts. 12-14
  • Ke Etse Sekao sa ga Mang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Etse Sekao sa ga Mang?
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikao—Tse di Siameng le Tse di sa Siamang
  • Kafa Sekao se se Molemo Se ka Go Thusang ka Teng
  • Batsadi ba ba Tlhomang Sekao
  • Sekao se se Gaisang Tsotlhe
  • Nka Tlhopha Jang Sekao Se Se Siameng?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Dikao Tsa me ke Bomang?
    Tsogang!—2012
  • Basha Lo Tla Dirang Ka Botshelo Jwa Lona?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Bodumedi—A ke A bo Itlhophela Kgotsa ke bo Tlhophelwa ke Batsadi ba Me?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 6/8 ts. 12-14

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Etse Sekao sa ga Mang?

“E ne e le kgeleke tota mo baseketebolong. Ditsala tsotlhe tsa me di ne di mo rata. Ke ne ke batla go mo etsa, ke batla go tshwana le ene le go nna le dilo tse a nang le tsone.”—Ping, mosha wa kwa Asia.

BATHO ba ba ratiwang le ba ba etswang gantsi ba bidiwa dikao. Linda Nielsen yo e leng mokwadi wa dibuka o ile a bolela jaana: “Basha ba etsa batho ba ba nang le maikutlo a a tshwanang le a bone le ba ba tsewang tsia kana ba ba newang dituelo tse ba di meletsang mathe.” Ka jalo, basha ba kgatlhwa thata ke balekane ba bone ba ba itsegeng kana ba bantle. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa basha bo kgatlhwa thata ke go etsa batshameki ba ba tumileng ba dibaesekopo, baopedi le borametshameko.

Gone mme, mokgwa o batho ba ba tumileng ba itshwarang ka one mo setšhabeng gantsi ke o o itlhametsweng ka botswerere, o o rulagantsweng ka kelotlhoko go fitlha diphoso, go dira gore ba tseelwe kwa godimo mme go feta moo go rekisa! Ping yo o nopotsweng pelenyana, o dumalana le seno jaana: “Ke ne ka reka dibidio tsotlhe tsa mogaka wa me wa baseketebolo e bile ke apara diaparo le ditlhako tse di tshwanang le tsa gagwe.” Basha bangwe ba apara jaaka megaka ya bone ya mo thelebisheneng kana ya metshameko, ba ipaakanya meriri jaaka megaka eno ya bone le e leng go tsamaya le go bua jaaka yone.

Dikao—Tse di Siameng le Tse di sa Siamang

O ka nna wa botsa gore, ‘Mme molato ke eng fa o tseela mongwe kwa godimo?’ Seo se ikaegile ka motho yo o mo tseelang kwa godimo. Baebele ya re: “Tsamaya le batho ba ba botlhale, mme o tlaa nna botlhale, mme monkana wa dieleele o tlaa utlwisiwa botlhoko ke gone.” (Diane 13:20) Baebele ga e re kgothaletse go nna balatedi ba batho. (Mathaio 23:10) Le fa go ntse jalo e re bolelela gore re nne “baetsi ba bao ka tumelo le bopelotelele ba ruang ditsholofetso.” (Bahebere 6:12) Mokwadi wa mafoko ao, e leng moaposetoloi Paulo, o ne a tlhomela Bakeresete ba bogologolo sekao se se molemo. Ka jalo, o ne a ka re: “Nnang baetsi ba me, le eleng jaaka nna ke le wa ga Keresete.”—1 Bakorinthe 11:1.

Lekawana le le bidiwang Timotheo le ne la dira fela jalo. O ne a nna tsala e tona ya ga Paulo fa ba ne ba le mo maetong a borongwa mmogo. (Ditiro 16:1-4) Paulo o ne a tsaya Timotheo jaaka “ngwanake yo o rategang le yo o boikanngo mo Moreneng.” (1 Bakorinthe 4:17) Timotheo o ne a nna monna wa Mokeresete yo o molemo ka ntlha ya thuso ya ga Paulo.—Bafilipi 2:19-23.

Le fa go ntse jalo, ke eng se se ka diragalang fa o ka tlhopha go etsa sekao se se sa siamang? Lekawana le le bidiwang Richard le boletse seno: “Fa ke na le dingwaga di le 15, Mario yo ke neng ke tsena sekolo le ene, o ne a nna tsala ya me e kgolo. Batsadi ba me e ne e le Bakeresete e bile ba ne ba leka go nthusa mo semoyeng. Le fa go ntse jalo, Mario ene o ne a ja monate tota—diseko, diphati, dithuthuthu le dilo tse di ntseng jalo. O ne a kgona go dira se a se batlang, nako nngwe le nngwe fa a batla. Nna ke ne ke sa letlelelwe go dira jalo. Ka jalo, fa ke na le dingwaga di le 16, ke ne ka bolelela batsadi ba me gore ga ke tlhole ke batla go nna Mokeresete mme ke ne ka tlogela.”

A go na le dikotsi tse di tshwanang le tseno fa o tsaya batho ba ba itsegeng le bagaka ba metshameko e le dikao tse o di etsang? Ee, di teng. Gone mme, ga go na phoso epe fa o kgatlhwa ke botswerere jwa rametshameko mongwe, radibaesekopo kana seopedi. Le fa go ntse jalo, ipotse jaana, ‘Ke sekao sefe se batho bano ba se tlhomang mo matshelong a bone?’ A bagaka ba le bantsi ba metshameko, diopedi le ba bangwe ba ba tumileng ga ba itsege ka go rata boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, diokobatsi le bojalwa mo go feteletseng? A ga se boammaaruri gore bontsi jwa bone ba tshela ba sa itumela, e bile matshelo a bone ga a na boikaelelo bope jo bo molemo le mororo ba na le madi e bile ba tumile? Fa o leba dilo ka tsela eno, o ka solegelwa ke molemo ofe fa o etsa batho ba ba ntseng jalo?

Ke boammaaruri gore go etsa mokgwa wa mongwe yo o itsegeng wa go baakanya moriri, wa go apara kana wa go bua go ka lebega go sa re sepe. Le fa go ntse jalo, e ka nna kgato ya ntlha ya go letlelela gore lefatshe le go “sukunyetse mo mokgweng wa lone.” (Baroma 12:2, Phillips) Mokgwa oo o ka lebega o itumedisa fa o simolola. Le fa go ntse jalo, fa o ineela mo tlhotlheletsong ya one, o ka nna wa go fetola gore o dire dilo tse di kgatlhanong le Modimo. Baebele mo go Jakobe 4:4 ya re: “Botsalano le lefatshe ke bobaba le Modimo.”

Kafa Sekao se se Molemo Se ka Go Thusang ka Teng

Le fa go ntse jalo, go etsa motho yo o tlhomang sekao se se molemo go ka go tlhotlheletsa gore o dire dilo tse di siameng mo botshelong jwa gago! Gareng ga Bakeresetekawena o ka fitlhela ba le bantsi ba e leng “sekao . . . mo go bueng, mo boitshwarong, mo loratong, mo tumelong, mo boitshekong.” (1 Timotheo 4:12) Ke boammaaruri gore le e leng mo teng ga phuthego ya Bokeresete, o tshwanetse wa nna kelotlhoko fa o tlhopha batho ba o tsalanang le bone. (2 Timotheo 2:20, 21) Le fa go ntse jalo, mo phuthegong go motlhofo go lemoga yo tota a “tsamaya[ng] ka boammaaruri.” (2 Johane 4) Molaomotheo o o mo go Bahebere 13:7 o bolela jaana: “E re lo akanyetsa kwa teng kafa boitshwaro jwa bone bo felelang ka gone lo etse tumelo ya bone.” Bontsi jwa balekane ba gago, ba santse ba tlhoka go itshupa gore boitshwaro jwa bone bo tla felela kae. Le fa go ntse jalo, go na le ba ba godileng mo phuthegong ba ba ileng ba supa gore ba a ikanyega mme go molemo go tlwaelana le bone.

O ka nna wa botsa gore, ‘Ke tlwaelane le batho ba ba godileng?’ Gone ke boammaaruri gore seno se ka nna sa se ka sa go kgatlha kwa tshimologong. Le fa go ntse jalo, gakologelwa botsala jo Timotheo a neng a na le jone le tsala ya gagwe e e godileng e bong moaposetoloi Paulo. Paulo o ne a lemoga bokgoni jo Timotheo a neng a na le jone mme a mo kgothaletsa gore a “kgotletse jaaka molelo mpho ya Modimo” e e mo go ene. (2 Timotheo 1:6) A ga o kitla o solegelwa molemo ke go nna le motho yo o go thusang le yo o go kgothatsang, mongwe yo o go rotloeletsang go godisa dimpho tsa gago tse o di filweng ke Modimo?

Mosha yo o bidiwang Bryan o fitlhetse gore seno ke boammaaruri. O ne a lwa le maikutlo a go itseela kwa tlase fa a tloga a tlwaelana le motlhanka wa bodiredi yo o godileng, yo o iseng a nyale mo phuthegong. Bryan a re: “Ke kgatlhiwa thata ke kafa a amegang ka batho ba bangwe ka lorato ka teng, go akaretsa le nna; kafa a tlhagafalelang bodiredi ka teng; le dipuo tsa gagwe tse di molemo.” Bryan o setse a solegelwa molemo ke tlhokomelo e a e bonang go tswa go Mokeresete yono yo o godileng. O dumetse jaana ka tshosologo: “Go nthusitse gore ke fetoge mo go se ke neng ke le sone pele—motho yo o ditlhong le yo o se nang matlhagatlhaga.”

Batsadi ba ba Tlhomang Sekao

Buka ya Adolescence—Generation Under Pressure e bolela gore batsadi ke “bone fela ba ka nnang le tlhotlheletso e e botlhokwa thata e e ka thusang kana ya kgoreletsa mosha fela yo o tlwaelegileng gore a nne le botho jo bo siameng.” Buka eo e okeditse ka gore, fa basha ba sa itse sentle gore ba nne jang le gore ba nne le botho jo bo ntseng jang “ba tla tshwana le sekepe se se se nang selo se se se kaelang, se se phailakwang ke lekhubu lengwe le lengwe le le iphetelang fela.”

Kgakololo eno e bontsha se morutwa Jakobe a se kwadileng dingwaga tse di fetang 1900 tse di fetileng, jaaka fa go bontshitswe mo go Jakobe 1:6: “A a nne a kope ka tumelo, a sa belaele ka gope, gonne yo o belaelang o tshwana le lekhubu la lewatle le le kgweediwang ke phefo e bile le phailakwa.” O ka tswa o itse basha bangwe ba ba ntseng fela jalo. Ba tshelela fela go dira dilo tsa gompieno tse di kgatlhang, ba sa akanye sepe ka isagwe ya bone.

A o segofaditswe ka go nna le batsadi ba ba boifang Modimo ba ba tlhomang sekao se se molemo mo phuthegong? Fa go ntse jalo, a o ikobela tlhotlheletso ya bone? Kana o nnela go lwa le bone mo go sengwe le sengwe? Ke boammaaruri gore batsadi ba gago ga ba a itekanela. Le fa go ntse jalo, o se ka wa itira e kete ga o bone dinonofo tsa bone tse di molemo—dinonofo tse go ka nnang molemo thata fa o ka di etsa. Mokeresete mongwe yo mosha e bong Jarrod o kwala jaana: “Batsadi ba me ba nkgatlha thata. Go itshoka ga bone ka tlhagafalo mo bodireding, tsela e ba lepalepanang le mathata a ikonomi ka yone le kgothatso e ba nneelang yone gore ke nne le seabe mo bodireding jwa nako e e tletseng, tsotlhe tseno di ne tsa nthusa thata. Batsadi ba me ke bone batho ba ke etsang sekao sa bone.”

Sekao se se Gaisang Tsotlhe

Fa mokgatlho wa patlisiso wa Gallup o ne o botsa basha bangwe kwa United States gore ba akanya gore ke mang motho yo mogolo go gaisa botlhe mo hisitoring, ba le bantsi ba ne ba tlhopha batho ba kwa Amerika ba dipolotiki. E ne ya nna diperesente di le 6 fela tse di neng tsa tlhopha Jesu Keresete. Le fa go ntse jalo, Baebele e re bolelela gore Jesu Keresete o ne a re tlogelela “sekao gore [re] latele dikgato tsa gagwe sentlentle.” (1 Petere 2:21; Bahebere 12:3) O ne a rotloetsa barutwa ba gagwe gore ba ithute mo go ene. (Mathaio 11:28, 29) Le fa go ntse jalo, o ka kgona go dira seno jang?

Tlwaelana thata le botshelo jwa ga Jesu. Leka go bala dipego tsotlhe tsa Efangele, mmogo le buka ya Monna yo Mogolo go Gaisa Botlhe ba ba Kileng ba Tshela.a Ela tlhoko kafa Jesu a neng a ruta ka teng, tsela e a neng a dirisana le batho ka kutlwelobotlhoko ka teng le bopelokgale jo a neng a bo bontsha fa a ne a le mo tlase ga kgatelelo. O tla lemoga gore Jesu ke sekao se se gaisang tsotlhe se o ka se latelang.

Fa o ntse o tlwaelana thata le sekao se se molemo go gaisa, ga o kitla o ngokwa thata ke balekane ba ba seng molemo kana batho ba ba itsegeng. A o santse o gakologelwa Ping le go rata ga gagwe bagaka ba metshameko? Ping o santse a rata motshameko wa baseketebolo, le fa go ntse jalo, o lemogile gore ke boeleele go batla go tshwana le batho ba ba itsegeng.

Mme go tweng ka Richard? Tlhopho e o neng a e dira ya go etsa sekao sa motho mongwe e ne ya dira gore a tlogele tumelo ya Bokeresete. Le fa go ntse jalo, Richard o ne a tlwaelana le lekawana lengwe la dingwaga di le 20 le le bidiwang Simon, yo e neng e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Richard a re: “Simon e ne ya nna tsala ya me mme o ne a nthusa gore ke lemoge fa motho a ka itumelela botshelo kwantle ga go itlhokomolosa melaometheo ya Baebele. Ke ne ka simolola go tlotla Simon mme sekao sa gagwe se ne sa nthusa thata gore ke boele mo phuthegong mme ka neela botshelo jwa me mo go Jehofa. Jaanong ke itumetse thata e bile botshelo jwa me bo na le bokao jwa mmatota.”

Ee, tlhopho e o e dirang ya dikao tse o batlang go di etsa e botlhokwa!

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Go tsalana le batho ba ba godileng ba ba molemo go ka go thusa thata

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela