LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwyp setlhogo 71
  • Nka Tlhopha Jang Sekao Se Se Siameng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nka Tlhopha Jang Sekao Se Se Siameng?
  • Basha ba Botsa Jaana
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Goreng go le botlhokwa gore o tlhophe sentle?
  • O ka tlhopha jang
  • Dikao Tsa me ke Bomang?
    Tsogang!—2012
  • Ke Etse Sekao sa ga Mang?
    Tsogang!—1998
  • Basha Lo Tla Dirang Ka Botshelo Jwa Lona?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Toropo E e Sa Tlwaelegang ya Pampiri
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basha ba Botsa Jaana
ijwyp setlhogo 71
Lekawana le lebile dikao tse di farologaneng

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka Tlhopha Jang Sekao Se Se Siameng?

“Fa ke na le mathata kwa sekolong, ke ne ke thusiwa ke go akanya ka mongwe yo ke mo ratang yo o fetileng mo maemong a ke leng mo go one. Go tswa foo ke bo ke leka go latela sekao sa motho yoo. Go nna le mongwe yo nka mo etsang go nthusitse go feta mo maemong a a thata.”​—Haley.

Go nna le mongwe yo o go tlhomelang sekao, go ka go thusa go tila go itsenya mo mathateng, gape go ka go thusa go fitlhelela mekgele ya gago. Ntlha ya botlhokwa ke go tlhopha sekao se se siameng.

  • Goreng go le botlhokwa gore o tlhophe sentle?

  • O ka tlhopha jang

  • Se dithaka tsa gago di se buang

Goreng go le botlhokwa gore o tlhophe sentle?

  • Tshwetso ya gago ya motho yo tlhophang go mo etsa e tla ama tsela e o itshwarang ka yone.

    Baebele e bolelela Bakeresete gore ba ithute mo go ba ba tlhomang sekao, e a re: “Fa lo ntse lo bona melemo ya tsela e ba itshwarang ka yone, lo etse tumelo ya bone.”​—Bahebera 13:7.

    Kakantsho: E re ka motho yo o tlhophang go mo etsa a ka go tlhotlheletsa ka tsela e e siameng kgotsa e e sa siamang, go botlhokwa go tlhopha motho yo o nang le dinonofo tse dintle, go na le go tlhopha motho fela ka gonne a itsege kgotsa ka gonne a le mo dingwageng tsa gago.

    “Ke ithutile go le gontsi mo tseleng e Mokeresetemmogo ka nna e bong Adam a neng a itshwara ka yone. Go a gakgamatsa gore ke sa ntse ke gopola dilo tse a neng a di bua le tse a neng a di dira. Adam ga a itse gore tsela e a neng a itshwara ka yone e nkamile thata jang.”​—Colin.

  • Tshwetso ya gago ya motho yo tlhophang go mo etsa e tla ama tsela e o ikutlwang ka yone le e o akanyang ka yone.

    Baebele e a re: “Lo se ka lwa tsiediwa. Fa lo tsalana le batho ba ba bosula, ba tla senya mekgwa ya lona e mentle.”​—1 Bakorintha 15:33.

    Kakantsho: Tlhopha motho yo o nang le dinonofo tse dintle e seng fela ka gonne o kgatlhiwa ke tsela e a lebegang ka yone. Go seng jalo o tla swaba nko go feta molomo.

    “Fa o nna o ntse o ipapisa le batho ba bantle thata, o ka simolola go inyatsa le go ipona o se montle. Seo se ka dira gore o tshwenyege thata ka tsela e o lebegang ka yone.”​—Tamara.

    Akanya ka seno: Go tlhopha go etsa batho ba ba tumileng kgotsa baatleletiki go ka go tsenya mo kotsing jang?

  • Tshwetso ya gago ya motho yo tlhophang go mo etsa, e ka dira gore o fitlhelele kgotsa o se ka wa fitlhelela mekgele e o ipeetseng yone.

    Baebele e a re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale.”​—Diane 13:20.

    Kakantsho: Fa o tlhopha motho yo o batlang go mo etsa, tlhopha motho yo o nang le dinonofo tse dintle tse o batlang go nna le tsone. Fa o ntse o lebile tsela e ba dirang dilo ka yone, o ka ithuta dilo dingwe mo go bone tse di ka go thusang go fitlhelela mokgele wa gago.

    “Go na le go ipeela mokgele fela o re, ‘Ke batla go nna motho yo o nang le maikarabelo,’ o ka re, ‘Ke batla go nna motho yo o nang le maikarabelo jaaka Jane. Ga nke a nna thari e bile o tsaya dikabelo tsa gagwe di le masisi.’”​—Miriam.

    Sa botlhokwa ke gore: Fa o tlhopha sekao se se siameng o kgona go nna motho yo o eletsang go nna ene.

Lekawana le latela sekao se se molemo

Fa o latela sekao se se siameng, o ka kgona go fitlhelela mekgele ya gago ka bonako!

O ka tlhopha jang

O ka dirisa nngwe ya ditsela tseno tse pedi go tlhopha mongwe yo o ka mo etsang.

  1. O ka tlhopha nonofo nngwe ya gago e o batlang go e tokafatsa, go tswa foo o bo o tlhopha mongwe yo o mo ratang yo o nang le nonofo eo.

  2. O ka tlhopha mongwe yo o mo ratang yo o nang le nonofo e o e ratang e o batlang go nna le yone.

Dintlha tsa go itshekatsheka tse di mo setlhogong seno di ka go thusa go dira seno.

Batho ba o ka ba etsang ba ka akaretsa:

  • Dithaka tsa gago. “Ke batla go tshwana le tsala ya me. Le fa a ka tshwarega jang, o ipha nako ya go bontsha ba bangwe gore o a ba kgathalela. Le fa a le monnye mo go nna, o na le dinonofo tse nna ke se nang tsone mme seo se dira gore ke batle go etsa sekao sa gagwe.”​—Miriam.

  • Batho ba ba godileng. Batho bano e ka nna batsadi ba gago kgotsa Bakeresetemmogo le wena. “Batsadi ba me ke batho ba ke batlang go ba etsa. Ba na le dinonofo tse dintle. Gone ke bona makoa a bone mme le fa ba na le makoa ba tswelela ba ikanyega. Fa ke gola, ke eletsa gore nka tshwana le bone.”​—Annette.

  • Batho ba ba mo Baebeleng. “Ke tlhophile dikao di le mmalwa mo Baebeleng tse ke batlang go di etsa, mme go na le sengwe se se nkgatlhang ka mongwe le mongwe wa bone. Ke ile ka tlhopha go etsa Timotheo, Ruthe, Jobe, Petere le mosetsana wa Moiseraele. Fa ke ntse ke ithuta mo go oketsegileng ka batho bano ba ba mo Baebeleng, ke lemoga gore e ne e le batho ba mmatota. Ke itumeletse go ithuta ka dipego tse di tlhagelelang mo bukeng ya Etsa Tumelo ya Bone le setlhogo sa ‘Kaedi ya Ditsebe Tsa Sekao se se Molemo’ mo bukeng ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo​—Bolumo ya 1 le 2.”​—Melinda.

Kakantsho: Go na le go tlhopha go etsa motho a le mongwe, o ka tlhopha go etsa batho ba le mmalwa. Moaposetoloi Paulo o ile a raya Bakeresetemmogo le ene a re: “Lo etse le ba ba latelang sekao se re lo tlhometseng sone.”​—Bafilipi 3:17.

A o ne o itse? O ka tlhomela ba bangwe sekao! Baebele e a re: “Nna sekao mo go ba ba ikanyegang mo tseleng e o buang ka yone, mo boitshwarong, mo loratong, mo tumelong, mo boitshekong.”​—1 Timotheo 4:12.

“Le fa gone go na le dinonofo tse o batlang go di tokafatsa, o sa ntse o ka kgona go tlhomela ba bangwe sekao. Ga o na go itse gore ke mang yo o go lebileng mme gape gongwe se o se buang se ka fetola botshelo jwa mongwe.”​—Kiana.

Se dithaka tsa gago di se buang

Emma

“Batho ba le bantsi ba ba tumileng ba sotla mmele o Jehofa a ba neileng one. Fa re etsa batho ba ba ntseng jalo, seo se ka re tsenya mo kotsing e bile seo se ka fetola tsela e e siameng e re lebang dilo ka yone.”​—Emma.

Justine

“Fa o na le sekao se se molemo se o ka se etsang, seo se ka go thusa go atlega mo botshelong. Go tswa mo go wena gore a o tla utlwa ka letlalo kgotsa o tla ithuta mo maitemogelong a mongwe.”​—Justine.

Micah

“O ka tlhoka go batla batho ba o ka ba etsang mme seo se ka tlhoka gore o iphe nako ya go ba itse le go dira botsala le bone. O ka bona dikao tse di siameng kwa o neng o sa di lebelela gone.”​—Micah.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela