LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/12 ts. 10-11
  • Toropo E e Sa Tlwaelegang ya Pampiri

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Toropo E e Sa Tlwaelegang ya Pampiri
  • Tsogang!—2012
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Ngoka Baitsehisitori
  • Ba Ne Ba Ipela Kwa Yuropa Botlhaba
    Tsogang!—1992
  • Keresete, Sekao sa Rona
    Opelelang Jehofa ka Boitumelo
  • Setlhogo sa Motlotlo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Ba Ne Ba Gakgamadiwa Ke Se Ba Ileng Ba Se Bona
    Tsogang!—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 2/12 ts. 10-11

Toropo E e Sa Tlwaelegang ya Pampiri

O IPOTSA go re, ‘a toropo e ka agiwa ka pampiri?’ Ee, mme ga se toropo ya mmatota, ke sekaelo sa kago ya toropo. Toropo eo ke Prague, e e leng motsemoshate wa Repaboliki ya Czech mme sekaelo seno se bolokilwe kwa Prague Municipal Museum. Moagi wa sone e ne e le Antonín Langweil, yo o tsereng dingwaga di le 11 go aga sekaelo seno, go tloga ka 1826 go fitlha go 1837, ngwaga o a tlhokafetseng ka one. Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Langweil go simolola tiro e e thata jaana?

Langweil o ne a tsholwa ka 1791 kwa toropong ya Postoloprty e e leng kwa go se gone jaanong e leng Repaboliki ya Czech. Fa a sena go ithuta mokgwa wa go printa o o bidiwang lithography kwa Art Academy kwa Vienna, kwa Austria, o ne a bula lefelo la ntlha la go printa ka mokgwa wa lithography kwa Prague. Le fa go ntse jalo, ga a ka a atlega go nna rakgwebo mme kgwebo ya gagwe e ne ya phutlhama. Ka 1826, fa a ne a le kwa pontshong nngwe kwa Prague, o ne a bona sekaelo sa kago e e poleiseterilweng ya toropo ya Paris, Fora. E re ka a ne a tlhotlheleditswe ke se a se boneng, Langweil o ne a swetsa ka gore a dire sekaelo sa toropo ya Prague, a dirisa khatebokoso le logong go sekae.

Le fa go ntse jalo, sa ntlha, Langweil o ne a tsaya dingwaga di le mmalwa a kwala ka kelotlhoko tshedimosetso nngwe le nngwe ka Prague. O ne a tsamaya mo seterateng sengwe le sengwe, a torowa ditshwantsho le go kwala ka nepo gore dikago, dibanka tsa paraka, dikago tse dinnye tsa mabolokelo, difikantswe le ditlhare di fa kae. O ile a bo a tsenya le difaki tse a neng a di bona fa fatshe, difensetere tse di thubegileng, llere e e sekegilweng mo loboteng le mokoa wa dikgong! Go tswa foo o ne a simolola go aga sekaelo sa gagwe, a se dira go nna selekanyo sa 1:480. Gore a oketse lotseno la gagwe le lennye, o ne a dira gape le dikaelo tsa matlo a batlotlegi.

Ka 1837, Langweil o ne a tshwarwa ke thiibi mme a tlhokafala ka June ka one ngwaga oo, a tlogela mosadi wa gagwe le bomorwadie ba le batlhano. Dingwaga di le tharo morago ga foo, sekaelo sa gagwe se ne sa bewa kwa Patriotic Museum, e gone jaanong e bidiwang National Museum. Go tlile jang gore se ye koo? Ka 1840, mosadi wa ga Langweil wa motlholagadi o ne a rekisetsa Mmusimogolo Ferdinand I sekaelo seo, o ne a se reka mme ka bopelotshweu a se neela se gone jaanong e leng musiamo wa naga wa Repaboliki ya Czech. Se ne sa goroga se tsentswe mo makaseng a le robongwe. Moragonyana, mmueledi wa City of Prague Museum, kwa sekaelo se beilweng teng gone jaanong, o ne a bolela jaana: “Sekaelo sa ga Langweil se ne sa tsenngwa mo dipontshong ka dinako tse di rileng fela mo lekgolong la bo19 la dingwaga. Ka 1891, se ne sa nna sengwe sa dipontsho kwa Provincial Jubilee Exhibition. Go bontsha botlhokwa jwa tiragalo eno, go ne ga dirisiwa madi a mantsi go baakanya sekaelo seno . . . Go tloga ka 1905, sekaelo seno se ne sa nna karolo ya dilo tse di bontshiwang ka metlha kwa lefelong la dipontsho la kwa National Museum le go bewang dilo tse di ngokang baithutamarope kwa go lone.”

Se Ngoka Baitsehisitori

Sekaelo sa pampiri sa ga Langweil se tumile thata. E re ka se le boleele jwa dimetara di le 5,76 le bophara jwa dimetara di le 3,24, se tsentswe mo teng ga lekase la galase mme go tsentswe dipone tse dintsi tse di se bonesang mo teng ga lekase leo. “Toropo” eo e lebega e le selo sa mmatota mo e leng gore o tshwanetse go ikgopotsa gore ke sekaelo! Ee, Langweil o ne a agile mongwe le mongwe wa meago e mennye e e fetang dikete tse pedi ka nepo.

Ka sekai, Langweil o ne a dira gore kago nngwe le nngwe e nne le nomoro ya yone. O ne a tsenya le dipone tsa seterata, mesele le majana a a alwang mo mebileng. Mme o ne a dira dikereke fela jaaka di ntse ka difensetere tsa tsone tse di mebalabala—go akaretsa le digalase tsa difensetere tse di seyong kgotsa tse di thubegileng. Mo mafelong a poleisetere e kgobogileng gone mo matlong, sekaelo sa gagwe se ne se bontsha ditena tse di ka fa gare. O ne a tsenya le Noka ya Vltava e e ralalang Prague.

Gompieno, sekaelo sa ga Langweil ga se fela selo se se dirilweng ke motho se se kgatlhang se se beilweng kwa musiamong mme gape se ngoka batho ba ba ratang tiro ya diatla le baitsehisitori ba ba batlang go bona gore Prague e fetogile go le kana kang fa nako e ntse e tsamaya. Go a utlwala go bo dikarolo dingwe tsa toropo eno di lebega di farologane thata ka gonne meago e ile ya agiwa sesha kgotsa ya tsosolosiwa, segolobogolo karolo e Bajuda ba nnang mo go yone le karolo ya Prague e e bidiwang Old Town. Ka ntlha ya thekenoloji ya segompieno, gone jaanong sekaelo sa ga Langweil se tsentswe mo khomputareng mme seno se dira gore baeng ba kgone go bona gore toropo ya Prague e ne e ntse jang ka ngwaga wa 1837 mo sekaelong sa khomputara.

Ka April 1837, Langweil yo o neng a lwala o ne a kopa gore sekaelo sa gagwe se bewe mo go se ka nako eo e neng e le Patriotic Museum mme beng ba musiamo ba ne ba se na kgatlhego. Abo seno se tshwanetse sa bo se ile sa mo kgoba marapo jang ne! Le fa go ntse jalo, akanya fela gore go ne go tla nna jang fa a ne a ka etela musiamo oo gompieno kgotsa a lebelela toropo ya gagwe ya bogologolo ya Prague mo sekirining sa khomputara. Ga go na pelaelo gore o ne a tla bona gore matsapa a gagwe e ne e se a bophiri.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Antonín Langweil

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Sekaelo sa pampiri sa ga Langweil sa toropo ya Prague

[Setshwantsho mo go tsebe 10, 11]

Go bona sekaelo sa ga Langweil sa pampiri o le gaufi

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Page 10, Langweil: S laskavým svolením Národního muzea v Praze; pages 10 and 11, model photos: S laskavým svolením Muzea hlavního mesta Prahy

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela