Go Sa Babalesega—Bothata jo bo Anameng Lefatshe Lotlhe
A KA dinako tse dingwe o a tle o ikutlwe e kete botshelo jwa gago le mokgwa o o tshelang ka one di mo kotsing e bile ga di a tlhomama? Ga se wena fela. Dimilione tsa batho di ikutlwa ka tsela eo. E re ka dilo tse di tshwanang le bosetšhaba, bodumedi, kana bomorafe di sa kgoreletse go tlhoka pabalesego, go anama jaaka e kete bolwetse, jo bo tlhaselang batho go tswa kwa Moscow go fitlha kwa Manhattan.
Fa re sa babalesega, go ya ka dikishinare nngwe, re a bo re “aparetswe ke poifo le tlhobaelo.” Tlhobaelo ke go imelwa mo maikutlong go go bakang go ngomoga pelo, mme go ka re koafatsa mo mmeleng. Mme ke ka ntlha yang fa re ikutlwa re tlhobaela e bile re sa babalesega?
Go Tlhobaela Kwa Yuropa
Mo European Union (EU), motho a le 1 mo go ba le 6 o humanegile, ba le dimilione di le 18 ga ba na ditiro, mme ba bangwe ba le bantsintsi ba nna ba tshogile gore ba ka latlhegelwa ke ditiro tsa bone. Kwa dinageng di le mmalwa tsa EU, batsadi ba tshosiwa ke gore bana ba bone ba ka nna ba tlhaselwa ke batho ba ba tlhakanelang dikobo le bana. Kwa nageng nngwe ya EU, batho ba le 2 mo go ba le 3 ba tlhobaediwa ke gore ba ka tlhaselwa ke dikebekwa. Baagi ba bangwe ba EU ba tshelela mo poifong ka ntlha ya thubakanyo, borukutlhi le kgotlelo.
Botshelo le tsela e batho ba tshelang ka yone di mo kotsing, e seng fela ka ntlha ya mathata a a ntseng jalo a a tlhasetseng batho mme gape ka ntlha ya masetlapelo a tlholego. Ka sekai, ka 1997 le ka 1998, merwalela, go gogolega ga seretse, ditsuatsue di ile tsa senya dikarolo dingwe tsa United States. Ka 1997, merwalela e ne ya senya tota mo Yuropa e e Bogare fa dinoka tsa Oder le Neisse di ne di tlhatsetsa metsi a tsone kwa ntle. Lokwalodikgang lwa kwa Poland le le tswang beke le beke la Polityka lo boletse gore dikarolo tse dikgolo tsa dipolase di ne tsa khurumediwa ke metsi, mmogo le ditoropokgolo le ditoropo di le 86 le metsana e ka nna 900. Malapa a ka nna 50 000 a ne a senyegelwa ke dimela mme batho ba ba ka tshwarang 50 ba ne ba swa. Mme go gogolega ga seretse go ne ga bolaya bontsintsi jwa batho kwa borwa jwa Italy mo masimologong a 1998.
Go Ipabalela ka Namana
A mme ga re a tlhomamisediwa gore botshelo bo babalesegile go gaisa jaaka fa bo ne bo ntse dingwaga tse di lesome tse di fetileng? A go khutla ga Ntwa ya Molomo go ne go sa bolele go fokotsega ga dibetsa? Ee, pabalesego mo setšhabeng e ka tswa e le botokanyana. Le fa go ntse jalo, se se diragalang mo legaeng le mo mmileng se ama go babalesega ga motho ka namana. Fa re latlhegelwa ke ditiro kana re belaela gore serukutlhi kana motho yo o tlhakanelang dikobo le bana o bataletse golo gongwe kwa ntle, he le fa go ka senngwa dibetsa tse dintsi go le kana kang, re tla nna re ikutlwa re tlhobaela e bile re sa babalesega.
Batho bangwe ba itshokela go sa tlhomamang gono ga botshelo jang? Se se botlhokwa le go feta, a go na le tsela ya go dira gore botshelo jwa mongwe le mongwe—go akaretsa le jwa gago—bo babalesege go ya go ile? Go tla tlotliwa ka dintlha tseno mo ditlhogong tse pedi tse di latelang.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]
UN PHOTO 186705/J. Isaac
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]
FAO photo/B. Imevbore