Kgololesego ya Bodumedi—A ke Masego Kana ke Phutso?
Kgopolo ya kgololesego ya bodumedi e ne ya simolola ka botlhoko jo bogolo mo go Labokeresete. E ne e le ntwa kgatlhanong le go tatalala, letlhoo le go se itshokelane. E ne ya dira gore go bolawe diketekete tsa batho mo dintweng tsa bodumedi. Hisitori eno e e botlhoko e re ruta eng?
“POGISO ga e bolo go nna e ntse e le teng mo hisitoring ya Bokeresete,” go kwala jalo Robin Lane Fox mo bukeng ya Pagans and Christians. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba bidiwa lekoko mme ba ne ba latofadiwa ka gore ba senya kagiso ya setšhaba. (Ditiro 16:20, 21; 24:5, 14; 28:22) Ka ntlha ya seo, bangwe ba ne ba bogisiwa le go bolawa ke dibatana tsa naga kwa mabaleng a Baroma a metshameko. Ka nako ya pogiso e e setlhogo eo, bangwe ba ba jaaka moithutabomodimo Tertullian (bona setshwantsho se se mo tsebeng ya 8), ba ne ba kopa gore go nne le kgololesego ya bodumedi. Ka 212 C.E., o ne a kwala jaana: “Ke tshwanelo ya motho ya motheo, tshiamelo e a e filweng ka tlholego, gore motho mongwe le mongwe a obamele go ya ka se a se dumelang.”
Ka 313 C.E., Baroma ba ne ba tlogela go bogisa Bakeresete fa ba ne ba eteletswe pele ke Constantine, go dirisiwa Molao wa Milan, o o neng o naya Bakeresete le baheitane kgololesego ya bodumedi ka go lekana. Go dumelelwa ga “Bokeresete” mo Mmusong wa Roma go ne ga fetola dilo. Le fa go ntse jalo, mo e ka nnang ka 340 C.E., mokwadi mongwe yo o neng a bolela gore ke Mokeresete o ne a ikuela gore baheitane ba bogisiwe. Kgabagare, ka 392 C.E., ka Molao wa Constantinople, Mmusimogolo e bong Theodosius I o ne a thibela boheitane mo mmusong, mme kgololesego ya bodumedi e ne ya nyelela e ise e ye kgakala. E re ka “Bokeresete” jwa Baroma e ne e le bodumedi jwa Puso, Kereke le Puso di ne tsa simolola letsholo la pogiso le le neng la tsaya makgolokgolo a dingwaga, le le neng la fitlha kwa setlhoeng sa lone ka dipolao tse di neng di dirwa ke Batlhabanelatumelo ba lekgolo la bo11 le la bo13 la dingwaga, le bosetlhogo jwa Dikgotlatshekelo Tse di Kgatlhanong le Boikeodi, tse di neng tsa simolola mo lekgolong la bo12 la dingwaga. Ba ba neng ba ka leka go nyatsa thuto ya motheo ya kereke, e e neng e le thuto e le nosi e e dumelwang, ba ne ba tsewa e le baikeodi mme ba ne ba tsomiwa jaaka go ne go tle go dirwe ka nako eo go ba bogisa. Ke eng se se neng se tlhotlheletsa gore ba tseye dikgato tseo?
Go se itshokele madumedi a mangwe go ne ga dirwa ka seipato sa gore fa bodumedi bo le seoposengwe bo bopa motheo o o nonofileng thata wa Puso, le gore go se utlwane ga madumedi go ne go senya kagiso ya setšhaba. Kwa Engelane, ka 1602, mongwe wa matona a ga Mohumagadi Elizabeth o ne a bolela jaana: “Puso e ka se babalesege fa e ka amogela madumedi a mabedi.” Totatota, go ne go le motlhofo go thibela majelathoko a bodumedi go na le go batlisisa gore a a ne a le kotsi mo Pusong kana mo bodumeding jo bo tlhomilweng. The Catholic Encyclopedia e bolela jaana: “Baeteledipele ba lefatshe le ba dikereke ba ne ba sa itse go dira pharologanyo fa gare ga baikeodi ba ba kotsi le ba ba seng kotsi.” Le fa go ntse jalo, go ne go tla tloga go nna le phetogo.
Tshimologo e e Hutsafatsang ya go Itshokelana
Selo se se dirileng gore go nne le phetogo kwa Yuropa e ne e le khuduego e e bakilweng ke Boporotesetanta, lekoko lengwe le le neng le sa batle go nyelela. Ka bonako jo bogolo, Diphetogo Tsa Boporotesetanta di ne tsa kgaoganya Yuropa ka madumedi, go eteleditswe pele kgopolo ya kgololesego ya segakolodi. Ka sekai, Modiradiphetogo yo o tumileng e bong Martin Luther, o ile a siamisa dikgopolo tsa gagwe ka 1521, ka go re: “Segakolodi sa me se ngaparetse Lefoko la Modimo.” Gape kgaogano eo e ne ya dira gore go nne le Ntwa ya Dingwaga Tse di Masomemararo (1618-48), metseletsele ya dintwa tse di setlhogo tsa bodumedi tse di neng tsa senya Yuropa.
Le fa go ntse jalo, fa ntwa e ntse e tsweletse, batho ba le bantsi ba ne ba lemoga gore ntwa e ne e se yone tsela ya go gatela pele. Ka gone, go ne ga tlhongwa melao e mentsintsi, e e jaaka Molao wa Nantes kwa Fora (1598), go leka go lere kagiso kwa Yuropa e e neng e kgautlhantswe ke dintwa, mme ga ya atlega. Ka ntlha ya melaolao eno go ne ga tsoga kgopolo ya segompieno ya go itshokelana. La ntlha, “go itshokelana” go ne ga tlisa dikgopolo tse di sa siamang. “Fa e le gore mo maemong a a rileng re tshwanetse go itshokela makoko . . . , kwantle ga pelaelo seo e ne e tla bo e le bosula—ee, bosula jo bo masisi—mme bo se maswe jaaka ntwa,” go ne ga kwala jalo motho mongwe yo o tumileng thata yo o neng a kgatlhegela matshelo a batho e bong Erasmus ka 1530. Ka ntlha ya kgopolo eno e e sa siamang, ba bangwe, ba ba jaaka Paul de Foix wa Mofora ka 1561, o ne a bona go le botoka go bua ka “kgololesego ya bodumedi” go na le “go itshokela bodumedi jwa ba bangwe.”
Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya go itshokelana go ne ga se ka ga tlhola go tsewa e le selo se se bosula, mme go ne ga tsewa e le selo se se sireletsang dikgololesego. Go ne go sa tlhole go lejwa e le tsela ya go amogela bokoa bongwe mme go ne go tsewa e le go bo tlhomamisa. Fa kgopolo ya gore batho gompieno ba tshwanetse go nna le ditumelo tse di farologaneng le ditsela tse di farologaneng tsa go akanya e ne e simolola go amogelwa, go tatalala go ne ga tshwanelwa ke gore go fokotsege.
Kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo18 la dingwaga, go itshokelana go ne ga amanngwa le kgololesego le go lekalekana. Seno se ne sa bontshiwa ka melao le maiphako, a a jaaka Maiphako a a tumileng a Ditshwanelo Tsa Motho le Tsa Moagi (1789), kwa Fora, kana Molaotlhomo wa Ditshwanelo Tsa Botho (1791) kwa United States. Jaaka fa dikwalo tseno di ne di simolola go tlhotlheletsa kgololesego ya go akanya go tloga ka lekgolo la bo19 la dingwaga go ya pele, go itshokelana le kgololesego di ne di sa tlhole di tsewa e le phutso mme e ne e le masego.
Kgololesego e e Lekanyeditsweng
Le fa gone kgololesego e eletsega jaana, e lekanyeditswe. Puso e tlhoma melao e e kgoreletsang dikgololesego dingwe, ka seipato sa gore e dira gore batho botlhe ba nne le kgololesego e kgolwanyane. Dikgang tse di latelang ke dingwe tsa tse di amanang le kgololesego tse gompieno go buiwang thata ka tsone kwa dinageng di le dintsi tsa Yuropa: Melao e e tlhomilweng ke puso e tshwanetse go laola matshelo a batho go ya bokgakaleng bofe? E dira go le kana kang? E ama kgololesego jang?
Go ile ga buiwa thata ka kgangkgolo e e malebana le kgololesego ya setšhaba le ya batho mo metsweding ya tshedimosetso. Ditlhopha dingwe tsa bodumedi di ile tsa latofadiwa ka gore di tsenya megopolo e sele mo bathong, gore di jela batho madi, di sotla bana, tsa ba tsa latofadiwa le ka ditlolomolao tse dingwe tse dintsi, gantsi go se na bosupi jo bo tletseng. Metswedi ya dikgang e ile ya anamisa dikgang tse disha ka ditlhopha tse dipotlana tsa madumedi. Mafoko a a kgobotlang a a jaaka “lekoko le le belaetsang” kana “lekoko” jaanong a setse a dirisiwa letsatsi le letsatsi. Dipuso di ile tsa bo tsa ntsha manaane a makoko a go tweng a kotsi, a a belaetsa, ka gonne di gatelelwa ke dikgopolo tsa batho.
Fora ke naga e e ikgantshang thata ka gore e dirisa thulaganyo ya go itshokelana le gore mo go yone bodumedi le Puso ga di kopane. E ipolela ka go ikgantsha gore yone ke naga ya “Kgololesego, Tekatekano, Kutlwano.” Le fa go ntse jalo, go ya ka buka ya Freedom of Religion and Belief—A World Report, mo nageng eo go ile ga buelelwa “letsholo la thuto kwa dikolong la go nna kgatlhanong le mekgatlho e mesha ya bodumedi.” Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba akanya gore kgato eno e tla tsenya kgololesego ya bodumedi mo kotsing. Jang?
Kgololesego ya Bodumedi e mo Kotsing
Kgololesego ya mmatota ya bodumedi e nna gone fela fa ditlhopha tsotlhe tsa bodumedi tse di tlotlang molao le go o utlwa di tshwarwa ka go lekana ke Puso. Ga go a nna jalo fa Puso e swetsa ka boyone fela gore ke madumedi afe a e a tsayang e se bodumedi, ka go dira jalo e a tima melemo e Puso e e neelang madumedi a mangwe. “Kgopolo e e rategang thata ya kgololesego ya bodumedi ga e tlhole e na le mosola fa puso e itseetse mo matsogong tshwanelo ya go tlhomamisa ditumelo dingwe, jaaka e kete e ntsha dilaesense tsa bakgweetsi,” go ne ga bolela jalo makasine wa Time ka 1997. Bosheng jaana kgotlatshekelo nngwe ya boikuelo kwa Fora e ne ya bolela gore go dira jalo “go isa kwa pusong ya bobusaesi, e ka tswa beng ba yone ba lemoga kana ba sa lemoge.”
Dikgololesego tsa motheo le tsone di nna mo kotsing fa setlhopha se le sengwe fela se laola metswedi ya tshedimosetso. Ka maswabi, go ntse jalo mo dinageng di le dintsi. Ka sekai, fa mekgatlho e e kgatlhanong le makoko a a belaetsang e ne e leka go tlhalosa se se siameng mo bodumeding, e ile ya itira mosekisi, moatlhodi le setlhopha sa baagi se se dirang tshwetso mo kgetsing ya katlholo (jury), mme go tswa foo e ile ya leka go tsenya dikgopolo tsa yone tse di gobelelang mo bathong e dirisa metswedi ya tshedimosetso. Le fa go ntse jalo, jaaka lokwalodikgang lwa Fora lwa Le Monde lo ne lwa bolela, ka go dira jalo, ka dinako tse dingwe mekgatlho eno e bontsha “bolekoko jo e tshwanetseng ya bo e bo lwantsha mme e simolola mokgwa wa go ‘tsoma batho go ba bogisa.’” Lokwalodikgang lono lo ne lwa botsa jaana: “A go senya ditlhopha tse dipotlana tsa bodumedi leina, go go dirwang ke setšhaba . . . ga go tsenye dikgololesego tse di botlhokwa mo kotsing?” Martin Kriele, yo o nopotsweng mo makasineng wa Zeitschrift für Religionspsychologie (Makasine wa Thutatlhaloganyo ya Bodumedi) o ne a re: “Re tshwenngwa thata ke mokgwa ono wa go tsomana le makoko mangwe go a bogisa go feta jaaka re tshwenngwa ke bontsintsi jwa ‘se go tweng ke makoko le batho ba megopolo e e sa tshwaneng le ya ba bangwe.’ Ka tlhamalalo fela: Baagi ba ba utlwang molao ba tshwanetse go tlogelwa ka kagiso. Bodumedi le go nna le dikgopolo tse di rileng, di tshwanetse tsa nna ka kgololesego mme di nnele ruri ka kgololesego, tota le mo Jeremane.” A re tseyeng sekai se le sengwe.
“Baagi ba ba Tlhomang Sekao”—Ba Tsewa ba le Kotsi
Ke setlhopha sefe sa bodumedi se baeteledipele ba Katoliki ba neng ba bolela gore se “kotsi thata go feta makoko otlhe” jaaka go umakilwe mo lokwalodikgannyeng lo lo tumileng lwa ABC lwa Spain? O ka gakgamadiwa ke go itse gore lokwalodikgang lwa ABC lo ne lo bua ka Basupi ba ga Jehofa. A ditatofatso tse di dirilweng ka bone di theilwe mo motheong o o siameng le wa boammaaruri? Ela tlhoko dipolelo tse di latelang tse di tswang kwa metsweding mengwe:
“Basupi ba ruta batho go duela makgetho a bone ka boikanyegi, gore ba se ka ba nna le seabe mo dintweng kana mo go ipaakanyetseng go ya ntweng, gore ba se ka ba utswa mme, ka kakaretso, gore ba latele mofuta wa botshelo o fa o ne o ka amogelwa ke ba bangwe o ka tokafatsang maemo a batho a go nna mmogo.”—Sergio Albesano, Talento, November-December 1996.
“Go farologana le dipolelo tse di senyang leina tse di ileng tsa anamisiwa mo makgetlhong mangwe, ga ke bone [Basupi ba ga Jehofa] ba le kotsi ka tsela epe mo ditheong tsa Puso. Ke baagi ba ba ratang kagiso, ba ba dirang dilo ka tshwanelo, le ba ba tlotlang babusi.”—Motlatsamopalamente mongwe wa Belgium.
“Basupi ba ga Jehofa ba itsiwe e le batho ba ba ikanyegang thata kwa Federal Republic.”—Lokwalodikgang lwa Jeremane lwa Sindelfinger Zeitung.
“Motho a ka re [Basupi ba ga Jehofa] ke baagi ba ba tlhomang sekao. Ba duela makgetho ka metlha, ba tlhokomela balwetse, ba lwantshana le go sa rutega.”—Lokwalodikgang lwa United States lwa San Francisco Examiner.
“Basupi ba ga Jehofa ba atlega thata go gaisa maloko a ditumelo tse dingwe mo go bolokeng manyalo a bone a tshwaragane.”—American Ethnologist.
“Basupi ba ga Jehofa ke bangwe ba baagi ba ba thokgameng le ba ba tlhoafetseng thata mo dinageng tsa Afrika.”—Dr. Bryan Wilson wa Yunibesithi ya Oxford.
“Maloko a tumelo eo a ile a nna le seabe se se botlhokwa thata ka masomesome a dingwaga go atolosa kgololesego ya segakolodi.”—Nat Hentoff, Free Speech for Me—But Not for Thee.
“Ba . . . thusitse thata go boloka dilo dingwe tse di botlhokwa thata mo pusong ya rona ya batho ka batho.”—Moporofesa C. S. Braden, These Also Believe.
Jaaka dinopolo tse di fa godimo di bontsha, Basupi ba ga Jehofa ba itsiwe mo lefatsheng lotlhe e le baagi ba ba tlhomang sekao. Mo godimo ga moo, ba itsiwe ka tiro ya bone ya go ruta Baebele mahala le go rotloetsa maitsholo a mantle a lelapa. Ditlelase tsa bone tsa go ruta batho go bala le go kwala di thusitse makgolo a a dikete a batho, mme ditiro tsa bone tsa go direla ba bangwe molemo di thusitse diketekete tsa batho, segolobogolo mo Afrika.
Botlhokwa Jwa go Leba Dilo ka Tsela e di Leng ka Yone
Setšhaba se tletse ka batho ba ba boikepo ba ba jang ba ba se nang molato ntsoma. Ka gone, go tlhokega thata gore re ntshe matlho dinameng fa go tsenwa mo go se se buiwang ka bodumedi. Mme gone go siame go le kana kang, e bile go ka thusa jang go tlisa kgololesego ya bodumedi, fa bakwaladikgang bangwe, go na le gore ba botse batho ba ba nang le kitso e e boammaaruri, ba ikanya tshedimosetso e e tswang mo dikerekeng tse di bonang dipalo tsa tsone di fokotsega, kana e e tswang mo mekgatlhong e e kgatlhanong le makoko e mekgele ya yone e belaetsang? Lokwalodikgang lo lo neng lo bitsa Basupi ba ga Jehofa “lekoko le le kotsi go a gaisa otlhe,” lo ne lwa dumela, ka sekai, gore ditlhaloso tsa lone di tswa kwa go “bomankge ba Kereke [ya Katoliki].” Mo godimo ga moo, makasine mongwe wa Fora o ne wa bolela gore bontsi jwa ditlhogo tse di buang ka se go tweng ke makoko di tswa mo mekgatlhong e e kgatlhanong le makoko. A seo se utlwala e le tsela e e sa tlhaoleng gotlhelele ya go bona tshedimosetso e e boammaaruri?
Dikgotlatshekelo tsa boditšhabatšhaba le mekgatlho e e amegileng ka ditshwanelo tsa motheo tsa batho, e e jaaka lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, e bolela gore “pharologanyo fa gare ga bodumedi le lekoko ke ya maitirelo gore motho a ka e amogela.” Mme ke ka ntlha yang fa ba bangwe ba nnela go dirisa lefoko le le nyenyefatsang leno la “lekoko”? Ke selo se sengwe se se bontshang gore kgololesego ya bodumedi e mo kotsing. Ka jalo he, kgololesego eno e e botlhokwa e ka sirelediwa jang?
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 8]
Basireletsi ba Kgololesego ya Bodumedi
Boikuelo jo bo maatla jwa go nna le kgololesego ya bodumedi bo ne jwa dirwa ka ntlha ya dipolaano tsa ntwa ya bodumedi kwa Yuropa mo lekgolong la bo16 la dingwaga. Maikuelo ano a sa ntse a dira le jaanong fa go buiwa ka kgololesego ya bodumedi.
Sébastien Chateillon (1515-63): “Boikeodi ke eng? Ga ke bone sepe fa e se gore re tsaya baikeodi e le batho botlhe ba ba sa dumelaneng le rona ka kgopolo. . . . Fa o tsewa o le modumedi wa boammaaruri mo motseng ono kana mo kgaolong eno, mo go e nngwe o tla tsewa o le moikeodi.” Moranodi yo o tumileng wa Baebele ya Sefora e bile e le mosireletsi yo o nonofileng wa go itshokelana, Chateillon o ne a umaka nngwe ya dilo tsa konokono fa go ne go buisanngwa ka kgololesego ya bodumedi: Ke mang yo o tlhalosang gore moikeodi ke mang?
Dirck Volckertszoon Coornhert (1522-90): “Re bala gore mo nakong e e fetileng . . . tota le Keresete kwa Jerusalema mme go tswa foo le baswelatumelo ba le bantsi kwa Yuropa . . . ba ne ba tshwenya [batho] ka mafoko a bone a a boammaaruri. . . . Bokao jwa lefoko ‘tshwenya’ bo tshwanetse jwa tlhalosiwa sentle le ka mokgwa o o utlwalang.” Coornhert o ne a bolela gore go farologana ka bodumedi ga go a tshwanela go tsewa e le go senya kagiso ya setšhaba. O ne a botsa jaana: A batho ba ba utlwang molao ka kelotlhoko e bile ba o tlotla tota ba ka senya kagiso ya setšhaba?
Pierre de Belloy (1540-1611): Ke “boeleele go dumela gore go nna le ditumelo tse di farologaneng go tsosa tlhakatlhakano mo Pusong.” Belloy, moitsemolao wa kwa Fora fa a ne a kwala ka nako ya Dintwa Tsa Bodumedi (1562-98), o ne a bolela gore kutlwano ya Puso ga e a ikaega ka gore madumedi a tshwane, ntle le fa puso e ineetse go gatelelwa ke bodumedi.
Thomas Helwys (c. 1550-c. 1616): “Fa batho ba gagwe [ba kgosi] ba utlwa e bile ba ikanyega mo melaong yotlhe ya batho, ga ya tshwanela go batla sepe se se fetang seo mo go bone.” Helwys, mongwe wa basimolodi ba kereke ya English Baptists, o ne a kwala a batla gore Kereke le Puso di kgaogane, a kopa kgosi gore e dumelele kgololesego ya bodumedi mo dikerekeng le mo makokong otlhe le gore e kgotsofalele maatla a e nang le one a go busa batho le dithoto tsa bone. Dibuka tsa gagwe di ne di gatelela potso e e sa ntseng e bodiwa le gompieno: Puso e tshwanetse go laola bomoya jwa batho go ya bokgakaleng bofe?
Mokwadi mongwe yo o sa buiwang ka leina (1564): “Gore re nne le kgololesego ya segakolodi, ga go a lekana go letla motho go ithiba mo bodumeding jo a sa bo amogeleng fa, ka mo go tshwanang, a sa letlwe go latela jo a bo amogelang.”
[Ditshwantsho]
Tertullian
Chateillon
De Belloy
[Motswedi wa Setshwantsho]
All photos: © Cliché Bibliothèque Nationale de France, Paris