LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g99 3/8 ts. 12-13
  • “Loapi lo Tshwanetse Lwa bo lo Bulegile”!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Loapi lo Tshwanetse Lwa bo lo Bulegile”!
  • Tsogang!—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dibalunu Tsa Molelo le “Moya o o Kgonang go Tshwara Molelo”
  • Go Bonelwa Pele ga “Metšhine e e Senyang”
    Tsogang!—2007
  • Go Tlile Jang Gore go Nne le Sefofane?
    Tsogang!—1999
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1999
g99 3/8 ts. 12-13

“Loapi lo Tshwanetse Lwa bo lo Bulegile”!

RAHISITORI e bong Berthold Laufer o akgetse jaana mo bukeng ya The Prehistory of Aviation: “Motho o sa le a ntse a eletsa go fofa go tloga fela kwa tshimologong.” Dipego tsa ditlhamane tsa bogologolo tsa kwa Gerika, Egepeto, Asiria le kwa Botlhaba di na le dinoolwane tse dintsi tse di kaga dikgosi, medimo le bagaka ba ba neng ba leka go dirisa maatla a go fofa. Mo e ka nnang mo mafelong ano otlhe, dikgang tsa tsone di akaretsa banna ba ba neng ba etsa tsela e dinonyane di fofang ka yone.

Ka sekai, Ba-China ba bolela ka Mmusimogolo Shun yo o botlhale le yo o bopelokgale, yo go bolelwang gore o ne a tshela dingwaga di le 2 000 pele ga botsalo jwa Jesu Keresete. Tlhamane eno e bolela gore Shun o ne a iphitlhela a thibeletswe mo godimo ga sefala se se neng se tuka, a apara diphuka mme a kgona go falola ka go fofa. Pego e nngwe e bolela gore o ne a tlola go tswa mo godimo ga kago e e kwa godimo mme a dirisa dihutshe tse pedi tse dikgolo tsa lotlhaka gore a fologele kwa tlase ka iketlo ka tsone a bolokesegile.

Mo Bagerikeng go na le tlhamane nngwe ya bogologolo e e nang le dingwaga di le 3 000 ya ga Daedalus, yo e neng e le motaki le motlhami yo mogolo, yo o neng a dira diphuka ka mafofa, a di tshopelela mmogo a ba a di tshasa boka e le gore ene le morwawe e bong Icarus ba kgone go tswa ba tshabe mo Kereta, kwa ba neng ba le batshwarwa gone. Daedalus o ne a bolela jaana: “Loapi lo tshwanetse lwa bo lo bulegile mme ke gone kwa re tla yang teng.” Kwa tshimologong, diphuka tseno di ne tsa dira sentle kwantle ga mathata. Mme Icarus, ka a ne a kgatlhilwe ke gore a bo a ne a kgona go fofela kwa godimo kwa magodimong, o ne a fofela kwa godimo thata go fitlha mogote wa letsatsi o gakolosa boka jo bo neng bo tshwarisitse diphuka tsa gagwe. Mosimane yono o ne a thabuela mo lewatleng le le neng le le kwa tlase mme a swa.

Dikgang tse di ntseng jalo, di ne tsa dira gore batlhami le borafilosofi ba ba neng ba eletsa go fofa ka mmatota ba leke go akanyetsa kwa teng. Bogologolo kwa mo lekgolong la boraro la dingwaga C.E., Ba-China ba ne ba aga le go lekeletsa ka dikhaete, ba bontsha gore ba tlhaloganya melaometheo mengwe ya go fofa le pele ga seno se simolola go lekelediwa kwa Yuropa. Mo lekgolong la bo15 la dingwaga, Giovanni da Fontana e bong ngaka ya kwa Venetia, o ne a lekeletsa ka go dira dirokete tse di motlhofo tsa logong le pampiri tse di neng di fofisiwa ka go thunya ga mosidi wa tlhobolo. Da Fontana o ne a kwala jaana mo e ka nnang ka 1420: “Ruri ga ke belaele gore go a kgonega go tsenya motho diphuka tsa maitirelo, tse a tla kgonang go fofela mo moyeng ka tsone mme a tsamaye mafelo a a farologaneng a ba a pagame kwa dikagong tse di kwa godimo le go kgabaganya metsi.”

Mo masimologong a lekgolo la bo16 la dingwaga, Leonardo da Vinci yo e neng e le motaki, mmetli le moenjenere yo o setswerere wa go thula, o ne a dira ditshwantsho tse di sa reng sepe tsa dihelikopotara le dipharatšhutu mmogo le dithalamoweng tse di nang le diphuka tse di phaphaselang. Bosupi jo bo teng bo bontsha gore o ne a aga mefuta mengwe ya difofane tse a neng a dirile ditshwantsho tsa tsone. Le fa go ntse jalo, ga go na ope wa mefuta e da Vinci a neng a e tlhamile o o neng wa dirwa.

Mo makgolong a mabedi a dingwaga a a neng a latela go ne ga utlwiwa dipego tse di farologaneng tsa banna ba ba pelokgale ba ba neng ba itsenya diphuka tsa maitirelo mo mebeleng ya bone mme ba bo ba leka go phaphasela ka tsone ba ntse ba tlolatlola mo dithotaneng le mo dikagong tse di kwa godimo. “Bafofi ba ba lekeletsang” bano ba bogologolo e ne e le lotsalo lo lo pelokgale le lo lo ratang go itsenya mo kotsing—mme maiteko a bone ga a ka a atlega le e seng.

Dibalunu Tsa Molelo le “Moya o o Kgonang go Tshwara Molelo”

Ka 1783 dikgang kaga dilo tse di jesang kgakge tse di fitlheletsweng mo mererong ya tsa go fofa di ne tsa anama mo Paris yotlhe le kwa diporofensing tsa Fora. Barwarraamotho ba babedi e bong Joseph-Michel le Jacques-Étienne Montgolfier, ba ne ba lemoga gore ba ka kgona go fofisetsa dibalunu tse dinnye tse di dirilweng ka pampiri kwa loaping ka bonako le ka thelelo ka go di budulela moya o o fisang. Balunu ya bone ya ntlha e kgolo ya molelo, jaaka e ne e bidiwa, e ne e dirilwe ka pampiri le letsela mme e ne e buduletswe mosi o o nkgang bosula thata wa molelo o mogolo. Balunu eno e e neng e itsamaisa e ne ya tlhatloga dimetara tse di fetang di le 1 800 fa e ne e isiwa kwa godimo lekgetlho la ntlha. Ka November 21, 1783, balunu eno e ne e pagangwe ke batho ba babedi—ba ba neng ba bidiwa basutlhalefaufau—mo loetong lwa metsotso e le 25 e fofa mo godimo ga Paris. Mo go one ngwaga oo, motlhami yo mongwe gape e bong Jacques Charles o ne a ribolola balunu ya ntlha e e dirang ka gase, e e neng e buduletswe haeterojene kana “moya o o tukang,” jaaka e ne e itsiwe ka nako eo.

Fa boranyane jono jwa saense ya balunu bo ntse bo tokafala, loapi lo ne lwa simolola go “bulega” ka bonako mo basutlhalefaufaung bano ba ba ratang go lekeletsa dilo. Ka 1784, dibalunu di ne di tlhatloga bogodimo jo bo fetang dimetara di le 3 400. Ngwaga fela morago ga moo, Jean-Pierre-François Blanchard o ne a kgona go kgabaganya English Channel ka katlego ka balunu ya haeterojene e rwele makwalo a ntlhantlha mo lefatsheng a go romelwa ka sefofane (airmail). Ka 1862, basutlhalefaufau ba ne ba ile ba tsaya maeto go kgabaganya Yuropa le go ralala United States mme ba ne ba kgona go fitlhela bogodimo jwa dikilometara tse di fetang di le robedi!

Mme basutlhalefaufau bano ba bogologolo ba ne ba sa ntse ba laolwa gotlhelele ke diphefo; go ne go se na tsela e nngwe e ba neng ba ka kgona go laola balunu e e fofang gore e ye ntlheng efe kana gore e tsamaye ka lobelo lo lo kanakang. Go tlhamiwa ga difofane tse di tsamaisiwang ka peterolo le motlakase tsa mo bofelong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga go ne ga dira gore go tsamaya ka sefofane e nne selo se se kgonegang go feta pele, mme le fa go ntse jalo difofane tseno tse e neng e kete ke boroso di ne di tsamaya ka bonya thata—gantsi di tsamaya ka lobelo lwa magareng ga dikilometara di le 10 le di le 30 ka ura. Go ne go tlhokega mokgwa o mosha fa e le gore motho o ne a tla kgona go “tlhatlogela kwa moyeng mme a tsamaye mafelo a a farologaneng,” jaaka da Fontana a boleletsepele.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Daedalus le Icarus ba ditlhamane

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Leonardo da Vinci

[Motswedi wa Setshwantsho]

From the book Leonardo da Vinci, 1898

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

BooraMontgolfier ba ne ba tlhama balunu ya ntlha e e rwalang batho e e tletseng moya o o fisang

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela