LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g99 3/8 ts. 14-17
  • Go Tlile Jang Gore go Nne le Sefofane?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlile Jang Gore go Nne le Sefofane?
  • Tsogang!—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Difofane Ga di Na Isagwe mo go Tsa Kgwebo?
  • Di Ama Lefatshe
  • Ditlamorago Tsa Kgatelopele
  • Keletso ya go Tsamaya ka Sefofane
    Tsogang!—1999
  • Difofane di Bolokesegile go le Kana Kang?
    Tsogang!—1999
  • Thulaganyo ya go Kaela Difofane—E Thusa Jang Gore o Nne o Babalesegile?
    Tsogang!—2008
  • Go Fofisa Enjene
    Tsogang!—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1999
g99 3/8 ts. 14-17

Go Tlile Jang Gore go Nne le Sefofane?

GO TLILE jang gore kgabagare batlhami ba kgone go dira difofane tse di kgonang go fofa mo moyeng? Ba ne ba boela gape ba ela tlhoko ditswerere tsa go fofa—e leng dinonyane. Ka 1889 moenjenere wa kwa Jeremane yo o bidiwang Otto Lilienthal, ka a ne a kgatlhilwe thata ke mokgwa o megolodi e fofang ka one, o ne a gatisa “Go Fofa ga Nonyane e le Motheo wa Tsela e Difofane di Fofang ka Yone.” Dingwaga di le pedi moragonyana o ne a aga sethalamoweng sa gagwe sa ntlha se se sa raraanang. Ka 1896, morago ga go fofa ka sethalamoweng makgetlho a ka nna 2 000, Lilienthal o ne a swa fa a ne a lekeletsa ka sefofane sengwe se se nang le diphuka tse pedi. Octave Chanute, moenjenere wa kwa Amerika yo o tsaletsweng kwa Fora, o ne a tswelela pele mo go se Lilienthal a se simolotseng mme a dira sethalamoweng sa diphuka di le nnè se gape se neng se bontsha kgatelopele e e tlhomologileng mo go tlhamiweng ga difofane.

Morago ga moo ga latela boorraWright. Beng ba lebentlele la dibaesekele kwa Dayton kwa Ohio, U.S.A., e bong Orville le Wilbur Wright ba ne ba dira maiteko a bone a ntlha a go dira sethalamoweng sa bone ka 1900, ba oketsa mo go se se dirilweng ke Lilienthal le Chanute. BooraWright ba ne ba dira ba iketlile mme e le ka tsela e e rulagantsweng sentle mo dingwageng di le tharo tse di neng tsa latela, ba ntse ba lekeletsa go fofa ka makgetlho a mantsinyana kwa Kitty Hawk kwa North Carolina. Ba ne ba tlhama mefuta e mesha ba dirisa diphaepe tsa moya, mme ya ntlha e ba neng ba itirela yone ba ne ba e dira ka lebokoso la setatšhe sa go tlhatswa diaparo. Go dira sefofane sa bone sa ntlha sa enjene, ba ne ba itirela enjene e e nang le disilindara di le nnè, ya maatla a di-horsepower di le 12 mme ba e pega mo lefukeng le le kwa tlasenyana la sefofane se sesha. Enjene eno e ne e fetlha mafetlho a mabedi a a dirilweng ka logong, lefetlho le le lengwe mo letlhakoreng lengwe le lengwe la selaolasefofane se se kwa morago.

Ka December 14, 1903, sefofane se sesha se se tlhamilweng ke booraWright se ne sa tloga ka lekgetlho la ntlha mo godimo ga logong lo se neng se ntse se direlwa mo go lone—mme sa nna jalo mo moweng ka metsotswana e ka nna meraro le sephatlo! Malatsi a le mararo morago ga moo banna bano ba ne ba fofisa motšhine ono gape. Kgabagare o ne wa nna jalo mo moweng mo e ka nnang sebaka sa motsotso o o tletseng mme wa tsamaya sekgala sa dimetara di le 260. Ba ne ba kgonne go dira sefofane.a

Se se gakgamatsang ke gore go ne go se na ope yo o elang tlhoko phitlhelelo eno. Fa kgabagare The New York Times e kwala kgang nngwe kaga booraWright ka January 1906, e ne ya bolela gore “motšhini o o fofang” wa bone o ne o diretswe mo sephiring tota le gore banna bano ba ne ba “kgonne go o fofisa go le gonnye fela mo moyeng” ka 1903. Boammaaruri ke gore Orville o ne a romelela rragwe thelekerama mo go jone bosigo joo jwa ditiragalo, a mo kopa gore a itsise babegadikgang. Le fa go ntse jalo, e ne ya nna makwalodikgang a le mararo fela kwa United States a a neng a gatisa kgang eo ka nako eo.

A Difofane Ga di Na Isagwe mo go Tsa Kgwebo?

Lefatshe ka kakaretso le ne le sa tshepe difofane fa di sa ntse di simolola. Le e leng Chanute, mongwe wa batlhami ba difofane yo o neng a itsege thata, o ne a bolelela pele jaana ka 1910: “Go ya ka bomankge ba ba ditswerere ga go thuse sepe go lebelela gore difofane di tla tsamaya di nna le isagwe mo go tsa kgwebo. Ga di kgone go rwala dilo tse dintsi go le kalo e bile di tla nna di ntse di sa kgone jalo e leng selo se se tla dirang gore di se ka tsa dirisiwa go pega batho kana dithoto.”

Le fa go ntse jalo, boranyane jwa saense mo go tsa difofane bo ne jwa gatela pele thata mo dingwageng tse di neng tsa latela morago ga go fofa ga ntlha ga booraWright. Mo dingwageng di le tlhano banna bano ba ne ba dirile sefofane sa diphuka di le nnè se se pagamisang batho ba le babedi se se neng se kgona go taboga ka lobelo lwa dikilometara di le 71 ka ura mme se fofa bogodimo jwa dimetara di le 43. Ka 1911 go ne ga tsamaiwa lekgetlho la ntlha ka sefofane kwa United States go kgabaganya kontinente; loeto lwa go tloga kwa New York go ya kwa California lo ne lwa tsaya mo e ka nnang malatsi a le 49! Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I lobelo lwa difofane lo ne lwa okediwa go tswa go dikilometara di le 100 ka ura go ya go dikilometara di le 230 ka ura. Mme di ne di kgona go tlhatloga bogodimo jwa dimetara di le 9 000.

Direkoto tsa go fofa di ne tsa tswelela go tlhagelela thata mo ditlhogong tsa dikgang ka bo1920. Masole a mabedi a kwa Amerika a ne a kgabaganya United States ka sefofane ka lekgetlho la ntlha ba sa eme ka 1923, ba tswa mo lotshitshing lo longwe go ya go lo longwe ka diura tse di kafa tlase ga di le 27. Dingwaga di le nnè moragonyana Charles A. Lindbergh o ne a tuma ka bonako ka go fofa ka sefofane a sa eme go tswa New York go ya Paris ka diura di le 33 le metsotso e le 20.

Kgabagare, mekgwa e e neng e sa ntse e simolola ya go fofa mo go tsa kgwebo e ne ya simolola go ngoka badirisi. Mo bofelong jwa 1939, go tsamaya ka sefofane go ne go setse go fitlhile mo goreng dithulaganyo tsa go tsamaya ka difofane kwa United States di ne di dirisiwa go thusa batho ba ka nna dimilione di le tharo ngwaga le ngwaga. Sefofane se se neng se dirisiwa thata mo bofelong jwa bo1930 e bong DC-3, se ne se rwala bapagami ba le 21 fela mme se fofa ka lobelo lwa dikilometara di le 270 ka ura; mme morago ga Ntwa ya Lefatshe II, difofane tsa kgwebo di ne tsa nna dikgolo thata e bile di le maatla, di kgona go fofa ka lobelo lwa dikilometara di le 480 ka ura. Ka 1952 Boritane e ne ya simolola go dirisa sefofane sa kgwebo sa turbojet. Mme difofane tsa jumbo jet, tse di jaaka se se pagamisang batho ba le 400 sa Boeing 747, di ne tsa simolola go nna teng ka 1970.

Ka 1976 go ne ga fitlhelelwa sengwe gape fa setlhopha sa baenjenere ba kwa Boritane le ba kwa Fora ba ne ba dira Concorde, sefofane sa jete sa diphuka tse di khutlotharo se se kgonang go pega batho ba le 100 mme se kgona go fofa ka lobelo lwa modumo wa sone o menagane sebedi—dikilometara tse di fetang 2 300 ka ura. Mme ka gonne go tsamaisa difofane tseno tsa kgwebo tse di fofang ka lobelo lo logolo thata go ja madi a mantsi thata, seno se dira gore di se ke tsa dirisiwa thata.

Di Ama Lefatshe

Le e leng le fa o ise o ko o pagame sefofane, go ka direga gore botshelo jwa gago bo ne jwa amiwa ka tsela nngwe fela ke dikgatelopele tseno tse di dirilweng mo boranyaneng jwa saense. Dithoto di romelwa ka difofane mo lefatsheng lotlhe; gantsi dijo tse re di jang, diaparo tse re di aparang le metšhine e re e dirisang kwa tirong kana kwa gae e ne ya tsamaisiwa ka sefofane go tswa karolong e nngwe ya lewatle go ya kwa go e nngwe, kana go tswa karolong e nngwe ya kontinente go ya kwa go e nngwe. Makwalo le diphuthelwana di tsamaisiwa ka bonako thata go tswa nageng e nngwe go ya kwa go e nngwe go dirisiwa difofane. Dikgwebo di ikaegile thata ka ditirelo tsa difofane tse di tsamaisang dilwana tsa bone gore ba kgone go dira dilo tsa bone tsa kgwebo tsa letsatsi le letsatsi. Dithoto le ditirelo tse re nang le tsone le ditlhwatlhwa tse re di duelelang tsotlhe fela di laolwa ke bokgoni jwa motho jwa go fofa.

Gape difofane di dirile gore go nne le diphetogo tse dikgolo mo setšhabeng. Kwantle ga pelaelo, ka ntlha ya difofane, lefatshe jaanong e setse e le selo se sennye thata. Mo diureng di le mmalwa fela, o ka nna gongwe le gongwe mo lefatsheng—fa o na le gone. Dikgang di tsamaya ka lobelo lo logolo thata, mme le batho.

Ditlamorago Tsa Kgatelopele

Mme kgatelopele e e ntseng jalo e na le ditlamorago tsa yone. E re ka pharakano e ntse e oketsega mo moyeng, ba bangwe ba boifa gore loapi lo setse lo le kotsi thata. Ngwaga le ngwaga batho ba bantsi ba bolawa ke go thulana ga difofane tsa batho le tsa kgwebo. Makasine wa Fortune o bolela jaana: “Ka ntlha ya go gatelelwa ke mowa wa kgaisano, difofane tse dintsi di itlhokomolosa ditekanyetso tsa pabalesego tse di neng di di latela ka metlha fa di kgona go duedisa bapagami ditshenyegelo tse di oketsegileng.” Makasine ono o begile gore Federal Aviation Administration e e neetsweng boikarabelo jwa go tlhomamisa pabalesego ya mo moyeng kwa United States “ga e na madi a a lekaneng, ga e na badiri ba ba lekaneng e bile ga e tsamaisiwe sentle.”

Mo godimo ga moo, palo e e ntseng e oketsega ya baithutatikologo e amegile thata ka kgotlelo ya moya le ya leratla tse di ntseng di oketsega tse di bakwang ke pharakano e e ntseng e oketsega ya difofane tsa jete. Makasine wa Aviation Week & Space Technology o boletse gore go berekana le mathata a leratla ke “nngwe ya dikgang tse go ngangisanwang thata ka tsone mo mekgatlhong ya difofane ya lefatshe lotlhe.”

Mathata ano a gakatswa ke gore difofane tse di dirisiwang ke mekgatlho mengwe di a tsofala: Ka 1990, go ne ga fitlhelwa gore sefofane se le 1 mo go di le 4 kwa United States se na le dingwaga di feta 20, mme nngwetharong ya tsone e setse e dirisitswe thata go feta “se e beetsweng gore e dirisediwe sone” jaaka se rulagantswe kwa tshimologong ke badiri ba sone.

Ka jalo, baenjenere ba difofane jaanong ba lebane le dikgwetlho tse di boitshegang. Ba tshwanetse go tlhama ditsela tse di babalesegileng le tse di tlhwatlhwatlase tsa go rwala bapagami ba ba oketsegileng, jaaka fa ditlhwatlhwa di ntse di oketsega mme mathata a tikologo le one a ntse a oketsega.

Go setse go simolotswe ditsela dingwe tsa go fokotsa ditshenyegelo. Jim Erickson fa a kwala mo go Asiaweek, o bolela gore setlhopha se se kopaneng sa Bafora le sa Baboritane sa Aerospatiale le sa British Aerospace se rulagantse go dira sefofane se se kgonang go rwala bapagami ba ka nna 300 mme se taboge ka lobelo lo lo fetang lwa go duma ga sone ka makgetlo a le mabedi. Se tla ja madi a kwa tlase mo mopagaming mongwe le mongwe e bile ga se ne se tlhoka lookwane lo lontsi. Mme ka ntlha ya go kgotlhagana ga difofane kwa maemeladifofaneng a mantsi, batho bangwe ba ba akanyetsang dilo kwa pele mo go tsa madirelo ba akantshitse gore go dirwe mofuta o mosha wa dihelikopotara tse dikgolo thata tsa bapagami ba ba sa tseyeng loeto lo loleele—e nngwe le nngwe ya tsone e tla kgonang go rwala bapagami ba le 100. Ba dumela gore letsatsi lengwe difofane tseno di tla rwala bontsi jwa batho ba ba tsayang maeto a makhutshwane ba gone jaanong ba rwalwang ke difofane tse dikgolo.

A dihelikopotara tse dikgolo tseno le difofane tse di tabogang ka lobelo lo logolo eleruri di ka kgona go rarabolola mathata a a potlakileng a madirelo a difofane mo dingwageng tse di tla latelang? Re tla bona fa nako e ntse e ile fa motho a ntse a gatela pele mo go ‘buleng loapi’ gore batho ba kgone go fofa mo go lone.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bangwe ba bolela gore ka 1901, Gustave Whitehead (Weisskopf), motswakwa wa kwa Jeremane yo o neng a nna kwa Connecticut kwa U.S.A., le ene o ne a fofisa sefofane se a neng a se tlhamile. Le fa go ntse jalo, ga go na dinepe tse di supelang magatwe ano.

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Otto Lilienthal, mo e ka nnang ka 1891

[Motswedi wa Setshwantsho]

Library of Congress/Corbis

[Ditshwantsho mo go tsebe 14, 15]

Charles A. Lindbergh fa a ne a goroga kwa Lontone morago ga go fofa go kgabaganya lewatle la Atlantic go ya kwa Paris ka 1927

[Motswedi wa Setshwantsho]

Corbis-Bettmann

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Sefofane sa Sopwith Camel, ka 1917

[Motswedi wa Setshwantsho]

Museum of Flight/Corbis

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Sefofane sa DC-3, ka 1935

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photograph courtesy of Boeing Aircraft Company

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Mokorwana o o fofang wa Sikorsky S-43, ka 1937

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Helikopotara ya phalotso ya Masole a mo Lewatleng

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Sefofane sa Pitts, se se tshwanang le sa ga Samson

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Concorde e ne ya simolola go rulaganyediwa go tsaya maeto a go fofa ka 1976

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Airbus A300

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Fa sesutlhalefaufau seno se sena go dirwa gape, se ne se kgona go taboga ka lobelo lo logolo thata

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

“Rutan VariEze,” ka 1978

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela