Thulaganyo ya go Kaela Difofane—E Thusa Jang Gore o Nne o Babalesegile?
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA PHILIPPINES
FA O ntse o le mo sefofaneng, a o kile wa ipotsa gore mokgweetsi o thusiwa ke eng gore a itse kwa a yang teng? Gongwe o ile wa ikutlwa o sa gololesega fa o ntse o akanya ka difofane tse dintsintsi tse di yang kwa dikarolong tse di farologaneng mo lefaufaung ka nako e le nngwe. Go tla jang gore di se ka tsa thulana?
Go a tshwanela gore batho ba ba tsamayang ka difofane ba ipotse dipotso tse di ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, dipalopalo di bontsha gore go tsamaya ka sefofane go babalesegile,a tota e bile go babalesegile go feta go tsamaya ka sethuthuthu kgotsa koloi. Selo se se thusang gore difofane di bo di babalesegile jaana ke thulaganyo e e di kaelang.
Kafa Sefofane sa Gago se Kaelwang ka Pabalesego ka Teng
Kapotene kgotsa mokgweetsi wa sefofane, ke ene yo thatathata a ikarabelelang gore sefofane se tsamaye ka pabalesego. Le fa go ntse jalo, go na le makgetlho a mantsi a ka one a sa kgoneng go bona difofane tse dingwe tse di tsamayang go mo dikologa mme e bile a sa itse le gore di teng. Ka ntlha ya seno, dinaga di le dintsi di na le thulaganyo e e kaelang difofane. Batho ba ba berekang fa fatshe ba nna ba etse tlhoko sengwe le sengwe se se diragalang ka difofane ba dirisa sedirisiwa se se laolang difofane.
Samuel, yo ka dingwaga di le 13 e nnileng mokaedi wa difofane, a re: “Baitse ba thulaganyo ya go laola difofane ba na le seabe se se botlhokwa mo go direng gore difofane di nne di babalesegile. Selo se se tlang pele ke go dira gore difofane di tsamaye ka ditsela tse di farologaneng.” Melba, mookamedi wa difofane, o re neela tlhaloso e e oketsegileng, “Selo sa ntlha le se se botlhokwa thata ke gore sefofane se bo se babalesegile, mme mo godimo ga pabalesego re tlhokomela gore difofane di tsamaye ka bonako le ka thulaganyo.” Ka jalo, mo godimo ga go thusa gore difofane di se ka tsa thulana, bakaedi ba difofane ba thusa gore di nne di tsamaye.
Seno sotlhe se kaya gore le fa mokgweetsi wa sefofane a ntse a diragatsa maikarabelo a gagwe a go kgweetsa, go na le batho ba le bantsi fa fatshe ba ba lebeletseng le go reetsa gore sefofane se tsamaya jang. Mokgweetsi wa sefofane ga a bue fela ka radio ka dinako tsotlhe le bakaedi ba difofane ba lefelo le a tswang mo go lone le le a yang kwa go lone, mme gape o bua le ba ba kwa mafelong a a farologaneng a a mo magareng.
Go botlhokwa thata gore bakaedi ba nne ba lebeletse se mokgweetsi wa sefofane a sa kgoneng go se bona, bogolo jang mo nakong eno e difofane di tsamayang ka lobelo lo logolo ka yone. Akanya ka difofane tse pedi tse di dirisediwang go dira kgwebo di tla di lebane. Ka nako ya fa bakgweetsi ba tsone ba bonana, go tla bo go setse metsotswana fela gore ba tile go thulana! Ke maikarabelo a bakaedi ba difofane go thibela gore seo se se ka sa direga. Pele ga bakgweetsi ba difofane ba ka kgona go bonana, ba tla bo ba setse ba amogetse ditaelo tse di tswang kwa bakaeding ba difofane tse di tla ba thusang gore mongwe le mongwe a tsamaele sekgala se se babalesegileng go tswa fa go yo mongwe.
Go Sala Sefofane sa Gago Morago
Sedirisiwa se se kaelang sa radio se se dirisiwang ke bakaedi ba ba fa fatshe se romela matshwao a a kaelang sefofane. Mokgweetsi wa sefofane o na le didirisiwa tse di kgonang go tshwara matshwao ao, mme di kgona go mmolelela gore o tsamaya fa kae. E re ka didirisiwa tse di romelang matshwao ao di le mo mafelong a a kgethegileng, difofane di tsamaya go tswa mo lefelong le le rileng go ya go le lengwe go fitlha di goroga kwa di yang gone. Mme e bile, didirisiwa tseno tse di thusang go kaela sefofane di dirile ditselana tse di kgethegileng tsa sefofane.
Bakaedi ba sala difofane morago mo ditselaneng tseno. Pele sefofane se ka tloga, bakgweetsi ba tshwanetse go tlatsa foromo ya thulaganyo ya mosepele e e bontshang gore ba ya kae. Mokaedi o nna le khopi ya se go tweng ke foromo ya tshedimosetso ya mosepele. Salvador Rafael, mookamedi wa bakaedi ba difofane, o tlhalosa kafa seno se thusang ka teng jaana: “Go na le mafelo a ditselana tsa difofane di kopanang mo go one. Fa mokgweetsi wa sefofane a fitlha mo makopanelong a ditsela tseo, o tshwanetse go begela mokaedi wa sefofane. Mme ene o tla tshwaya seo mo foromong ya gagwe ya tshedimosetso ya mosepele.” Mme jaanong mokaedi yono wa sefofane o tla bo a itse sentle gore sefofane seo se tsamaya kae.
Go bona dipego tseo, mokaedi o na le sedirisiwa se sengwe e leng radio. O itse gore sefofane se fa kae mme mokgweetsi wa sefofane o amogela ditaelo tse di mo thusang gore a tsamaele mo sekgaleng se se babalesegileng go tswa mo sefofaneng se sengwe. Gantsi bakaedi le bakgweetsi ba na le diradio di le mmalwa. Fa e nngwe e sa bereke, ba ka kgona go dirisa e nngwe.
Go tweng ka difofane tse di yang kwa dinageng di sele kwa go buiwang dipuo di sele gone? Go tila dikotsi tse di ka diregang ka ntlha ya go sa tlhaloganyane, Mokgatlho o o Laolang Difofane wa Lefatshe Lotlhe o ile wa tlhopha Seesemane go nna yone puo e e tla dirisiwang mo go tsa difofane. Mme gape, e re ka mafoko a a rileng, ditlhaka le dinomoro di utlwala di tshwana fa di buiwa mo radiong, bakaedi ba difofane ba rutiwa mafoko a a rileng a a dirisiwang le tsela ya go bitsa mafoko a a dirisiwang fa ba neela mokgweetsi ditaelo. Go oketsa pabalesego le go feta, bakgweetsi ba kopiwa go “bala gape,” kgotsa go boeletsa ditaelo tse di rileng tse ba di fiwang ke bakaedi.
Radara ke sedirisiwa se sengwe se bakaedi ba se dirisang. Makhubu a radio a a tswang mo difofaneng a tshwarwa ke eriele ya radara. Mme difofane di tla bo di bonala mo sekirining sa radara ya mokaedi jaaka dilo tse di tlang kgotsa tse di ka nnang mo kotsing. Difofane di le dintsi di na le sedirisiwa se se fetisetsang molaetsa mo erieleng ya radara go ntsha lotshwao lo lo supang sefofane. Fa lotshwao lono lo kopanngwa le tshedimosetso e e mo khomputareng, sefofane se tla bonala mo sekirineng, se feletse ka nomoro ya sone, lobelo lo se tsamayang ka lone, bogodimo jo se leng mo go jone le gore ke mofuta ofe wa sefofane.
Fa mokaedi a bona gore go tlhokega gore sefofane se sute mo tseleng gore se se ka sa thulana le se sengwe, o na le ditsela di le mmalwa tse a ka dirang jalo ka tsone. A ka nna a laela mokgweetsi gore a fetole (1) tsela, e a yang kwa go yone. Kgotsa a ka nna a mo laela go fetola (2) lobelo fa ka sekai, sefofane se sengwe se feta se sengwe. Tsela e e tlwaelegileng e a ka e dirisang go dira gore difofane di tsamaye ka ditsela tse di sa tshwaneng ke go laela gore di fetole (3) bogodimo jo di tsamayang ka jone.
E le go oketsa pabalesego ya difofane, go na le dithulaganyo tse dintsi tsa diradara tse di ka kgonang go tsibosa mokaedi fa go lebega go ka nna le kotsi. Ka sekai, dialamo tse di ntshang matshwao le tse di dirang modumo di a tshuba fa di bona gore difofane tse pedi di atamalane thata. Alamo e nngwe e tla lela fa go bonala go na le sefofane se se fofelang kwa tlase thata.
Boikaelelo—Pabalesego ya Gago
Go setse go dirilwe dithulaganyo tsa go tokafatsa thulaganyo e e kaelang difofane. Gantsi dithulaganyo tsa kaelo tse di leng fa fatshe di tlhoka gore sefofane se bo se tsamaya mo ditseleng tse di rileng fela le bogodimo jo bo rileng. Seno se dira gore go nne le mafelo a mantsi a difofane di ka tsamayang mo go one a a sa dirisiweng le gore ditsela tse difofane di tsamayang ka tsone di nne di telele. Mesepele ya difofane ya mo isagweng e tla ikaega thata ka dithulaganyo tsa sathalaete tse di jaaka Global Positioning System, e e tla letlang difofane go tsamaya mo ditseleng tse di oketsegileng mme seno se tla dira gore difofane tse di ralalang mawatle di kgone go laolwa motlhofo.
Tlhaloso ya rona e khutshwane ya thulaganyo ya kaelo ya difofane e ile ya bontsha gore, mokgweetsi wa gago wa sefofane ga se ene fela yo o itseng gore sefofane sa lona se tsamaya fa kae ka nako e e rileng. Tota e bile, batho ba bangwe ba le mmalwa fa fatshe ba laola tsela e sefofane sa lona se tsamayang ka yone. Thulaganyo eno e ile ya tlhomiwa gore e fokotse dikotsi le go oketsa pabalesego. Ga go gakgamatse go bo palo ya dikotsi tsa difofane e ile kwa tlase jaana!
Ka jalo, fa e le gore o mopalami mo sefofaneng, ga o na lebaka la go tshoga. Mo nakong e e tlang fa o tsaya loeto lo loleele ka sefofane, gakologelwa gore batho ba ba lebileng le ba ba reeditseng mo thulaganyong ya kaelo ya difofane ba podimatseba gore o nne o babalesegile. Gololesega, o nne kwa ga mothakga, mme o itumelele mosepele o o monate wa sefofane!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mo ngwageng mongwe wa bosheng jaana kwa United States, difofane di ne tsa tsamaya sekgala sa dikilometara di le dibilione di le 11 mme go ne go na le palogare ya kotsi e le nngwe fela mo diureng dingwe le dingwe di le 334 448 tse di tsamailweng.
[Setshwantsho se se radilweng 14, 15]
(Go bona mokwalo o o feletseng bona kgatiso)
GO SALA SEFOFANE SA GAGO MORAGO
Thulaganyo ya kaela difofane
Sedirisiwa se se kaelang sa radio se se leng fa fatshe
Radio
Eriele ya radara
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Tora ya thulaganyo ya kaelo ya difofane
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Bakaedi ba difofane
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Setheo sa thulaganyo ya kaelo ya difofane
[Motswedi wa Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Tower and controllers: NASA Ames Research Center; control center: U. S. Federal Aviation Administration