Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
◼ Baengele ke meya, e e senang mebele e e bonalang, ka jalo ke ka ntlha yang fa lo ba tshwantsha ba na le diphuka? A seno ke ngwao fela ya bodumedi?
Gantsi re tshwantsha baengele ba na le diphuka ka ntlha ya ditlhaloso tsa tshwantshetso tse di bonwang mo Bibeleng.
O buile sentle fa o re dibopiwa tsa semoya ga di na mebele e e bonalang le diphuka—kana difatlhego, diatla, maoto, kana dikarolo tse dingwe tsa mmele. Lefa go le jalo, ka dinako dingwe, fa baengele ba ne ba itlhagisa mo batlhankeng ba Modimo, ba tshwanetse ba bo ba ne ba lebega jaaka batho fela ba ba tlwaelegileng, ka go bo ba ne ba tsewa jalo.—Genesise 18:2, 22; 19:1; Baatlhodi 6:11-22.
Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, batho ba ne ba tle ba bone baengele mo diponatshegelong ba bo ba bua ka tsone ba di tlhalosa. Moperofeti Esekiele o ne a bona “ditshedi di le nnè,” mme mo ponatshegelong ya moragonyana o ne a bolela fa e ne e le baengele ba ba itsegeng jaaka ditšheruba. (Esekiele 1:5; 9:3; 10:3) Moengele mongwe le mongwe mo go bano o ne a na le diphuka di le nnè, e le tseo di supang kafa ba neng ba nonofile ka gone go dira ka bofefo le go ya gongwe le gongwe kwa Modimo o ba laelang go ya gone. “Ha di tsamaea di ne di sa retologe; señwe le señwe se ne se tle se tlhamalalèle kwa pele hèla . . . kwa mōea o no o na le go ea gōna, tsa ea gōna; ga dia ka tsa re di tsamaea tsa menoga.”—Esekiele 1:6, 9, 12.
Mme baengele bao ba neng ba bonwa mo ponatshegelong ba ne ba sa tshwane ka metlha. Dibopiwa tsa seengele tse di neng di bidiwa boserafa tseo Isaia a neng a di bona di ne di na le diphuka di le thataro. (Isaia 6:1, 2) Diponatshegelo tsa ga Esekiele le tsone di ne di sa tshwane. Mo go ya ntlha, baengele ba ne ba na le maoto, le matsogo kafa tlase ga diphuka dingwe le dingwe tse nnè, le difatlhego di le nnè (jaaka sefatlhego sa motho, tau, poo, le sa ntsu). Mo ponatshegelong ya gagwe e e latelang, sengwe sa difatlhego tseo se ne se tshwana le sa tšheruba go na le go nna sa poo, gongwe se supa maatla a magolo a tšheruba. Mo ponatshegelong e nngwe ya moragonyana ya mekgabisa ya tempele ya tshwantshetso, Esekiele o ne a bona ditšheruba tse di nang le difatlhego tse pedi, sengwe e le sa monna se sengwe e le sa tau. (Esekiele 1:5-11; 10:7-17; 41:18, 19) Mo teng ga felo ga Boitshepo jwa Maitshepo mo teng ga motlaagana, mmogo le mo teng ga tempele e e neng e agilwe ke Solomone kwa Jerusalema, go ne go na le ditšheruba tse di nang le diphuka tse pedi. Tseno di ne di le mo sekhurumelong sa gouta sa letlole le le neng le bidiwa letlole la kgolagano. Ditšheruba tse pedi tseno tsa gouta di ne di lebagane, mme tsotlhe di ne di na le diphuka tse pedi tse di neng di lepelela ka kwa ga Letlole. (Ekesodo 25:10-22; 37:6-9) Mo godimo ga Letlole (le sekhurumelo sa lone) mo tempeleng ya ga Solomone go ne go na le ditšheruba tse dingwe tse pedi tse dikgolwane tse di neng di khurumeditswe ka gouta, nngwe le nngwe ya tsone e na le diphuka tse di tsharolotsweng.—1 Dikgosi 8:6-8; 1 Ditihalō 28:18; 2 Ditihalō 5:7, 8.
Josephus o ne a kwala jaana: “Fa e le ditšheruba ka botsone ga go ope yo a ka bolelang kana a ka akanyang gore di ne di lebega jang.” Ka gone, bakanoki bangwe le bataki ba tshwantsha baengele (segolobogolo ditšheruba) ba ikaegile ka dilo tse di bidiwang dikaelo tsa bogologolo tsa medimo ya mefuta ya diphologolo tse di nang le diphuka tsa kwa Botlhaba jo bo Gaufi. Mme sengwe se se kaelang se se ka ikanngwang ke kakgelo ya ga Esekiele ya gore tseo a neng a di bona “di ne di na le sechwanō sa motho.” (Esekiele 1:5) Ka jalo fa baengele ba selegodimo ba supiwa mo dikgatisong tsa rona, ka kakaretso fela ba tshwantshiwa ka sebopego sa motho. Re ba supa ba na le diphuka go ya ka ditlhaloso tse dintsi tsa Bibela tsa baengele ba bantsi ba ba nang le diphuka gape le ka ntlha ya dikakgelo tse di bolelang ka baengele ba ba ‘fofang.’—Tshenolō 14:6; Pesalema 18:10.
Fa re konela kgang eno, tsebe ya 288 ya buka Tshenolō—Konelo ya Yone E E Molemolemo E Atametse! e supa setshedi sengwe sa selegodimo se se nang le diphuka, se na le serwalo sa bogosi mo tlhogong ebile se tshotse sekopololo ka letsogo. Seno ke tsela eo setshwantsho sa Tshenolō 20:1 se ntseng ka gone: “Me ka bōna moengele moñwe a hologa mo legodimoñ, me ka seatla a chotse sekopololō sa molete o o senañ bolekeleco, le ketane e kgolo.” Re tlhaloganya gore moengele yono yo o tshotseng sekopololo ke Jesu Keresete yo o galaleditsweng. Setshwantsho seno se mo supa a na le diphuka go dumalana le ntlha ya gore baengele bao ba neng ba bonwa mo diponatshegelong ka metlha ba ne ba na le diphuka.