Matonkomane—Ka Mokgwa wa Seafrika
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA CENTRAL AFRICAN REPUBLIC
KWA dinageng tsa kwa Bophirima gantsi matonkomane a tsewa e le selo fela se se dirisiwang go dira peanut butter. Le fa go ntse jalo, kwa dinageng dingwe tsa mo Afrika, tota a na le seabe se se botlhokwa thata mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi. Jang?
Kwa Afrika bogare, dijo tse dintsi tse di rategang di apewa ka matonkomane. Fano, fela jaaka kwa dinageng tse dingwe tse di tlhabologang, folouru le setatšhe sa mabele—e leng dilo tse di dirisiwang go loisa lorito le sopo—gantsi go thata go di bona. Ka jalo gantsi go dirisiwa matonkomane a a sitsweng mo boemong jwa tsone.
Le fa go ntse jalo, ga se fela kgang ya go ya go reka botlolo ya matonkomane a a sitsweng kwa lebenkeleng la mo lefelong la lona. Koo matonkomane a rekisiwa ka leswana e bile a ja madi a a kwa godimo thata. Ka jalo basadi ba bantsi ba Baafrika ba rata go itirela a bone. Mokgwa o tiro eno ya bonatla e dirwang ka yone o kgatlha tota. Tshedimosetso e e latelang e ne ya bonwa fa go ne go tlotliwa le basadi ba le mmalwa ba Baafrika.
Go Lema Matonkomane
Go bonala matonkomane e se selo se se thata go se tlhokomela. Karolo e e thata ke go baakanya mmu. Seno se dirwa fa setlha sa dipula se simologa fa mmu o sa ntse o omile e bile o le thata. Ka April dipeo di jalwa ka letsogo mme fa dipula di ka tla ka bonako, “manoko” a ka nna a robiwa mo bofelong jwa August kana mo masimologong a September.
Kwa Afrika bogare bogolo jwa tshimo e go lemiwang matonkomane mo go yone e ka nna boleele jwa dimetara di le 90 le bophara jwa di le 50. Batho bangwe ba a lemile mo masimong a mannye gaufi le matlo a bone. Gantsi go dirisiwa mogomanyana o monnye o o tshwarwang ka letsogo le petlo go dira mo tshimong. Seno e ka nna tiro e e lapisang thata! Tshimo eno e tlhoka go tlhokomelwa thata, segolobogolo fa o sa tswa go e lema. Tshimo e tlhoka go disiwa gore dirathi di se ka tsa epa peo le go e ja. Mme mmu o tlhoka go bolokwa o se thata e bile o se na mofero.
Tshimo e tlhoka go disiwa thata segolobogolo fa nako ya thobo e atamela. Bana ba ka nna ba laelwa go e disa fa thobo e atamela. Mosadi mongwe o ne a bega gore moagelani wa gagwe a ne a fitlhela ditlhatshana tsa matonkomane a gagwe di le kwa godimo ga ditlhare tse di fa gaufi. Ditshwene di ne di di isitse kwa godimo le go dira moletlo ka dilo tse a di bereketseng ka thata!
Gantsi thobo ke tiro ya lelapa lotlhe. Botlhe ba ya kwa tshimong go ya go thusa. Dijalo di kumulwa ka diatla le go tlogelwa gore di ome mme matonkomane a ntshiwe mo dijalong le go tlisiwa mo motseng ka megopo e megolo, e ba ba robang ba e rwalang mo ditlhogong.
Jaanong he go diragalang ka matonkomane? Fa a sena go tlhatswiwa, a bedisiwa mo metsing a letswai. A mangwe a jewa ka yone nako eo ke ba lelapa, mme a mangwe a a setseng a bolokiwa gore a dirisiwe moragonyana fa go apewa. A tshelwa fa fatshe gaufi le ntlo le go tlogelwa gore a ome sentle. Mongwe o tshwanetse go nna a a etse tlhoko go a sireletsa mo dipoding tse di kailang moo tse di tla ratang go ja matonkomane ao.
Fa matonkomane ano a sena go oma, a bewa mo ntlong e e dirilweng ka meseme ya bojang le seretse e bile e ageletswe mo dikoteng. E boloka matonkomane ano a omile e bile gape e koba dirathi mmogo le bana ba ba ka tswang ba batla sengwe se ba ka se jang fa Mmè a sa ntse a bereka kwa tshimong.
Go Sila Matonkomane
Manoko ano a tshwanetse a ntshiwa mo makapeng pele ga a silwa. Mme a gadikiwe, gantsi mo paneng e kgolo, e e sephara mo molelong o o itekanetseng sentle fela wa dikgong o o besitsweng fa fatshe. Seno se dira gore a nne a na le tatso ya one ya manoko e bile e dira gore go nne motlhofo go a ntsha makakabe. Matonkomane a tlogelwa gore a tsidifale mme a foforwe makakabe. Jaanong go dirisiwa motšhine o o silang go sila matonkomane ano a a besitsweng go a dira botoro e e silegileng sentle. Fa go se na motšhine, mmalapa o tla a tshela mo letlapeng le legolo, le le sephara mme a a sile ka botlolo kana ka tshilwana.
Matonkomane a a sitsweng jaanong a tla tloga a dirisiwa go loisa sopo, gantsi mo dijong tse di apewang mo pitseng e le nngwe le go tsholwa ka cassava, plantain kana reise. Fa e le gore o ipotsa gore dijo tse di tshetsweng matonkomane di utlwala jang, ke ka ntlha yang o sa leke go di ikapeela?
O ka nna wa dirisa resepe e e tlwaelegileng mme o apaye lorito lwa nama, dieie, kaliki le moro wa tamati. Di apeye go fitlha nama e le bonolo mme fa o batla o tshele sepinatšhe se se kgabetletsweng sentle. Fa di ntse di butswa, tshela metsinyana mo teng ga matonkomane a a sitsweng go dira moro—mo e ka nnang kopi e le nngwe mo kilogeramong nngwe le nngwe ya nama—mme o e fuduele mo loritong. E apeye ka metsotso e ka nna lesome kana go feta mo molelong o o fisang thata e le gore matonkomane a se ke a utlwala thata. Fa e le gore sopo eno ga e a loya thata kafa o e ratang ka teng, tshela gape matonkomane. Tsenya letswai go oketsa moutlwalo. Fa e le gore o rata dilo tse di babang, o ka nna wa oketsa ka dipeperenyana tse di babang.
Ba le bantsi ba fitlhela gore dijo tse di ntseng jalo di monate tota fa di tsholwa ka reise! Mme le fa gone ya gago e ka tswa e se yone ya mmatota, o tla bo o kile wa leka mokgwa mongwe o matonkomane a dirisiwang ka one—mokgwa wa Seafrika!
[Ditshwantsho mo go tsebe 16]
Matonkomane a rojwa le go isiwa kwa gae go ntshiwa mo makapeng le go silwa