Matlhare A Cassava—Dijo Tsa Malatsi Otlhe Tsa Dimilionemilione
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA CENTRAL AFRICAN REPUBLIC
GOTLHE go simologile mo e ka nnang ka ngwaga wa 1600, fa Bapotokisi ba ne ba tlisa cassava, kgotsa manioc, mono Afrika go tswa kwa Amerika Borwa. Go dumelwa gore cassava e tlholega kwa Brazil ka gonne lefoko “manioc” le tlholegile le tswa mo merafeng ya Batupi ya kwa Brazil, mo Amazon Valley.
Batho ba mo Afrika ba rata medi ya teng thata, mme go tweng ka matlhare a matala? Bangwe ba a dirisa go alafa dintho tse di bulegileng kgotsa go alafa bolwetse jwa thutlwa. Lefa go ntse jalo, mo dimilioneng tsa batho ba Central African Republic le dinaga tse dingwe tse di mmalwa tsa Afrika, matlhare a teng ke dijo tsa malatsi otlhe, ka gonne a ka apeiwa gore e nne dijo tse di monate. Tota e bile, lengwe la mafoko a ntlha a barongwa ba basha ba Watch Tower ba a ithutang fano ke lefoko ngunza. Seno ke setšhuu se se monate se se dirilweng ka matlhare a cassava mme ke sejo se segolo sa Central African Republic—sejo se motho yo o etetseng kwa bogare jwa Afrika a tshwanetseng go leka ka bojotlhe go se utlwa.
Bayuropa ba ba nnang mo Afrika le ka motlha ga ba kake ba ja dijo tse di dirilweng ka matlhare ano, ka jaana ba di leba e le dijo tsa batho ba lefelo leo, e seng tsa batswakwa. Mme mabaka ke eng? Mo dinageng tse di tshwanang le Central African Republic, Sierra Leone le Zaire, matlhare ano ke dijo tsa malatsi otlhe mo malapeng a mantsi.
Fa o le mo sefofaneng kana o tsamaya o raletse Central African Republic, o bona naga e ntle e tala—ditlhare, dikgwa, naga e e tletseng tlhaga, le ditshimo tsa cassava mo gare di na le matlhare a tsone a matala a a sa tshwaneng le ape. Motsana mongwe le mongwe o dikologilwe ke ditshimo tsa cassava. Batho ba e lema go bapa le magae a bone, e bile le e leng kwa motsemogolo kwa Bangui, o tla fitlhela cassava mo ditshingwaneng go bapa le ntlo e e majabajaba ya mohumi kgotsa le tsela. Ruri, ke dijo tse di botlhokwa mo karolong eno ya lefatshe.
Leka Ngunza
Fa barongwa ba basha ba goroga, ba lalediwa ke ditsala tsa bone go tla go ja ngunza e sekae. Tseno ke dijo tse di akaretsang dijo tse di tumileng tse di dirwang ka matlhare a manioc. Basadi ba mo lefelong leo ba itse go e apaya ka tsela e e monate. Mosadi mongwe le mongwe go lebega a na le tsela e a e apayang ka yone. Sengwe sa dilo tsa ntlha tse basetsana ba babotlana ba di rutiwang ke bommaabone ke go apaya ngunza.
Ba itumelela go e tlhalosa le gore ba e apaya jang. Basadi ba teng ba a itumela fa o supa go kgatlhegela dijo tseno tsa mo lefelong leo. Sa ntlha, ba tla go bolelela gore matlhare a cassava ga a ture le gore a motlele thata mo e leng gore o ka a kgetla mo dipakeng tsa pula le tse e seng tsa pula. Mo metlheng ya mathata a ikonomi le a go tlhatloga ga ditlhwatlhwa, matlhare a cassava a dira tiro ya botlhokwa thata go fepa lelapa. Mme tsweetswee gakologelwa gore malapa a Baafrika gantsi a magolo. Go na le melomo e mentsi e e tshwanetseng go fepiwa le dimpa tse dintsi tse di tshwanetseng go kgorisiwa. Go apaya ngunza go tsaya diura di sekae. Matlhare a tshwanetse go ntshiwa tatso ya one e e botlhoko pele ga a jewa. A ntshiwa more ka go apeiwa ka tsela ya teng e e tlwaetsweng, e e akaretsang go a sila le go a bedisa ka nako e telele.
Oli e basadi ba Baafrika ba ratang go e dirisa fa ba apaya ngunza ke oli ya dipalema. Oli e e dirwang mo lefelong leo e khibidu e tshwanetse go dirisiwa. Ngunza le botoro ya matonkomane gongwe le eiye le kaliki ke dijo tsa malatsi otlhe tsa lelapa. Mme go tweng fa o solofetse baeti? Foo jaanong ngunza e tshwanetse go nna sengwe se se kgethegileng, sengwe se ba se kitlang ba se lebala. Ka jalo, motho yo o laleditseng o tla o tsenya dijo tse a di ratang thata—tlhapi e e apeilweng ka mosi, kgotsa nama e e apeilweng ka mosi—le kaliki e ntsi le dieiye le botoro ya matonkomane e ntsi, e e dirilweng mo gae. Tseo tsotlhe di tsenngwa mo pitseng e le nngwe e kgolo. Go tswa foo go batla gore motho a nne pelotelele le gore a di bedise thata.
Gompieno motho yo o re laleditseng o tshola ngunza le reise. Reise e tshetswe leso le le lengwe kana a mabedi a ngunza e e molelo fa godimo ke dijo tse di monate thata mo Baafrikeng le batswakwa ba le bantsi. Tshela pepere e e babang go se kae fela, jaanong o tla itse gore ngunza ke eng. Fa o e ja, o tla o fetisa ka galase ya waene e khibidu, o tla utlwa monate wa teng ka botlalo.
A ga o Leke Ngukassa Kgotsa Kanda?
Go tsamaya o tswa kwa botlhaba go ya kwa bophirima jwa naga eno, o tla fitlhela gore batho ba apaya ngunza ka ditsela tse di farologaneng. Mme go tweng ka ngukassa? Mo letsatsing la pula, go le tsididitsididi ngukassa, sopo kana setšhuu se se apeilweng ka dilo tse di farologaneng tse di lengwang mo tshimong e ka nna sone selo se se go siametseng. Oli ya dipalema, digwere, matonkomane, dipotata, mmidi le matlhare a cassava di apeiwa mmogo, mme ga go tsenngwe letswai—le fa e le tlhaka e le nngwe ya letswai. Sephiri sa teng ke sone seo! Dijo tsa teng di monate e bile di a otla. E bile fa o tsaya leeto le le telele, o tseye mofago wa kanda. Seno se dirwa ka matlhare a cassava a a thugilweng le tlhapi kgotsa nama tse di apeilweng ka mosi. Kanda e apeiwa ka go phuthela motswako oo ka matlhare le go o apaya ka mosi mo molelong ka diura di sekae go fitlha o le thata e bile o omile. E nna malatsi a le mantsi e sa senyege gape e ka jewa ka borotho. E siametse batsamai.
Fa o etela kwa Afrika nako nngwe le nngwe fela, ke eng o sa kope cassava? E leke, mme o e kopanele le dimilionemilione tse di e ratang!