Botlhodi—Bo Aname go le Kana Kang Gompieno?
BO GONGWE le gongwe—kwa tirong, kwa sekolong, mo dipalangweng tsa batho botlhe, le mo mmileng. O a ethimola, mme batho ba o iseng o ko o kopane le bone, ba ba iphetelang fela ka tsela, ba re: “Modimo a go segofatse” kgotsa ba re fela “O segofale.” Go na le dipolelo tse di tshwanang le tseno mo dipuong di le dintsi. Ka Sejeremane ba re “Gesundheit.” Baarabia ba re “Yarhamak Allah,” mme Ba-Polynesia bangwe ba kwa Pacific Borwa ba re “Tihei mauri ora.”
O ka nna wa bo o se kile wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa batho ba bua jalo, ka o dumela fela gore ba bontsha maitseo fela a a tlwaelegileng. Le fa go ntse jalo, polelo eno e tswa mo botlhoding. Moira Smith, yo e leng motlhokomedi wa laeborari kwa Folklore Institute kwa Indiana University kwa Bloomington, Indiana, U.S.A., o bolela jaana malebana le polelo eno: “E tswa mo kgopolong ya gore o ethimolela moya wa gago kwa ntle.” Ka jalo, fa batho ba re “Modimo a go segofatse,” tota ba kopa Modimo gore a o tsosolose gape.
Gone mme, gongwe batho ba le bantsi ba ne ba tla dumela gore ke boeleele go dumela gore moya o tswa mo mmeleng wa gago fa o ethimola. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary e tlhalosa botlhodi e re ke “tumelo kgotsa mokgwa o o latelwang ka ntlha ya botlhokakitso, go boifa dilo tse di sa itsiweng, go ikanya maselamose kgotsa lesego, kgotsa go nna le kgopolo e e seng yone ya gore dilo dingwe di bakwa ke tse dingwe.”
Ga go gakgamatse go bo ngaka nngwe ya lekgolo la bo17 la dingwaga e ne ya bitsa botlhodi jwa metlha ya gagwe e re ke “diphoso tsa batho ba maemo a a kwa tlase” ba ba sa rutegang. Ka jalo, fa batho ba ne ba tsena mo lekgolong la bo20 la dingwaga le le nang le dilo di le dintsi tse di fitlheletsweng ka saense, The Encyclopædia Britannica ya 1910 e ne ya bonela pele ka tsholofelo nako e mo go yone “tlhabologo [e tla bong] e golotswe mo karolong ya bofelofelo ya botlhodi.”
Bo Aname Fela Jaaka mo Nakong e e Fetileng
Tsholofetso eno e e sa leng e lebelelwa masome a a ka nnang a le robedi a dingwaga a a fetileng e ne e se boammaaruri, ka gonne botlhodi bo lebega bo nweletse thata mo bathong fela jaaka bo ne bo ntse mo nakong e e fetileng. Botlhodi bo itsege ka sone selo seno sa gore ga bo fele. Lefoko la Seesemane le le ranotsweng ka gore “botlhodi” e leng “superstition” le tswa mo lefokong la Selatine super, le le bolelang “kwa godimo,” le stare, le le bolelang “go ema.” Ka ntlha ya moo, batlhabani ba ba neng ba falola mo ntweng ba ne ba bidiwa ma-superstite, ka gonne ba ne ba tshela lobaka lo loleelenyana go feta batlhabanimmogo le bone mo ntweng, ba “ema” mo godimo ga bone ka tsela ya mmatota. Fa buka ya Superstitions e bua ka tshimologo ya lefoko leno, e bolela jaana: “Botlhodi jo bo sa ntseng bo le teng gompieno bo eme lobaka lo loleele go feta makgetlo a le mmalwa a go lekilweng go bo nyeletsa ka one.” Akanya ka dikai di se kae fela tse di bontshang ka fa botlhodi bo sa batleng go fela ka gone.
◻ Morago ga loso lwa tshoganyetso lwa molaodi wa toropo nngwe e kgolo ya Asia, badiri ba ba neng ba kgobegile marapo ba ba neng ba le kwa legaeng la semmuso la molaodi yono, ba ne ba gakolola molaodi yo mosha yo a neng a tlile go tsaya manno a gagwe gore a bonane le matwetwe mongwe, yo a neng a akantsha gore go dirwe diphetogo di le mmalwanyana mo legaeng la gagwe. Badiri bano ba ne ba na le boikutlo jwa gore diphetogo tseno di ne di tlile go tlosa bomadimabe.
◻ Poresidente ya setlamo sengwe se se dirang dimilionemilione tsa didolara kwa United States ga e batle go kgaogana le leje lengwe le le kgethegileng. Fa e sa le a atlega lekgetlo la ntlha mo dipontshong dingwe tsa kgwebo ya gagwe, o tsamaya a le tshwere gongwe le gongwe fa a leng teng.
◻ Balaodibagolo ba kgwebo ba Asia, gantsi ba senka kgakololo ya moporofeti, pele ba konosetsa ditirisano tsa bone tse dikgolo tsa kgwebo.
◻ Motabogi mongwe, le mororo a ikatisa thata, o dumela gore seaparo sengwe ke sone se se mo thusang go fenya. Ka jalo o nna a se dirisa ka metlha—se sa tlhatswiwa—mo dikgaisanong tse di tlang.
◻ Moithuti mongwe o dirisa pene e e rileng go kwala tlhatlhobo mme o bona maduo a a kwa godimo. Morago ga moo, o leba pene eno e le “lesego.”
◻ Ka letsatsi la gagwe la lenyalo, monyadiwa o rulaganya mosese wa gagwe wa lenyalo ka kelotlhoko gore o akaretse “sengwe sa bogologolo, sengwe se sesha, sengwe se se adimilweng, le sengwe se se pududu.”
◻ Motho o bula gongwe le gongwe fela mo Baebeleng mme a bo a bala temana e matlho a gagwe a kopanang le yone, ka tumelo ya gore mafoko a yone a tla mo naya kaelo e e rileng e a e tlhokang ka nako eo.
◻ Jaaka sefofane se segolo sa jete se dirile modumo o mogolo, se siana mo lebaleng gore se tle se tlhatlhoge, bapagami ba le mmalwa ba dira letshwao la sefapano. Yo mongwe o nnela go atla mentlele o o nang le setshwantsho sa ga “Moitshepi” Christopher fa sefofane se ntse se fofa.
Go bonala sentle gore tota le gompieno botlhodi bo aname thata. Tota e bile, porofesa nngwe ya thutotlhaloganyo kwa Connecticut College e bong Stuart A. Vyse, o bolela jaana mo bukeng ya gagwe ya Believing in Magic—The Psychology of Superstition: “Lemororo re tshela mo setšhabeng se se gatetseng pele mo go tsa boranyane, botlhodi bo aname fela thata jaaka bo ne bo ntse pele.”
Gompieno botlhodi bo nweletse thata mo bathong mo e leng gore maiteko otlhe a go bo nyeletsa a iteile sefololetse. Ke ka ntlha yang fa go le jalo?