LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g99 11/8 ts. 19-22
  • Botlhodi—Ke ka Ntlha Yang fa bo Tswelela Pele Jaana?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botlhodi—Ke ka Ntlha Yang fa bo Tswelela Pele Jaana?
  • Tsogang!—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maiteko A go Bo Nyeletsa Kwa China
  • Botshelo jo bo Gabedi
  • Lebaka La go Bo bo Tswelela Pele
  • A Tumelobotlhodi e Tsamaisana le Dithuto Tsa Baebele?
    Tsogang!—2008
  • A Botshelo Jwa Gago bo Laolwa ke Tumelabotlhodi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Bodumedi le Tumelo-botlhodi—A Ke Ditsala kana Baba?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Bodumedi jwa Boammaaruri bo Nyeletsa Poifo Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1999
g99 11/8 ts. 19-22

Botlhodi—Ke ka Ntlha Yang fa bo Tswelela Pele Jaana?

JAAKA o ka nna wa bo o setse o etse tlhoko, go sa ntse go na le batho ba le bantsi ba ba dumelang gore fa katse e ntsho e kgabaganya fa pele ga bone e ba tlisetsa bomadimabe kgotsa ba ba boifang go tsamaya kafa tlase ga lere. Gape ba le bantsi ba dumela gore letsatsi la Labotlhano la di 13, ke letsatsi le le lereng bomadimabe le gore go kotsi go nna kwa boalong jwa bo13 jwa kago. Go dumela mo botlhoding jo bo ntseng jalo go sa ntse go tswelela pele, le mororo go sa dire tlhaloganyo.

Akanya ka gone. Ke ka ntlha yang fa batho bangwe ba tshola tlhako ya mmutla kgotsa ba kokota mo logonnyeng fa ba eletsa gore sengwe se diragale? A ga se ka gonne, ba dumela gore go dira jalo go tla ba tlhomamisetsa masego mangwe, le fa gone ba se na bosupi jwa gone? Buka ya A Dictionary of Superstitions e bolela jaana: “Motho yo o dumelang mo botlhoding o dumela gore dilo dingwe, mafelo mangwe, diphologolo dingwe, kgotsa ditiro dingwe ke tsa masego (ke dipheko tse di siameng) le gore tse dingwe tsone ga se tsa masego (ke ditshupo kgotsa matshwao a bomadimabe).”—Bona Bagalatia 5:19, 20.

Maiteko A go Bo Nyeletsa Kwa China

Go phepafetse gore maiteko a bosheng jaana a go nyeletsa botlhodi ga a atlega. Ka sekai, ka 1995 lekoko la People’s Congress of Shanghai le ne la ntsha molawana wa semolao o o neng o thibela go dumela mo botlhoding le re ke ngwao e e fetilweng ke nako ya metlha ya bogologolo ya setšhaba seno. Boikaelelo e ne e le go “nyeletsa botlhodi jo bo gatelelang, go fetola dingwao tsa phitlho le go rotloetsa go agiwa ga motsemoshate o o tlhabologileng.” Le fa go ntse jalo, go ile ga felela ka eng?

Go ya ka pego nngwe, batho ba kwa Shanghai ba ne ba nna ba ikanyega mo dilong tsa bone tsa botlhodi. E le go nyatsa molao ono o o thibelang tlwaelo ya Se-China ya go fisetsa madi a maitirelo a pampiri kwa mabitleng a bagolwagolwane ba bone, motho mongwe yo o neng a etetse lebitla lengwe o ne a bolela jaana: “Re fisitse dibilione di le 19 tsa yuan [mo e ka nnang dimilione di le dikete di le 18 tsa diranta].” O ne a oketsa jaana: “Ke ngwao go dira jalo. Go itumedisa medimo.”

Lokwalodikgang longwe lo lo nang le tlhotlheletso e kgolo thata lwa Guangming Daily lo ne lwa bontsha kafa thibelo eno e sa thuseng sepe ka gone, ka go tlhalosa gore go ka tswa go na le “bomankge ba ba ka nnang dimilione di le tlhano ba ba itseng go bolelela dilo pele mo China, fa palogotlhe ya bomankge ba saense le ba boranyane yone e le dimilone di le 10 fela.” Lokwalodikgang lono lo ne lwa bolela jaana: “Go lebega tshekamelo e le thata kafa bathong ba ba bolelelang dilo pele.”

The Encyclopedia Americana, Kgatiso ya Boditšhabatšhaba, e bolela jaana fa e bua ka tsela e botlhodi bo ntseng bo tswelela pele ka yone: “Mo ditsong tsotlhe, dingwao dingwe tsa bogologolo ga di felele fela ka go bolokiwa, mme gape di tlhalosiwa sesha le go newa bokao jo bosha.” Kgatiso nngwe ya bosheng jaana ya The New Encyclopædia Britannica e ne ya dumela jaana: “Tota le mo metlheng eno e go tweng ke ya segompieno, mo motlheng o go ratwang thata bosupi jo bo iponatshang ka bojone, ke batho ba se kae fela bao, fa ba ka patelelwa, ba se kitlang ba dumela gore gone ba na le dilo di se kae tse ba di dumelang mo sephiring tse di se nang tlhaloganyo kgotsa tsa botlhodi.”

Botshelo jo bo Gabedi

Go lebega batho ba le bantsi ba tshela botshelo jo bo gabedi, ka gonne ba se kitla ba dumela mo pontsheng se ba se dirang mo sephiring. Mokwadi mongwe o ne a bolela gore ba okaoka jaana ka gonne ba tshaba gore batho ba bangwe ba tla ba leba e le dieleele. Ka jalo, batho ba ba ntseng jalo ba ka tlhopha go bitsa dingwao tseno tsa botlhodi ba re ke ditlwaelo fela kgotsa mekgwa. Ka sekai, batabogi ba ka nna ba bolela gore tsela nngwe e ba itshwarang ka yone ke moetlonyana fela o ba o dirang pele ga ba ya go tshameka.

Mokwadi mongwe wa dikgang o ne bosheng jaana a akgela ka go feteletsa dilo, fa a ne a bua ka lekwalo le le tsamaisiwang ka mogolagang wa batho, e leng lekwalo le le romelelwang batho ba le mmalwa bao le bone ba kopiwang gore mongwe le mongwe wa bone a romelele batho ba bangwe ba le mmalwa dikhopi tsa lone. Gantsi, motho yo o fetisetsang lekwalo le le ntseng jalo kwa pele o solofetswa masego, fa yo o kgaolang mogolagang ono ene go dumelwa gore o tlile go diragalelwa ke dilo tse di bosula. Ka jalo, mokwadi yono wa dikgang o ne a nna karolo ya mogolagang ono mme o ne a bolela jaana: “O itse gore ga ke dire seno ka gonne ke dumela mo botlhoding. Ke fela gore ke batla go tila bomadimabe.”

Bomankge ba ba ithutileng ka motho le ba ditlhamane ba dumela gore tota le lefoko “botlhodi,” le ya ka gore motho o le leba jang; ba okaoka go bitsa mekgwa mengwe ya boitshwaro ba re ke botlhodi. Ba tlhopha go dirisa mafoko a a “tlhalosang ka botlalo” le fa go ntse jalo e le a a sa kgopiseng, a a jaaka “tlwaelo le tumelo ya batho ba lotso lo lo rileng,” “dinaane,” kgotsa “ditsela tsa go dumela.” Dick Hyman, o akgela jaana ka tlhamalalo mo bukeng ya gagwe ya Lest Ill Luck Befall Thee—Superstitions of the Great and Small: “Fela jaaka go ntse ka boleo le mofikela, botlhodi bo na le babueledi ba le mmalwa fela mme ba ba dirang ka jone ba bantsi.”

Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore botlhodi bo bidiwang, jone bo sa ntse bo tswelela pele. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo mo motlheng ono wa segompieno o o gatetseng pele thata jaana mo go tsa boranyane jwa saense?

Lebaka La go Bo bo Tswelela Pele

Gone mme, bangwe ba bolela gore ke selo se se tlwaelegileng gore batho ba dumele mo botlhoding. E bile go na le ba ba bolelang gore go dumela mo botlhoding go mo dijining tsa rona. Le fa go ntse jalo, go na le dipatlisiso tse di supang gore ga go a nna jalo. Bosupi bo bontsha gore batho ba dumela mo botlhoding ka ntlha ya se ba se rutwang.

Porofesa Stuart A. Vyse o tlhalosa jaana: “Go dumela mo botlhoding, fela jaaka ditumelo di le dintsi, motho o nna le gone fa a ntse a gola. Ga re a tsholwa re kokota mo logonnyeng; re ithuta go dira jalo.” Go bolelwa gore batho ba simolola go dumela mo boselamoseng fa ba sa ntse ba le bannye, mme ba tswelela ba ntse ba dumela mo botlhoding jalo lobaka lo loleele morago ga gore “ba gole.” Mme ba tsaya kae ditumelo di le dintsi tsa botlhodi?

Ditumelo di le dintsi tsa botlhodi di amana thata le dilo tse di dumelwang thata tsa bodumedi. Ka sekai, botlhodi e ne e le karolo ya bodumedi jwa batho ba ba neng ba agile mo lefatsheng la Kanana pele ga Baiseraele. Baebele e bolela gore e ne e le tlwaelo ya Bakanana go laola ka bola, go dira maselamose, go ikanya ditshupo tse di bolelelang pele isagwe kgotsa go dira ka boloi, go kolopa ba bangwe, go buisana le meya le ba ba ithutetseng go bolelela ditiragalo pele, le go botsa baswi.—Duteronome 18:9-12.

Bagerika ba bogologolo le bone ba ne ba itsege ka ditumelo tsa bone tsa botlhodi tse di neng di amana le bodumedi jwa bone. Ba ne ba dumela mo bathong ba ba buisanang le medimo, mo go laoleng ka bola, le mo maselamoseng, fela jaaka Bakanana. Bababelona ba ne ba leba mo sebeteng sa phologolo, ba dumela gore se tla ba senolela gore ba tshwanetse go tsaya kgato efe. (Esekiele 21:21) Ba ne ba itsege ka go betšha mme ba ne ba kopa thuso mo go se Baebele e se bitsang “modimo wa Masego.” (Isaia 65:11, NW) Le gompieno, batho ba ba betšhang go itsiwe ba dumela mo botlhoding.

Se se kgatlhang ke gore tota e bile dikereke di le dintsinyana di rotloeditse moya wa go rata go betšha. Sekai sengwe ke sa Kereke ya Katoliki, fa e rotloetsa metshameko e e tshwanang le ya bingo. Ka mo go tshwanang, monna mongwe yo o neng a betšha o ne a bolela jaana: “Ke tlhomamisa gore Kereke ya Katoliki e lemoga gore [batho ba ba betšhang ba dumela thata mo botlhoding,] ka gonne ka metlha baitlami ba ne ba nna gaufi le kwa go tshwarelwang mabelo a dipitse gone ba tshwere mabokose a bone a koleke. Mokatoliki, jaaka ba le bantsi ba rona re ne re le bone, o ne a ka lebelela go bona lesego jang mo dipitseng mme a fetile ‘moitlami’ fela a sa ntsha koleke? Ka jalo re ne re ntsha koleke. Mme fa re ne re ka fenya mo letsatsing leo re ne re ntsha madi a mantsi thata, re solofela gore seno se tla re thusa go atlega gape.”

Dikai tse di itsegeng thata tse di bontshang kamano e e teng magareng ga bodumedi le botlhodi ke ditumelobotlhodi tse di amanang le Keresemose, e leng mokete o o rotloeditsweng ke dikereke tsa Labokeresete. Ditumelo tseno di akaretsa go solofela gore go atlana kafa tlase ga dikalana tsa setlhare sa motlhagala go tla dira gore motho a feleletse a nyetse le ditumelo di le dintsi tsa botlhodi ka ga Santa Claus.

Buka ya Lest Ill Luck Befall Thee e bolela gore botlhodi bo simolotse e ne e le fa go lekwa go “tlhola se se tla diregang mo isagweng.” Ka jalo gompieno, fela jaaka go ne go ntse go ralala hisitori, batho fela ba maemo a a tlwaelegileng le baeteledipele ba lefatshe ka go tshwana ba botsa mo bathong ba ba bolelelang dilo pele le mo go ba bangwe ba ba ipolelang gore ba na le maatla a boselamose. Buka ya Don’t Sing Before Breakfast, Don’t Sleep in the Moonlight e tlhalosa jaana: “Batho ba ne ba tlhoka go dumela gore go na le dipheko le mafoko a maselamose a a neng a kgona go thibela kotsi ya dilo tse di itsiweng le tse di sa itsiweng.”

Ka jalo ditiro tsa botlhodi di lekile go naya batho boikutlo jwa gore ba ka kgona go laola dilo dingwe tse ba di boifang. Buka ya Cross Your Fingers, Spit in Your Hat e bolela jaana: “[Batho] ba ikanya botlhodi ka ntlha ya one mabaka a batho ba ntseng ba na le one ka metlha. Fa [ba] lebane le maemo a [ba] sa kgoneng go a laola—a a ikaegileng ka ‘lesego’ kgotsa ‘kotsi’—botlhodi bo dira gore ba ikutlwe ba sireletsegile thata.”

Le mororo saense e tlhabolotse dilo tsa batho ka ditsela di le dintsi, batho ba sa ntse ba na le maikutlo a go sa sireletsega. Tota e bile, go se sireletsege gono go oketsegile thata ka ntlha ya mathata a a bakilweng ke saense. Porofesa Vyse o bolela jaana: “Botlhodi le go dumela mo maatleng a e seng a tlholego ke dilo tse di tseneletseng thata mo setsong sa rona . . . ka gonne lefatshe leno la rona le dirile gore re ikutlwe re sa tlhomamisega ka sepe fela. The World Book Encyclopedia e ne ya konela jaana: “Go lebega botlhodi bo tla tswelela bo na le seabe mo botshelong fa fela batho . . . ba sa ntse ba sa tlhomamisega ka isagwe.”

Ka jalo, fa re sobokanya, botlhodi bo sa ntse bo tswelela pele ka gonne bo tswa mo dilong tse batho ba di boifang mme bo engwa nokeng ke ditumelo di le dintsintsi tsa bodumedi tse batho ba di ratang thata. Le fa go ntse jalo, a jaanong re tshwanetse go konela ka gore botlhodi bo a thusa, ka gonne bo thusa batho go dirisana le go sa tlhomamisege? A ga bo kotsi? Kgotsa a ke sengwe se se diphatsa se re tshwanetseng go se tila?

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Go ka tswa go na le bomankge ba ba bolelelang dilo pele ba le dimilione di le tlhano kwa China fela

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Dikereke di le dintsi di rotloeditse botlhodi ka go tshegetsa metshameko ya “bingo”

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Dingwao tsa Keresemose tse di jaaka go atlana kafa tlase ga dikalana tsa setlhare sa motlhagala di tswa mo botlhoding

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela