Baebele ya Reng
A Tumelobotlhodi e Tsamaisana le Dithuto Tsa Baebele?
MOKWADI mongwe wa dikgang o ne a swetsa gore a se ka a tsamaya ka sefofane ngwaga otlhe ka ntlha ya gore motho yo o bolelelang isagwe pele o ne bonetse pele gore o ne a tla swa mo kotsing ya sefofane. Batho ba maemo a a farologaneng, go akaretsa batho ba dipolotiki, borakgwebo, batshameki ba difilimi, baatlelete, le baithuti ba dikholetšhe ba dirisa mefuta e e farologaneng ya tumelobotlhodi. Fa ba na le mathata, ba ngomogile pelo kana ba tlaletswe ba akanya gore tumelobotlhodi e tla ba sireletsa mo dikotsing kana e tla ba thusa gore ba fitlhelele mekgele ya bone.
Mefuta e le mentsi ya tumelobotlhodi e bonala e le ngwao e e kgatlhang kana e le tsela e e se nang molato ya go thusa batho mo tlhaloganyong. Moitsethutomotho e bong Margaret Mead yo o setseng a tlhokafetse o ne a bolela gore: “Tumelobotlhodi e bontsha keletso ya rona ya go batla gore dilo di direge ka tsela e re neng re batla ka yone kana ya go thibela sengwe se se bosula go diragala. Le fa re belaela tumelobotlhodi re itumelela gore e re sireletse le fa re se makgoba a yone.” Le fa go ntse jalo, batho ba ba batlang go itumedisa Modimo ba tshwanetse go ipotsa gore, ‘A tumelobotlhodi e tsamaisana le Bokeresete?’
Kwa Tumelobotlhodi e Simologileng Gone
Batho ka kakaretso ba ntse ba na le dipoifo tse dintsi—ba boifa loso, masaitseweng le go boifa se go tweng ke Botshelo Morago ga Loso, fa re umaka di le mmalwa fela. Satane, motsuolodi yo e leng moganetsi wa Modimo, o ikaeletse go dira batho makgoba, mme o ntse a godisa dipoifo tseo ka maaka a a bosula. (Johane 8:44; Tshenolo 12:9) Satane ga a nosi mo maitekong a gagwe a go faposetsa batho kgakala le Modimo. Mo Baebeleng Satane o bidiwa “mmusi wa madimona.” (Mathaio 12:24-27) Madimona ke bomang? Mo motlheng wa ga Noa palo e e rileng ya baengele e ne ya kopanela le Satane mo botsuoloding jwa gagwe kgatlhanong le Modimo mme ba itira madimona. Fa e sa le ka nako eo, ba ntse ba leka go tlhotlheletsa megopolo ya batho. Tumelobotlhodi e nnile nngwe ya maano a ba a dirisang.—Genesise 6:1, 2; Luke 8:2, 30; Jude 6.
Tumelobotlhodi e theilwe mo maakeng mangwe a ga Satane. E leng tumelo ya gore fa motho a swa go na le karolo nngwe e e tswang mo mmeleng wa gagwe mme e bo e boa e tla go ama batshedi. Mme gone Baebele ya re: “Fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.” Mme e bolela gape gore “ga go na tiro le fa e le go loga maano le fa e le kitso le fa e le botlhale” fa motho a sena go swa.—Moreri 9:5, 10.
“Sengwe se se Makgapha mo go Jehofa”
Batho ba le bantsi ba tlhophile go dumela maaka a ga Satane. Le fa go ntse jalo, dingwagangwaga tse di fetileng Modimo o ne a naya batho ba gagwe ba Baiseraele ditaelo tse di utlwalang sentle malebana le kgang eno. Lefoko la gagwe la re: “Go se ka ga fitlhelwa mo go wena ope yo o ralatsang morwawe kgotsa morwadie molelo, ope yo o dirisang boitseanape, yo o dirang maselamose kgotsa ope yo o batlang ditshupo dipe kgotsa moloi, kgotsa yo o dirisang lefoko la maselamose go kolopa ba bangwe kgotsa ope yo o lopang kgakololo mo go yo o buang le meya kgotsa yo o dirang tiro ya go bolelela ditiragalo pele kgotsa ope yo o botsang baswi. Gonne mongwe le mongwe yo o dirang dilo tseno o makgapha mo go Jehofa.”—Duteronome 18:10-12.
Ka maswabi, ga se ka metlha Baiseraele ba neng ba utlwa tlhagiso eno. Ka sekai, mo metlheng ya ga moporofeti Isaia, bangwe ba ne ba dumela gore, e le gore ba kgone go bona thobo e e molemo ba ne ba tshwanetse go itumedisa “modimo wa Masego”—tumelobotlhodi e e neng ya felela ka ditlamorago tse di botlhoko thata. Jehofa o ne a sa tlhole a ba amogela e bile a sa tlhole a ba segofatsa.—Isaia 65:11, 12.
Boikutlo jwa ga Jehofa ka tumelobotlhodi ga bo a ka jwa fetoga le ka nako ya Bokeresete. Moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa batho ba motse wa Lisetera ba ba neng ba rata tumelobotlhodi gore ba ‘tlogele dilo tseno tsa lefela [“boithamako” kana “tumelobotlhodi,” The Emphatic Diaglott] ba ye mo Modimong yo o tshelang, yo o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le dilo tsotlhe tse di mo go tsone.’—Ditiro 14:15.
Go Gololesega mo Tumelobotlhoding
Go na le ditiro di le dintsi tsa tumelobotlhodi mme tsotlhe di na le sengwe se di tshwanang ka sone—ga di tlhaloganyesege. Gareng ga dilo dingwe, tumelobotlhodi e ka dira gore batho ba akanye gore ba diragalelwa ke dilo tse di maswe ka ntlha ya bomadimabe go na le go rwala maikarabelo a ditiro tsa bone.
Se se itumedisang ke gore bontsi jwa batho ba kgonne go gololesega mo tumelobotlhoding. Jesu o ne a re: “Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.” (Johane 8:32) Clementina yo a neng a bolelela isagwe pele ka dingwaga di le 25 wa kwa Brazil o ne a re: “Go bolelela isagwe pele e ne e le yone fela tsela ya me ya go itshedisa. Mme boammaaruri jwa Baebele bo nkgolotse mo tumelobotlhoding.” Boammaaruri ke gore, go ithuta Baebele ka metlha le thapelo e e tswang pelong e e yang kwa go Jehofa Modimo di ka re thusa gore re nne re nonofile. Seno se ka re thusa gore re nne le mogopolo o o lekalekaneng le o o siameng, mme re tla kgona go dira ditshwetso tse di botlhale tse di tla re thusang gore re tile masetlapelo le go fokotsa ditlhobaelo.—Bafilipi 4:6, 7, 13.
Baebele e botsa jaana: “Lesedi le na le kabalano efe le lefifi? Mo godimo ga moo, go na le kutlwano efe mo gare ga ga Keresete le Beliale [Satane]?” Ka jalo, Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go tila tumelobotlhodi.—2 Bakorintha 6:14-16.
A O KILE WA IPOTSA GORE. . .
◼ Mo boemong jwa go ikanya Jehofa Baiseraele ba motlha wa ga Isaia ba ba neng ba rata tumelobotlhodi ba ne ba ikanya mang?—Isaia 65:11, 12.
◼ Moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa batho ba kwa Lisetera ba ba neng ba rata tumelobotlhodi gore ba dire eng?—Ditiro 14:15.
◼ A tumelobotlhodi e tsamaisana le Bokeresete?— 2 Bakorintha 6:14-16.
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Tumelobotlhodi e dira gore batho ba akanye gore ba sireletsegile go na le gore ba rwale maikarabelo a ditiro tsa bone