Go Tsentshiwa ke Baengele
“‘Rotlhe’ re na le baengele ba ba re kaelang le ba ba re babalelang . . . Fa re sa tshwenyatshwenyane le bone mme, jaaka bana, re ba tshepa ka mo go feletseng e bile re ba rata mme re ikokobeditse mo go bone ka go ba leboga, ba tla re tshololela masego a le mantsi thata. Ba tshameka le rona. Ba a re tlhokomela. Ba a re fodisa, ba a re ama, ba re gomotsa ka matsogo a a sa bonaleng a a lorato, mme ka metlha ba leka go re naya se re se batlang.”—Go tswa mo bukeng ya “Angel Letters.”
O TSHWANETSE go dumela gore boikutlo jono jo bo ratwang thata ka baengele bo a kgatlha. Go ya ka kgopolo e bangwe ba e bitsang “bomoya jo bosha,” mongwe le mongwe wa rona o abetswe bobotlana moengele a le mongwe, moengele yo tiro ya gagwe e leng go re gomotsa le go re sireletsa mo dikotsing. Go bolelwa gore moengele wa gago o nonofile e bile o lorato. Ga a tlhoke gore o mo utlwe kgotsa o mo obamele, e bile ga a kitla a go atlhola kgotsa a go kgalemela. O na le wena ka metlha, o rata thata go go bona o itekanetse sentle e bile o tlhagafaletse go go direla sengwe le sengwe se o se eletsang. Gompieno batho ba le bantsi ba dumela dilo tseno ka pelo yotlhe.
Gone mme, go dumela mo baengeleng ga se selo se sesha. Ba nnile le seabe se segolo thata mo dilong tse di neng di dumelwa ke batho fa e sa le mo metlheng ya bogologolo. Seno se bonala mo dilong tse di takilweng. Motlaagana le tempele ya Bajuda tsa bogologolo di ne di kgabisitswe ka ditshwantsho tsa ditšheruba, e leng mofuta mongwe wa baengele. Ditshwantsho tsa baengele di kgabisa dikereke le dikereke tse dikgolo mo Labokereseteng yotlhe. Dimusiamo di tletse ka ditshwantsho tsa baengele tse di takilweng le tse di betlilweng.
Kafa Baengele ba Ratiwang Thata ka Teng
Bosheng jaana, baengele ba ile ba kgatlhegelwa thata mo dinageng dingwe. Gantsi dibaesekopo di bontsha baengele e le batho ba ba suleng mme ba boetse gape mo lefatsheng go tla go dira ditiro tse di molemo. Mo baesekopong nngwe, baengele ba thusa setlhopha sengwe sa beisebolo se se fenngwang. Mo go e nngwe, moengele mongwe wa mmabaledi o thusa mosimane mongwe yo mosha go busolosa go bolawa ga lekgarebe la gagwe. Gape setlhogo sengwe se se buang ka moengele yo o thusang ba bangwe se tswelela pele sentle mo thulaganyong nngwe e e ratiwang thata e e bontshiwang mo thelebisheneng kwa United States.
Dipina tse di buang ka baengele di dintsi. Mo masomeng a dingwaga a bosheng jaana kwa United States, pina e le 1 e e rategang thata mo go tse 10 e umaka moengele. Mo magareng a bo1990, go ile ga bulwa “mabenkele a a rekisang dilwana tsa baengele” a a fetang 120 kwa Amerika. Mabenkele ano a rekisa ditshwantsho tsa baengele tse di betlilweng, mekgabisa le dilo tsa go kwala tse di nang le ditshwantsho tsa baengele—le eleng ditshamekisi tsa bana tse di kgabisitsweng ka ditshwantsho tsa baengele. Go bolelwa gore diseminara le makwalo a dikgang a ruta batho kafa ba ka ikgolaganyang le dibopiwa tseno tsa selegodimo ka gone. Dimakasine, makwalodikgang, le dithulaganyo tsa radio kana thelebishene tse go tshwarwang metlotlo mo go tsone di bolela kafa batho ba neng ba kopana le baengele ka gone.
Makgolokgolo a Dibuka
Mo godimo ga moo, go na le dibuka tse di buang ka baengele. Lebenkele lengwe le legolo la dibuka kwa New York City le na le dibuka tse di farologaneng tse di fetang 500 tse di buang ka baengele, segolobogolo baengele ba bababaledi. Dibuka tse di ntseng jalo di solofetsa babadi ba tsone gore di tla ba bontsha gore ba ka ikgolaganya jang le baengele ba bababaledi, ba itse maina a bone, ba bue le bone, le gore ba kope thuso mo go bone. Dibuka tseno di na le dipolelo di le dintsi tse di bontshang kafa baengele ba ileng ba tlhaga ka gone ka dinako tse batho ba neng ba ba tlhoka thata ka tsone, ba tlosa batho mo tseleng ya dikoloi, ba fodisa malwetse a a bolayang, ba gomotsa ba ba dipelo di ngomogileng, le kafa ba ileng ba sireletsa masole mo ntweng ka gone. Baengele ba ba ntseng jalo ba dira ditiro tseno “kwantle ga go tlhoka gore batho ba bontshe gore ba ikwatlhaile, ba sokologile, kgotsa gore ba ineetse mo tumelong efe.” Le fa go ntse jalo, “go kopana” jalo le baengele gompieno, ga go nke go tlhotlheletsa batho go fetola matshelo a bone. Batho ba ba bolelang gore ba kile ba itemogela dilo tseno gantsi ba sala fela ba itumeletse se se ba diragaletseng.
Mo motlheng ono o o ngomolang pelo le wa mathata, dipolelo tseno di ka utlwala e le dikgang tse di molemo thata. Le fa go ntse jalo, a di ka ikanngwa? A re tshwanetse go amega ka tsone?
[Mafoko a a mo go tsebe 24]
Batho ba le bantsi ba dumela gore bone ka bobone ba kile ba kopana le baengele