LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 11/15 ts. 3-4
  • A o Na le Moengele Yo o Go Sireletsang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Na le Moengele Yo o Go Sireletsang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Kgatlhegela Baengele
  • Go Tsentshiwa ke Baengele
    Tsogang!—1999
  • A o Na le Moengele Yo o Go Tlhokomelang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Baengele ke Eng Kgotsa ke Bomang?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Kafa Baengele Ba ka Go Thusang ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 11/15 ts. 3-4

A o Na le Moengele Yo o Go Sireletsang?

A O DUMELA gore o na le moengele yo o go sireletsang? Batho ba le bantsi ba akanya jalo. Ka ntlha ya seo, go bolelwa gore go na le mosadi mongwe kwa Canada bophirima yo o nang le mpho e e kgethegileng e e amanang le baengele. Fa o ka mo neela leina la gago le le feletseng le $200 (R830), o bolela gore o tla go golaganya le moengele wa gago yo o go sireletsang. Sa ntlha, o tlhatlhanya ka go tlhoma matlho mo kgabong ya kerese. Morago ga foo o bona pono e mo go yone moengele wa gago a mo nayang molaetsa o a tshwanetseng go o fetisetsa mo go wena. Mo godimo ga moo, mosadi yono o go naya setshwantsho se se bontshang kafa moengele wa gago a lebegang ka teng.

Mo bathong ba bangwe, seno se tshwana fela le kgang ya Kgosi Louis IX wa Mofora. Ga twe o ne a reka diphofa tse di turang tse go tweng di ole mo diphukeng tsa Moengele yo Mogolo Mikaele. Le fa batho ba le bantsi ba ka tswa ba belaela kgang eo, ba ka se ka ba belaela se se bolelwang ke mosadi yono wa kwa Canada.

Go Kgatlhegela Baengele

Mo dingwageng tsa bosheng jaana baengele ba ile ba kgatlhegelwa thata. Mo thelebisheneng, mo dibaesekopong, mo dibukeng, mo dimakasineng le mo makwalong a dikgang, re bolelelwa ka baengele ba ba gomotsang batho ba ba lwalang thata, ba tshedisa ba ba swetsweng, ba aba botlhale, le go namola batho mo losong. Kwa United States, batho ba ba lebelelang thelebishene ba ba ka nnang dimilione di le 20 ba lebelela kgangtswelelopele nngwe e e bontshang kafa baengele ba dirisanang le batho ka teng. Lebenkele lengwe le le rekisang dibuka le na le lenaane la dibuka tse di fetang 400 tse di buang ka baengele.

Buka nngwe ya bosheng e tlhalosa ditiragalo dingwe tse mo go tsone baengele ba ba sireletsang ba ileng ba namola matshelo a masole mo ntweng. Mekwalo e e kafa morago ga dikoloi e bolela gore bakgweetsi ba tsone ba tlhokometswe ke baengele ba ba ba sireletsang. Mekgatlho, dikopano le diseminara di rotloetsa thuto ya baengele mme go bolelwa gore e thusa batho go buisana le bone.

Eileen Freeman ke mokwadi wa dibuka tse tharo tse di buang ka baengele le mogatisi wa lokwalopaka lo lo buang ka baengele fela. O bolela jaana: “Ke dumela gore jaaka go na le baengele kwa legodimong le mo Lefatsheng go na le baengele ba ba sireletsang ba ba tshwanang le bone, ba tiro ya bone e seng fela go galaletsa Modimo kwa legodimong mme gape e leng go sireletsa batho le ditshedi tse dingwe mo Lefatsheng. Mongwe le mongwe wa rona fa a imiwa, o neelwa moengele yo o mo sireletsang mme o a re lebelela fa re ntse re gola mo popelong, fa re tsholwa le mo botshelong jwa rona jotlhe mo lefatsheng leno, go fitlha moengele yoo a re kaela go tswa mo lefatsheng leno go ya kwa kgalalelong ya legodimo.” Seno se tlhalosa sentle boikutlo jo bo tlwaelegileng ka baengele ba ba sireletsang.

Mo metlheng e e ngomolang pelo le e e boima eno, go nametsa pelo go dumela gore mongwe le mongwe wa rona o na le moengele yo o re sireletsang, yo tiro ya gagwe e leng go re babalela. Lefoko la Modimo e leng Baebele la reng ka seno? A re tshwanetse go leka go ikgolaganya le baengele? A ba amegile ka boitsholo jwa rona le ka dilo tse re di dumelang? Re ka lebelela thuso efe mo go bone? Dipotso tseno di tla arabiwa mo setlhogong se se latelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela