LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g99 12/8 ts. 2-7
  • ‘Diphetogo Tse Dikgolo Thata’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Diphetogo Tse Dikgolo Thata’
  • Tsogang!—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Diphetogo mo go Tsa Dipolotiki
  • Lekgolo la Dingwaga la Ntwa
  • “Nngwe ya Ditiragalo Tse di Gakgamatsang Thata”
  • Phetogo e Kgolo e e Lereng Maemo a a Botoka
    Tsogang!—1999
  • Ntwa e e Tla Khutlisang Dintwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Lefatshe Le ne Le Ntse Jang Dingwaga Tse 50 Tse di Fetileng?
    Tsogang!—1995
  • Karolo 8—Motswako wa Sepolotiki wa Tshipi E E Tlhakaneng le Mmopa
    Tsogang!—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1999
g99 12/8 ts. 2-7

‘Diphetogo Tse Dikgolo Thata’

“Lekgolo la bo20 la dingwaga le nnile le diphetogo tse dikgolo thata le tse di anameng thata go feta lekgolo lepe le lengwe la dingwaga mo hisitoring ya motho.”—The Times Atlas of the 20th Century.

FA RE sekaseka ditiragalo tsa lekgolo la bo20 la dingwaga, ga go belaetse gore batho ba le bantsi ba tla dumalana le Walter Isaacson, yo e leng morulaganyimogolo wa makasine wa Time, yo o neng a re: “Jaaka fa makgolo a dingwaga a ntse a feta, lekgolo leno la dingwaga le nnile le le gakgamatsang go a feta otlhe: le le tlhotlheletsang, ka dinako tse dingwe le boifisa, mme le kgatlha ka dinako tsotlhe.”

Gro Harlem Brundtland yo e kileng ya bo e le tonakgolo ya Norway, le ene o bolela gore lekgolo leno la dingwaga le ile la bidiwa “lekgolo la dingwaga le go neng ga feteletswa dilo mo go lone, . . . le boikepo jwa batho bo nnileng maswe fela thata mo go lone.” O bolela gore e nnile “lekgolo la dingwaga le le gatetseng pele thata [mme mo mafelong a mangwe] ikonomi e gola go feta le fa e le leng pele.” Le fa go ntse jalo, fa maemo a eme jalo, ditoropo tse di humanegileng di lebane le isagwe e e sa itumediseng ya “go kgotlhagana le go anama ga malwetse a a farologaneng a a bakwang ke go humanega le ke tikologo e e sa itekanelang.”

Diphetogo mo go Tsa Dipolotiki

Fa lekgolo la bo20 la dingwaga le simolola, losika lwa segosi lwa Manchu kwa China, Mmusomogolo wa Ba-Ottoman, le mebuso e mengwe e le mmalwa ya Yuropa e ne e laola karolo e kgolo thata ya lefatshe. Mmusomogolo wa Boritane fela, o ne o laola kwatara e le nngwe ya lefatshe mme o ne o busa mo e ka nnang motho a le 1 mo go ba le 4 mo lefatsheng. Bogologolo pele lekgolo leno la dingwaga le wela, mebusomegolo eno yotlhe e ne e setse e le fela mo dibukeng tsa hisitori. The Times Atlas of the 20th Century e bolela jaana: “Ka 1945, motlha wa gore mebuso e megolo e laole e mengwe e mennye o ne o sa tlhole o le gone.”

Go nyelela ga dipuso tsa kolone go ne ga dira gore moya wa boratanaga, o o neng o rena mo Yuropa mo gare ga lekgolo la bo17 le la bo19 la dingwaga, o fetele le mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. The New Encyclopædia Britannica e bolela jaana: “Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, boratanaga bo ne jwa kokobela mo dinageng di le dintsi tsa Yuropa . . . Le fa go ntse jalo, kwa Asia le Afrika, boratanaga bo ne jwa gola ka bonako thata, thatathata bo ne bo bakwa ke go lwantsha bokolone.” Kgabagare, go ya ka The Collins Atlas of World History, “Dinaga Tse di Humanegileng di ne di simolotse go ntsha tlhogo mo hisitoring, mme motlha o o simolotseng makgolo a le matlhano a dingwaga pele ga moo, fa Yuropa e ne e simolola go gola, jaanong o ne o fedile.”

Jaaka fa mebuso e megolo e ne e phutlhama, dinaga tse di ikemetseng di ne tsa simolola go tlhagelela—palo e kgolo ya tsone e ne e dirisa puso ya temokerasi. Gantsi puso eno ya temokerasi e ne ya kopana le kganetso e kgolo thata, e e jaaka ya dipuso tsa bobusaesi tsa kwa Yuropa le Asia ka Ntwa ya Lefatshe II. Dipuso tseno di ne di sa neye batho kgololesego ya bone mme di ne di laola ikonomi, metswedi ya tshedimosetso, le sesole ka tsela e e gagametseng thata. Maiteko a tsone a go batla go rena mo godimo ga lefatshe lotlhe kgabagare a ne a emisiwa, mme e le morago fela ga gore go senngwe madi a le mantsi thata le gore go swe batho ba le bantsi thata.

Lekgolo la Dingwaga la Ntwa

Eleruri, selo se segolobogolo se tlhaolang lekgolo la bo20 la dingwaga mo makgolong a mangwe otlhe a dingwaga a a fetileng ke ntwa. Malebana le Ntwa ya Lefatshe I, rahisitori mongwe wa Mojeremane e bong Guido Knopp o kwala jaana: “August 1, 1914: Ga go na motho ope yo o neng a akanya gore lekgolo la bo19 la dingwaga, le Bayuropa ba neng ba ipelela kagiso ka lobaka lo loleele mo go lone, le ne la khutla ka letsatsi leo; mme ga go na yo o neng a lemoga gore lekgolo la bo20 la dingwaga tota le ne la simolola ka yone nako eo—ka nako ya ntwa e e neng ya tswelela masome a le mararo a dingwaga mme e bontsha se batho ba kgonang go se dira batho ba bangwe.”

Porofesa nngwe ya hisitori e bong Hugh Brogan, o ne a re gakolola gore “se ntwa eno e neng ya se dira mo United States se ne se boitshega, se tshosa, mme se sa ntse se utlwiwa le gompieno [ka 1998].” Porofesa nngwe ya hisitori kwa Harvard University, e bong Akira Iriye, o ne a kwala jaana: “Ntwa ya Ntlha ya Lefatshe e ne e le tiragalo e e supang diphetogo mo hisitoring ya Asia Botlhaba le ya United States ka ditsela di le dintsi.”

Go a utlwala go bo The New Encyclopædia Britannica e re ntwa ya ntlha le ya bobedi ya lefatshe ke “ditiragalo tse dikgolo thata mo hisitoring ya lefatshe le ya dipolotiki ya lekgolo la bo20 la dingwaga.” E bolela gore “Ntwa ya Lefatshe I e ne ya felela ka go phutlhama ga masika a le manè a magolo a segosi . . . , ya felela ka Menolopuso ya Bolshevik kwa Russia, mme . . . ya thaya motheo wa Ntwa ya Lefatshe II.” Gape e re bolelela gore dintwa tseno tsa lefatshe di batla di “bolaile, tsa gaila tsa ba tsa senya go gaisa le fa e le leng pele.” Guido Knopp le ene o bolela jaana: “Bosetlhogo le bolalome mo bathong bo nnile maswe thata go feta jaaka go ne go ka lebelelwa. Mo teng ga mesele . . . go ne go jalwa dipeo tsa motlha o mo go one batho ba neng ba lejwa e le dilo, e seng batho.”

Go thibela dintwa tse dingwe tsa masetlapelo tse di tshwanang le tseno, lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba le ne la tlhongwa ka 1919. Ka ntlha ya gore le ne la palelwa ke go boloka kagiso mo lefatsheng, le ne la emisediwa ke lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Le mororo lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne la atlega go thibela ntwa ya boraro ya lefatshe, ga le a ka la kgona go thibela Ntwa ya Molomo, e ka masomesome a dingwaga e neng ya tshosetsa go nna ntwa ya masetlapelo ya nuklea. E bile ga ya kgona go thibela dikgotlhang tse dinnye tsa lefatshe lotlhe, tse di jaaka tse di kwa dinageng tsa Balkan.

Jaaka palo ya dinaga tse di leng mo lefatsheng e oketsegile, mathata a go boloka kagiso magareng ga tsone le one a oketsegile. Fa go bapisiwa mmapa wa pele ga Ntwa ya Lefatshe I le wa motlha wa segompieno go fitlhelwa gore kwa tshimologong ya lekgolo leno la dingwaga, bobotlana dinaga di le 51 tsa Afrika le di le 44 tsa Asia tse di leng teng gompieno di ne di sa ikemela ka nosi ka nako eo. Mo dinageng tse gompieno e leng maloko a le 185 a lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, a le 116 a one a ne a ise a nne dinaga tse di ikemetseng ka nosi fa lekgotla leno le ne le thewa ka 1945!

“Nngwe ya Ditiragalo Tse di Gakgamatsang Thata”

Fa lekgolo la bo19 la dingwaga le ela go fela, Mmusomogolo wa Russia e ne e le one mmuso o mogolo thata mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, o ne o ntse o latlhegelwa ke kemo nokeng ya one ka bonako. Go ya ka mokwadi Geoffrey Ponton, batho ba le bantsi ba ne ba akanya gore “go ne go tlhokega menolopuso e seng kagosesha.” O oketsa jaana: “Le fa go ntse jalo, go ne ga tlhokega ntwa e kgolo, Ntwa ya Ntlha ya Lefatshe, le tlhakatlhakano e e neng ya latela morago ga yone, gore menolopuso ya mmatota e feleletse e diregile.”

E ne ya re fa Ba-Bolshevik ba tsaya marapo kwa Russia ka nako eo, go ne ga simolola puso e ntšha—e leng Bokomonise jwa lefatshe jo bo neng bo etleetswa ke Soviet Union. Le mororo Mmusomogolo ono wa Soviet o ne wa simolola fa lefatshe lotlhe le ne le lwa, ga wa ka wa nyeletswa ke sefako sa marumo. Buka ya ga Michael Dobbs ya Down With Big Brother, e bolela gore kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo1970, Soviet Union e ne e le “mmuso o mogolo thata wa ditšhaba tse dintsintsi o o neng o setse o kgokologela kwa lengopeng.”

Le fa go ntse jalo, go gosomana ga one go diregile fela ka tshoganyetso. Buka ya ga Norman Davies ya Europe—A History, e akgela jaana: “Lobelo lo o gosomaneng ka lone lo ne lo feta go gosomana gope go gongwe go go diragetseng mo hisitoring ya Yuropa,” mme “go diragetse ka dilo tsa tlholego.” Ponton o bolela gore ruri “go tlhagoga, go gola le go gosomana ga Soviet Union,” e ne e le “nngwe ya ditiragalo tse di gakgamatsang thata tsa lekgolo leno la bosome a mabedi la dingwaga.”

Totatota, go gosomana ga Soviet Union e ne e le nngwe fela ya diphetogo tse dintsintsi tse dikgolo tsa lekgolo leno la bo20 la dingwaga tse di neng tsa nna le matswela a magolo thata. Gone mme, go fetoga ga dipolotiki ga se selo se sesha. Go ntse go direga ka diketekete tsa dingwaga.

Le fa go ntse jalo, go na le phetogo nngwe mo dikgannyeng tsa puso e e neng ya direga mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga e e botlhokwa fela thata. Gore phetogo eno ke efe le gore e go ama jang wena ka bowena, go tla tlotliwa ka gone moragonyana.

Le fa go ntse jalo, santlha, mma re tlhatlhobeng dingwe tsa dilo tse saense e di fitlheletseng mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga. Malebana le tsone, Porofesa Michael Howard o konela jaana: “Batho ba Yuropa Bophirima le ba Amerika Bokone ba ne ba lebega ba na le lebaka le le utlwalang thata la go amogela lekgolo la bosome a mabedi la dingwaga e le go simolola ga motlha o mosha le o o itumedisang thata mo hisitoring ya motho.” A dikgatelopele tseno di ne di tla felela ka se go tweng ke botshelo jo bo monate?

[Tšhate/Ditshwantsho mo go tsebe 2-7]

(For fully formatted text, see publication)

1901

Mohumagadi Victoria o ne a swa morago ga go busa ka dingwaga di le 64

Baagi ba lefatshe lotlhe ke dimilione di le dikete di le 1,6

1914

Kgosanakgolo Ferdinand o lobelwa dintsi. Ntwa ya Lefatshe I e a simologa

Mmusimogolo wa bofelo, Nicholas II, le lelapa la gagwe

1917

Lenin o isa Russia kwa menolopusong

1919

Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba le a thewa

1929

Go wa ga mebaraka kwa United States go felela ka Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi

Gandhi o tswelela pele go kgaratlhela kemonosi ya India

1939

Adolf Hitler o tlhasela Poland, a simolola Ntwa ya Lefatshe II

Winston Churchill o nna tonakgolo ya Great Britain ka 1940

Polao ya Kgailo

1941

Japane e thuntsha Pearl Harbor ka dibomo

1945

United States e latlhela dibomo tsa atomo kwa Hiroshima le Nagasaki. Ntwa ya Lefatshe II e a khutla

1946

Kokoanotheomolao ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e kopana mmogo lekgetlho la ntlha

1949

Mao Tse-tung o itsise People’s Republic of China

1960

Dinaga tse disha di le 17 tsa Afrika di a tlhongwa

1975

Ntwa ya Vietnam e a khutla

1989

Lobota Lwa Berlin lwa gosomana jaaka fa Bokomonise bo latlhegelwa ke maatla a jone

1991

Soviet Union e a thubega

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela