LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g00 11/8 ts. 18
  • Go Namola mo Gogolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Namola mo Gogolo
  • Tsogang!—2000
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba a Namolwa
  • Pabalesego ya Gago e Ikaegile ka Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Thoromo ya Lefatshe Kwa Haiti—Go Bontsha Lorato le Tumelo
    Tsogang!—2010
  • Ke ne Ka Segofadiwa ka Ntlha ya go Baya Modimo Kwa Pele
    Tsogang!—2009
  • A go Siame Gore Motho a Dire Ditiro Tse di Molemo ka Letsatsi la Sabata?
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2000
g00 11/8 ts. 18

Go Namola mo Gogolo

Ka mmegadikgang wa Tsogang! kwa BENIN

“LEBAKA la go bo banna ba bararo bao ba tshela ke ka gonne Basupi ba ga Jehofa ba ba namotse!” Tseo ke dikgang tse di neng tsa anama jaaka molelo wa naga mo motseng wa Calavi, kwa nageng ya Afrika Bophirima ya Benin, ka Laboraro, April 19, 2000. Banna ba bararo bao e ne e le bomang, mme Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ba namola jang?

Mo e neng e ka nna ka 6:30 a.m., Philippe Elegbe le Roger Kounougbe ba ne ba ipaakanyetsa go ya go dira kwa lefelong la kopano la Basupi ba ga Jehofa, le le bapileng le ofisi ya lekala ya Benin ya Mokgatlho wa Watch Tower. Mo maitseboeng ao, batho ba le makgolokgolo ba ne ba tlile go kopanela moo go keteka Segopotso sa ngwaga le ngwaga sa loso lwa ga Jesu Keresete.a Ka tshoganyetso, ba ne ba utlwa modumo o mogolo thata o o neng wa senya tshisibalo eo ya mo mosong. Gone fela foo, Philippe le Roger ba ne ba lemoga gore go ne go diragetse kotsi kwa tseleng e kgolo.

Gone fela foo ba ne ba utlwa monna a goa a re: “Badiri ba me ba bararo ba kafa tlase ga dikgetse tsa samente!” Philippe le Roger ba ne ba tabogela kwa tseleng e kgolo. Fa ba goroga teng ba ne ba fitlhela lori ya ditone tse 20 e ole ka letlhakore. Dikgetsi tse dintsi tse di tletseng samente di ne di ole mo loring eo.

Josué Didolanvi, yo le ene a neng a dira kwa lefelong la kopano, o ne a setse a le foo, a goga monna a mo ntsha mo gare ga khanopi ya lori le dikgetsi tsa samente. Mokgweetsi, yo o neng a intshitse mo khanoping eo, o ne a sa ntse a tshogile. Mme le fa go ntse jalo o ne a kgona go goela kwa godimo a re: “Go sa ntse go na le batho ba babedi kafa tlase ga dikgetsi tsa samente!” Bangwe ba ba neng ba lebile ba ne ba simolola go ntsha dikgetsi tseo, mme ba ne ba tlogela ka bonako ka gonne di ne di le mogote thata. Samente se ne se sa tswa go tswa mo pesetsong ya modiri wa sone!

Ba a Namolwa

Philippe, Roger, le Josué ba ne ba simolola go dira ka natla ba ntsha dikgetsi tsa samente, ba di ntsha ka bongwe ka bongwe. Diatla tsa bone di ne di opa thata ka ntlha ya mogote le bokete jwa dikgetsi tseo tsa bokete jwa dikilogerama di le 50. Se se neng se dira gore go nne thata le go feta ke gore samente se ne se tshologa mo dikgetsing tse di phunyegileng, se ntsha menwana ya bone matsadi, e bile se dira gore ba heme ka bothata. Josué o ne a bolela jaana moragonyana: “Diatla tsa me di ne di le botlhoko, segolobogolo menwana ya me. Mme ke ne ke ntse ke akanya gore go sa ntse go ka kgonega gore re boloke le fa e le mang yo o neng a sa ntse a le kafa tlase.”

Morago ga go ntsha dikgetsi di ka nna 40, banna ba bararo bao ba ne ba bona moseme wa letlhaka. Ba ne ba gakgamala fa ba bona banna bao ba babedi teng foo—kafa tlase ga moseme oo. Ba ne sa ntse ba tshela! Fa kotsi eo e ne e direga, banna bano ba ne ba le kwa morago ga lori ba robetse mo mosemeng oo o o neng o khurumeditse dikgetsi tsa samente. Moseme oo o ne wa ba wela fa ba ne ba wa go tswa mo loring, wa ba sireletsa mo mogoteng wa dikgetsi tsa samente tse di neng di ba wetse mo godimo.

Ka nako ya go namola le morago ga yone, batho ba le bantsi ba ne ba phuthegile ba tlile go bona. Botlhe ba ne ba gakgamaditswe ke gore Philippe, Roger, le Josué ba ne ba kgonne go ntsha dikgetsi tseo tsa ditone tse pedi ka bonako jo bo kalo mo maemong a a seng motlhofo jalo. Gape ba ne ba kgatlhilwe ke gore banna ba bararo bano ba ne ba tsere matsapa a a kalo gore ba thuse batho ba ba neng ba sa ba itse. Ka bonako fela morago ga moo, mongwe le mongwe mo Calavi o ne a itse ka maiteko ao a bone a bonatla.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Basupi ba ga Jehofa ba keteka mokete ono o o boitshepo ngwaga le ngwaga e le go ikobela taelo ya ga Jesu.—Luke 22:19.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Roger a tshotse moseme wa lotlhaka morago ga namolo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela