LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g02 9/8 ts. 15
  • Go Dirisa Tsogang! ka Tsela e e Molemo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Dirisa Tsogang! ka Tsela e e Molemo
  • Tsogang!—2002
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng se se Nthibelang go Kolobediwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Modimo o Dira Gore go Gole Kwa Alaska
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Fa o Tlhokafaletswe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
  • “Ke ne Ka Bona, Mme Ga ke A ka Ka Tlhaloganya”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2002
g02 9/8 ts. 15

Go Dirisa Tsogang! ka Tsela e e Molemo

VANESSA wa dingwaga tse 16, yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kwa United States, o ne a tshwanelwa ke go kwala pego ya sekolo ka ga anorexia. O bolela jaana: “Ke ne ka kgona go bona tshedimosetso e se kae fela fa ke dira dipatlisiso. Ke ne ka bua le batsadi ba me ka gone, mme ba nkgothaletsa go dira dipatlisiso ka kgang eno mo dikgatisong tsa rona.”

Vanessa o ne a kgona go bona tshedimosetso e ntsi ya pego ya gagwe ka go batlisisa mo dikgatisong tsa Basupi ba ga Jehofa. O bolela jaana: “Seno e ne e le bontlhanngwe fela jwa kabelo ya me. Gape ke ne ke tshwanetse go tlotla fa pele ga morutabana le baithuti ba le 20!” Vanessa o ne a tla rarabolola kgang eno jang?

Fela jaaka Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe, Vanessa o amogela thapiso ya go nna sebui sa phatlalatsa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, se se tshwarelwang kwa Holong ya Bogosi ya lefelo la bone. Vanessa o bolela jaana: “Re thapisediwa go ya bodireding le go bua le batho ba bangwe mo sekolong seno. Gape re newa kgakololo ya kafa re ka tokafatsang tsela e re buang le batho ka yone gore ba re tlhaloganye sentle.” Maduo a go dira ka natla ga ga Vanessa mo pegong ya sekolo e nnile afe? O bolela jaana: “Ke ne ka amogela maduo a a kwa godimo.”

Vanessa ke mongwe wa basha ba bantsi ba ba dirisang dikgatiso tse di thailweng mo Baebeleng le thapiso ya semoya ka tsela e e molemo. Basha ba ba ntseng jalo ba tlhoka go akgolwa ka go bo ba latela kgakololo ya Moreri 12:1: “Jaanong, gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo mo malatsing a bokau jwa gago.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela