LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 3/1 ts. 25
  • Modimo o Dira Gore go Gole Kwa Alaska

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modimo o Dira Gore go Gole Kwa Alaska
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dirisa Tsogang! ka Tsela e e Molemo
    Tsogang!—2002
  • Go Itima Dilo Tse Dinnye go Ile ga re Tlisetsa Masego a Magolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Kgang ya Botshelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Nka Nna Tsala ya Modimo Jang?
    Tsogang!—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 3/1 ts. 25

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Modimo o Dira Gore go Gole Kwa Alaska

KAFA tlase ga kobo ya kapoko le kgapetla, peo e nnye e letetse sebaka sa gore e gole. Mo dikgweding tse tharo tse dikhutshwane tse e leng tsa selemo kwa Alaska, peo ya khabeshe ya bogolo jwa dimilimetara di le tharo ka bophara e ka nna ya gola go nna bogolo jo bo ka nnang dikilogerama di le 40! Ee, naga eno e bangwe ba kileng ba akanya gore ke naga e e tsididi e e ka se kang ya ungwa e ka ungwa maungo a mantsi.

Go ntse jalo segolobogolo ka tshimo ya semoya kwa Alaska. Koo, kwa nageng ya mariga a maleele, Basupi ba ga Jehofa ba tswelela pele go jala peo ya Bogosi. Jaaka kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, Modimo o dira gore peo e gole mo dipelong tse di siameng.—1 Bakorintha 3:6, 7.

● Fa Mosupi mongwe yo mosha yo o bidiwang Vanessa a ne a ntse a le mo beseng ya sekolo, o ne a etse tlhoko moithutikaene e bong Ann, yo ka metlha a neng a nna a le nosi. Ann o ne a lebega a hutsafetse, ka jalo Vanessa o ne a mo laletsa go nna fa thoko ga gagwe. Ga go gakgamatse go bo Ann a ne a hutsafetse! Mmaagwe o ne a tlhokafetse ka ntlha ya go ema pelo, mme sebakanyana morago ga foo, rraagwe o ne a tlhokafala ka ntlha ya kankere. Ke ka lebaka leo Ann a neng a nna le ba losika kwa Alaska.

Ka Matlhatso mangwe fa Vanessa a le mo tirelong ya tshimo, o ne a tsena mo legaeng la tsala ya gagwe e ntšha mme a mo tlogelela boroutšhara jwa A Ruriruri Modimo o Amega ka Rona? Ka Mantaga o o latelang kwa sekolong, Ann o ne a batla Mosupi yo mosha yono. Ann o ne a na le dipotso tse dintsi tsa Baebele, tse Vanessa a ileng a kgona go di araba. “Lo tshwarela kae tirelo ya lona?” a botsa jalo. Mo maitseboeng ao Ann o ne a nna teng kwa pokanong lekgetlho la ntlha kwa Holong ya Bogosi.

Ga go a ka ga tsaya nako e telele gore khutsana eno ya dingwaga di le 17 e bone ‘borre’ le ‘bommè’ ba le bantsi fela jaaka Jesu a solofeditse. (Mathaio 19:29) Mme a bo go ne go itumedisa jang ne go bona Ann yo o itumetseng e bile a nyenya a bontsha boineelo jwa gagwe mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo”!

● Kwa mafelong a a kgakala a kgaolo e kgolo ya Alaska ya Arctic—kwa metsana e kgaoganngwang ke dikilometara di le dintsintsi—sefofane sa dienjene di le pedi sa Mokgatlho wa Watch Tower se ile sa dirisediwa go jala peo ya Bogosi mo mafelong a le 150. Mme gore go nne le kgatelopele ya semoya go ikaegile ka go ithuta Baebele ka makwalo. E re ka go kwala makwalo e le kgwetlho mo bathong ba le bantsi, morutisi wa Baebele o tshwanetse go kgona go tlhalosa dilo ka tsela e e kgatlhang gore moithuti a nne a ntse a kgatlhega. Seno se ka kgona go dirwa jang?

Kathy o ne a tshwara thuto ya Baebele e e gatelang pele le Edna, le mororo ba ne ba nna mo mafelong a a kgaoganeng ka dikilometara di le 600! Go na le gore Kathy a kwalolole fela dipotso go tswa mo bukeng e e ithutiwang, o ne a dira tsebe e go ka kwalelwang dipotso mo go yone mme a dira le karolo e go ka kwalwang dikarabo mo go yone. Fa Edna a sena go tsenya dikarabo, Kathy o ne a araba mme a tsenya le dikakgelo tse di neng di tlhokega go phepafatsa ntlha nngwe. Kathy o bolela jaana: “Ke ne ka beela maitseboa a Laboraro kwa thoko go ‘thuto’ ya rona, mme ke ne ke leka go boloka thulaganyo eo jaaka ke ne ke dira ka nako e e beilweng ya thuto nngwe le nngwe ya Baebele. Gape ke ne ke romelela Edna enfelopo e e kwadilweng aterese le e e nang le setempe. E re ka nako ya poso e ne e tsaya dibeke di le pedi, go ne go bonala fa thuto ka poso e le bonya.”

A ko o akanye gore Kathy o ne a itumela jang fa a kopana le Edna ba lebane difatlhego kwa kopanong ya kgaolo kwa Anchorage morago ga go ithuta dikgwedi di le lesome ka poso! Basupi ba ne ba itumelela gape go nna le baithuti ba Baebele le batho ba ba kgatlhegang ba ba neng ba le teng go tswa kwa metsaneng e le mmalwa e e kwa thoko ya kwa Alaska.

Le fa ka dinako tse dingwe kgolo e ka lebega e le bonya, “dipeonyana” dingwe di ka mela ka bonako fa di ka bona lesedi la boammaaruri. Ka kakaretso, go na le babaki ba ga Jehofa ba ba fetang lekgolo ba ba kolobediwang ngwaga le ngwaga kwa Alaska! Re a re “Jehofa re a go leboga” go bo o dira gore go gole!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela