LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g05 4/8 ts. 18
  • Babogedi Ba ba Mo Kotsing

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Babogedi Ba ba Mo Kotsing
  • Tsogang!—2005
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Go A Kgathalesega Gore Ke Dibaesekopo tsa Mofuta Ofe Tseo Ke Di Bogelang?
    Tsogang!—1990
  • Ke Dibaesekopo Dife Tse Wena o Tla di Lebelelang?
    Tsogang!—2005
  • Nka Tlhopha Jang Baesekopo E E Siameng?
    Tsogang!—1990
  • Dira Gore Bana ba Gago ba Simolole Botshelo Sentle
    Tsogang!—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2005
g05 4/8 ts. 18

Babogedi Ba ba Mo Kotsing

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA FINLAND

BANA ba le bantsi ba tsaya difilimi, thelebishene, dibidio, di-DVD, metshameko ya khomputara le Internet e le dilo tse di tlwaelegileng fela. Pego nngwe ya bosheng e e neng ya gatisiwa ke Finnish Board of Film Classification (Lekgotla le le Rulaganyang Difilimi Go ya Ka Maemo a Tsone la Kwa Finland) e ne ya re, “go ya ka diphopholetso dingwe tse di dirilweng, nako e bana ba e fetsang ba lebile thelebishene e ntsi ka makgetlo a le 20 go ya go 30 go feta nako e ba e dirisang ba na le ba malapa a bone.”a Ka maswabi, dilo tseno di dira gore bana ba lebe dilo tse dintsi tse di kotsi.

Mo dinageng dingwe, balaodi ba leka go sireletsa bana ka go tlhoma molao o o kaelang gore dithulaganyo tsa dithelebishene di ka lebelelwa ke bana ba dingwaga tse kae le gore ke dithulaganyo tsa mofuta ofe tse ba ka di lebelelang. Le fa go ntse jalo, go ya ka pego eo, ga se gantsi bana le batsadi ba bone ba tlhaloganyang gore melao eno e supa eng kgotsa gantsi ba e itlhokomolosa. Mo godimo ga moo, mafelo a mantsi a bobogelo jwa dibaesekopo le mabenkele a a rekisang dibidio a itlhokomolosa dingwaga tse di supiwang mo dibidiong. Mme e bile, dithulaganyo le difilimi dingwe ga di bontshe le gore ke tsa mofuta ofe kgotsa di ka lebelelwa ke bana ba dingwaga dife.

Mongwe wa barutabana yo o neng a botsolodiwa o ne a bolela jaana: “Go bonala fa gantsi baithuti ba sa tseye filimi e le ya thubakanyo fa e le gore ga go na tshololo ya madi mo go yone.” Dibidio di le dintsi le metshameko ya khomputara—tota le ditshwantsho tsa metlae e e diretsweng segolobogolo bana—e na le dilo tse di ka nnang kotsi mo go bone.

Pego eo e bolela gore lelapa lengwe le lengwe le na le “maikarabelo a magolo a go bona gore bana ba lebelela dithulaganyo tsa thelebishene le difilimi tse di ntseng jang.” Pego eo e konela ka go botsa potso eno e e dirang gore motho a akanye: “A rona bagolo re na le bokgoni e bile re batla go sireletsa bana mo dilong tse di kotsi tse di bontshiwang mo dithelebisheneng le mo difiliming?”

[Ntlha e e kwa tlase]

a Pego ya “Melao e e Tlhomilweng Malebana le go Sireletsa Bana, Le go Ba Lekanyetsa Gore ba Lebe Dithulaganyo Dife Fa ba Le Dingwaga di Kae” e ne e theilwe mo patlisisong e e neng e akaretsa baithuti ba le 340 ba dikolo tse dipotlana mmogo le batsadi ba bone le barutabana ba bone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela