Kafa Motsana wa go Tshwara Ditlhapi o Ileng wa Nna Toropokgolo ka Teng
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA JAPANE
KA LETSATSI lengwe le lentle la selemo ka August 1590, lesayu Tokugawa (ka fa mojeng), yo moragonyana a neng a nna mmusi wa ntlha wa lesole wa Mo-Tokugawa,a o ne a goroga mo motsaneng wa go tshwara ditlhapi wa Edo kwa botlhaba jwa Japane. Buka ya The Shogun’s City—A History of Tokyo e bolela gore ka nako eo, “Edo e ne e na le matlwana a le makgolo a le mmalwa fela a a seng mo boemong jo bo siameng, mme e le a batho ba maemo a a kwa tlase le a batshwari ba ditlhapi.” Mo go lone lefelo leo go ne go eme ntlo ya phemelo e e leng matlotla fela e e neng e agilwe dingwaga di le lekgolo tse di fetileng.
Motsana ono, o o neng o sa bonale ka makgolokgolo a dingwaga, ga wa ka wa nna fela Tokyo e leng moshate wa Japane, mme gape o ile wa gola go nna toropo e kgolo e e tlhanaselang—e e nang le baagi ba le dimilione di le 12. Tokyo e ne e tlile go gatela pele go nna toropokgolo e e di gogang kwa pele mo go tsa botegeniki, tsa tlhaeletsano, tsa dipalangwa le tsa kgwebo mmogo le mo go tsa madi. Phetogo eno e e gakgamatsang e nnile gone jang?
E Simolotse e le Motsana wa go Tshwara Ditlhapi wa Fetoga Motse o o Busiwang ke Masole
Mo e ka nnang ka dingwaga di le lekgolo morago ga ngwaga wa 1467, babusaesi ba ne ba kgaoganya Japane go nna dinaga di le mmalwa tse ba di busang. Kgabagare, Hideyoshi Toyotomi, mmusaesi mongwe yo a neng a tswa mo lelapeng le le humanegileng, o ne a kopanya setšhaba go se kae mme a busa mo boemong jwa mmusimogolo ka 1585. Kwa tshimologong, Ieyasu o ne a lwa le Hideyoshi yo o maatla, mme moragonyana o ne a ikgolaganya le ene. Ba le mmogo ba ne ba tlhasela ba bo ba thopa kago ya phemelo ya setso se se nonofileng sa Ba-Hōjō sa kwa Odawara mme ka tsela eo ba gapa kgaolo ya Kanto e e kwa botlhaba jwa Japane.
Hideyoshi o ne a naya Ieyasu kgaolo e kgolo ya diporofense tse robedi ya Kanto, e pele bontsi jwa yone e neng e le ya setso sa Ba-Hōjō, a dira gore Ieyasu a ele kwa ntlheng ya botlhaba go tswa mo kgaolong e a neng a le kwa go yone pele. O ne a dira seno ka boomo gore a tle a dire gore Ieyasu a nne kgakala le Kyoto, kwa mmusimogolo—yo e neng e tshwanetse go nna molaodimogolo wa Japane—a neng a nna gone. Le fa go ntse jalo, Ieyasu o ne a dumalana le seo mme o ne a fitlha kwa Edo jaaka go tlhalositswe kwa tshimologong. O ne a ikemisetsa go fetola motsana ono o o neng o humanegile wa go tshwara ditlhapi gore e nne toropokgolo ya puso ya gagwe.
Morago ga loso lwa ga Hideyoshi, Ieyasu o ne a etelela pele masole a a kopaneng a bontsi jwa one a neng a tswa kwa botlhaba jwa Japane kgatlhanong le masole a kwa bophirima, mme ka 1600 mo letsatsing le le lengwe fela, o ne a ba fenya. Ka 1603, Ieyasu o ne a tlhomiwa go nna mmusaesi, mme ya nna ene tota mmusi wa setšhaba. Edo jaanong e ne ya nna yone lefelo la konokono la puso ya Japane.
leyasu o ne a laela dikgosana gore di ntshe banna le dilo tsa go aga gore go agiwe kago ya phemelo e kgolo. Ka lekgetlho lengwe go ne ga dirisiwa dikepe di le 3 000 go rwala maje a mantsho a a neng a epilwe mo magageng a Pheninsula ya Izu, e e ka nnang bokgakala jwa dikilometara di le 100 go ya kwa borwa. Fa maje a mantsho ano a ne a folosiwa mo boemakepeng, setlhopha sa banna ba le lekgolo kgotsa go feta se ne sa a rwalela kwa lefelong la kago.
Kago eno ya phemelo, e e leng e kgolo go di gaisa tsotlhe kwa Japane, e ne ya wediwa dingwaga di le 50 moragonyana, ka nako ya puso ya mmusaesi wa boraro, mme e ne e le letshwao le le kgatlhang mo pusong ya Tokugawa. Samurai kgotsa masole, a ne a nna gaufi le kago ya phemelo. Mmusaesi o ne a batla gore dikgosana di tlhokomele meago e megolo ya bonno kwa Edo mo godimo ga dikago tsa phemelo tse di leng mo dikgaolong tsa bone.
Go thusa masole a ntlhantlha a a neng a nna koo ka dilo tse ba di tlhokang, ditlhopha tsa bagwebi le babetli di ne tsa phuthega go tswa mo dikarolong tsotlhe tsa naga. Ka 1695—dingwaga di ka nna lekgolo morago ga gore Ieyasu a fitlhe mo lefelong leno—baagi ba Edo ba ne ba oketsega go nna batho ba le milione! E ne ya nna nngwe ya ditoropo tse dikgolo go gaisa mo lefatsheng ka nako eo.
Go Tswa go Tšhaka go Nna Sedirisiwa sa go Bala
Puso ya bobusaesi e ne ya atlega thata jaana go boloka kagiso mo e leng gore masole a ne a se na tiro e ntsi go e dira. Gone ke boammaaruri gore setlhopha sa masole se ne se sa ntse se rata tiro ya sone, mme tiro ya ditšhaka tsa bone e ne ya tseelwa sebaka ka bonya ke go nna sedirisiwa sa go bala, se se neng se dirisiwa thata kwa Botlhaba. Ka dingwaga tse di fetang 250, go ne ga nna go na le kagiso. Baagi ka kakaretso, segolobogolo bagwebi ba ne ba atlega mo dikhumong e bile ba ne ba ikemetse thata. Go ne ga simolola tlwaelo e e tlhomologileng.
Baagi ba ne ba simolola go rata metshameko ya Kabuki (diterama tsa hisitori), Bunraku (go ya kwa mafelong a bobogelo a bompopi) le rakugo (mo go bolelwang ditlhamane tse di tshegisang). Ka nako ya maitseboa a selemo se se mogote, batho ba ne ba phuthega mo dintshing tse di tsiditsana tsa Noka ya Sumida, tse Edo e neng e le mo go tsone. Mme gape ba ne ba leba dipontsho tsa molelo tse di neng di dirwa koo, e leng tlwaelo e e sa ntseng e le teng le gompieno.
Le fa go ntse jalo, Edo e ne e sa itsiwe ke batho ba le bantsi go ralala lefatshe. Dingwaga tse di fetang 200, setšhaba se ne se ileditswe go nna le dikamano le batho ba sele fa e se fela—batho ba sekaenyana—Ba-Dutch, Ba-China le Ba-Korea. Mme ka letsatsi lengwe, tiragalo e e sa lebelelwang e ne ya fetola tsela e toropo le setšhaba sa teng se dirang dilo ka yone.
Go Tloga go Edo go Nna Tokyo
Gaufi le lobopo lwa Edo, go sa lebelelwa, go ne ga tlhaga dikepe tse di sa tlwaelegang tse di kuelelang mosi o montsho. E re ka batshwari ba ditlhapi ba ne ba gakgametse, ba ne ba akanya gore ke makgwamolelo a a kokobetseng mo godimo ga metsi! Magatwe a a feteletsang dilo a ne a anama kwa Edo, mme seno sa dira gore batho ba fuduge ka bontsi.
Dikepe tseo, tse e neng e le setlhopha sa dikepe tse nnè tse di neng di eteletswe pele ke Molaodi wa dikepe tsa ntwa e bong Matthew C. Perry wa sesole sa U.S., di ne tsa fitlha kwa Edo Bay ka July 8, 1853 (ka fa molemeng). Perry o ne a kopa puso ya bobusaesi gore e letle naga ya gagwe go gweba le Japane. Ka ntlha ya ketelo ya ga Perry, Bajapane ba ne ba kgona go bona kafa naga ya bone e saletseng morago ka teng mo go tsa bosole le tsa botegeniki fa e bapisiwa le dinaga tse dingwe.
Seno se ne sa dira gore go nne le tatelano ya ditiragalo tse di neng tsa dira gore puso ya Tokugawa e phutlhame mme go tsosolosiwe puso ya mmusimogolo. Ka 1868, Edo e ne ya newa leina le lesha la Tokyo, le le rayang “Moshate wa Botlhaba,” go kaya mo e leng teng fa o le kwa Kyoto. Mmusimogolo o ne a tswa kwa ntlong ya gagwe ya segosi ya kwa Kyoto mme a ya go nna kwa go e e kwa Edo, e moragonyana e neng ya fetolwa go nna Ntlo ya Segosi ya Mmusomogolo.
Ka ntlha ya tlhotlheletso ya setso sa Bophirima, puso e ntšha e ne ya simolola porojeke ya go tlhabolola Japane. Go ne go na le dilo tse dintsi tse di neng di tshwanetse go tlhabololwa. Bangwe ba ne ba re nako eno e ne e le motlha wa dikgakgamatso. Ka 1869 go ne ga tlhomiwa thulaganyo ya go romela dithelekerama fa gare ga Tokyo le Yokohama. Go ise go ye kae, go ne ga latela tiro ya go agiwa ga seporo sa ntlha se se neng se tsamaya fa gare ga ditoropo tse pedi tseno. Go sa lebelelwa go ne ga simololwa go agiwa ga dikago tsa ditena fa gare ga matlo a a neng a agilwe ka logong. Go ne ga agiwa dibanka, dihotele, mabenkele a magolo le diresetšhurente. Go ne ga tlhomiwa diyunibesithi tsa ntlha. Mo boemong jwa ditsela tsa mmu go ne ga agiwa ditsela tsa konkereite. Go ne go na le mekoro e e dirisang mowa wa metsi a a molelo e e neng e tlhanasela mo Nokeng ya Sumida.
Tota le batho ba ne ba lebega ka tsela e e farologaneng. Bontsi jwa bone ba ne ba apara diaparo tsa setso e leng di-kimono, mme Bajapane ba le bantsi ba ne ba simolola go apara diaparo tsa dinaga tse di tlhabologileng. Banna ba ne ba simolola go tlogela ditetswana le go rwala dihutshe tse di telele le go tsamaya ka dithobane, fa basadi bangwe bone ba ba apereng bontle ba ne ba simolola go ithuta go bina tanse ya waltz.
Mo godimo ga bojalwa jwa Sejapane jwa sake go ne ga simololwa go ratiwa le biri mme go ne go gaisanwa ka motshameko wa baseball mo godimo ga wa sumo o o tlwaelegileng o mo go one batho ba mekamekanang. Tokyo, jaaka sepontšhe se segolo, e ne ya monya megopolo ya setso le ya bopolotiki e e neng e le teng ka nako eo mme ya e dira ya yone. Toropo eno e ne ya tswelela e gola—go fitlhela ka letsatsi lengwe fa e welwa ke masetlapelo.
Go Tsoga mo Moloreng
Ka September 1, 1923, fa batho ba ne ba ntse ba apaya dijo tsa motshegare, go ne ga runya thoromo ya lefatshe e e bogale kwa kgaolong ya Kanto, e e neng ya latelwa ke dithoromo tse dintsintsi tse dinnye, go akaretsa le go tshikinyega go gogolo ga lefatshe diura di le 24 moragonyana. Le fa gone tshenyo e e bakilweng ke thoromo ya lefatshe ka boyone e ne e le maswe, selo se se neng sa senya le go feta e ne e le melelo e e neng ya fisa Tokyo lorelore. Batho botlhe ba ba neng ba swa e ne e le ba ba fetang 100 000 mme ba le 60 000 ba bone ba ne ba swela kwa Tokyo.
Batho ba Tokyo ba ne ba simolola tiro e kgolo ya go aga toropo ya bone sesha. Fa toropo e sena go siama go sekaenyana, go ne ga nna le masetlapelo a mangwe gape—ditlhaselo tsa difofane tsa ntwa ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II. Se se neng se le maswe le go feta e ne e le dibomo tse go fopholediwang gore e ka nna tse 700 000 tse di neng tsa thuntshiwa mo bosigong jwa March 9/10, 1945, go tloga bosigogare go fitlha mo e ka nnang ka ura ya boraro mo mosong. Bontsi jwa dikago e ne e le tsa logong mme dibomo tse di nang le napalm le mefuta e mesha ya dibomo tse di dirilweng—di ne tsa fisa lefelo le le tletseng ka batho, mme tsa bolaya batho ba ba fetang 77 000. E ne ya nna nngwe ya dintwa tsa dibomo tse e seng dibetsa tsa nuklea tse di neng tsa senya go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa nna teng mo hisitoring.
Le fa go ile ga nna le masetlapelo ano, ka tsela e e sa lebelelwang, Tokyo e ne ya tsoga mo moloreng morago ga ntwa mme ya nna toropo e e agilweng sesha. Mo e ka nnang ka 1964, dingwaga tse di kwa tlase ga di le 20 moragonyana, toropo eno e ne ya boa ya tlhanasela gape mo e leng gore e ne ya kgona go tshwara metshameko e e neng e bidiwa Summer Olympic Games. Dingwaga tse di masomennè tse di fetileng e ne e le tse mo go tsone go neng ga agiwa dikago tse dikgolwane le tse di kwa godimo le go feta.
Batho ba Tokyo ba Thusiwa ke Boikutlo Jwa Bone jo bo Siameng
Toropo e gone jaanong e bidiwang Tokyo e e nang le dingwaga di le 400 e le gone, tota ga se toropo ya bogologolo fa e bapisiwa le ditoropo tse dingwe tse dikgolo tsa lefatshe. Le fa go na le dikarolo dingwe tsa toropo eno tse go sa ntseng go ka bonwa dilo tsa metlha ya bogologolo mo go tsone, go setse dikago di le mmalwa fela tsa bogologolo. Le fa go ntse jalo, fa o leba toropo eno sentle, o bona dilo tse di amanang le Edo wa bogologolo.
Mo gare ga toropokgolo eno go na le setsha se segolo sa dimela. Ntlo ya Segosi ya Mmusomogolo le mafelo a a e dikologileng gone jaanong a mo go lone lefelo le ntlo ya segosi ya ntlha ya Edo e neng e le gone. Fa o le mo lefelong leno, o bona ditsela tse dikgolo tse di anamang jaaka maudi a bobi jwa segokgo tse di tswang mo toropong eno, di bontsha kafa Edo e kileng ya bo e le ka teng. Tota le mebila e e mafaratlhatlha e e ralalang toropo e dira gore motho a akanye ka Edo wa bogologolo. Tota e bile, bontsi jwa mebila eno ga e na maina! Mo boemong jwa dipatlelo tse di leng mo ditoropong tse dingwe tse dikgolo tsa lefatshe, Tokyo yone e na le ditsha tsa dipopego le bogolo jo bo sa tshwaneng tse di nang le dinomoro.
Mme selo se se tlhomologileng le go feta ke boikutlo jwa batho ba Tokyo—go kgona ga bone go amogela dilo tse disha, segolobogolo fa e le tse ba sa di tlwaelang, le go kgona ga bone go ikakatlolola le go tswelela ka botshelo le fa go ile ga nna le dithoromo tsa lefatshe, go wa ga ikonomi ya bone go go ileng ga tsaya nako go siama le go kgona ga bone go lepalepana le mathata a go nna le baagi ba bantsi thata. Tla o iponele matlhagatlhaga a batho ba Tokyo—motsana ono wa go tshwara ditlhapi o e neng e le motse o o sa itsegeng mme wa gola go nna motse o o itsegeng thata mo lefatsheng lotlhe.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mmusi yono wa lesole o ne a tsaya taolo ya go nna molaodi wa sesole sa Majapane ka ntlha ya tsalo mme o ne a busa ka botlalo a le kafa tlase ga boeteledipele jwa mmusimogolo.
[Mmapa mo go tsebe 11]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
JAPAN
TOKYO (Edo)
Yokohama
Kyoto
Osaka
[Setshwantsho mo go tsebe 12, 13]
Tokyo gompieno
[Motswedi wa Setshwantsho]
Ken Usami/photodisc/age fotostock
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 11]
© The Bridgeman Art Library
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 13]
The Mainichi Newspapers