A e Ne Ya Tlhamiwa?
Sei ya Segokgo
◼ E motlhofo thata go feta letseta, le fa go ntse jalo, e nonofile go feta tshipi. Ka makgolokgolo a dingwaga baitsesaense ba ntse ba ithuta kafa sei e dirwang ka gone ke digokgo tse di logang bobi. Go na le mofuta mongwe wa sei o o nonofileng go gaisa mefuta e mengwe e supa e e dirwang ke digokgo, ono ke one o o ngokang kgatlhego thata. E nonofile thata e bile ga e tsenwe ke metsi go feta sei e e dirwang ke seboko, e gantsi go dirwang diaparo ka yone.
Ela tlhoko: Badiri ba diaparo tse di sireletsang marumo a tlhobolo tsa Kevlar ba tlhoka dithemperetšhara tse di kwa godimo le ditlhaolosi fa ba dira diaparo. Go farologana le bone, digokgo di dirisa temperetšhara e e tlwaelegileng le metsi jaaka setlhaolosi go dira sei. Mo godimo ga moo, sei eno e nonofile go feta diaparo tsa Kevlar. Fa sei eno e ka godisiwa go fitlhela e nna bogolo jwa lebala la kgwele ya dinao, e ka kgona go emisa sefofane se segolo!
Ga go gakgamatse go bo babatlisisi ba kgatlhilwe ke maatla a sei eno. Aimee Cunningham o ne a kwala jaana mo makasineng wa Science News: “Baitsesaense ba ka rata go dira dilo tse di nonofileng tse di tshwanang le diaparo tsa kafa teng tse di kgonang go thibela marumo le dikheibole tse di dirisiwang mo maborogong.”
Mme gone go latela tsela e segokgo se dirang sei ka yone ga go motlhofo, ka gonne dilo tse di dirisiwang ke segokgo di mo mmeleng wa sone e bile ga go ise go itsiwe ka botlalo gore se dira jang sei. Cheryl Y. Hayashi yo o nopotsweng mo makasineng wa Chemical & Engineering News a re: “Go re dira gore re ikokobetse fa re lemoga gore batho ba ba botlhale ba leka go etsa se digokgo tse di nnang mo diphaposing tse di kwa tlase ga ntlo ya rona di kgonang go se dira ka tlholego fela.”
O akanya eng? A segokgo le sei ya sone e e nonofileng go feta tshipi di itlhagetse fela, kgotsa ke tiro ya Mmopi mongwe yo o botlhale?
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Sei e e ntshiwang ke segokgo e bontshiwa ka maekerosekoupo
[Motswedi wa Setshwantsho]
Copyright Dennis Kunkel Microscopy, Inc.