LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 9/8 ts. 15
  • Go Ithuta go Tswa mo Digokgong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ithuta go Tswa mo Digokgong
  • Tsogang!—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sei ya Segokgo
    Tsogang!—2008
  • Bokgoni Jwa Segokgo Jwa go Dira Sekgomaretsi
    Tsogang!—2014
  • Sei—“Letsela le Lentle go a Gaisa Otlhe”
    Tsogang!—2006
  • Go Bona Letobo ga Segokgo se se Tlolang
    Tsogang!—2013
Tsogang!—1992
g92 9/8 ts. 15

Go Ithuta go Tswa mo Digokgong

A O TSITSIBANA mmele fa o bona segokgo? Tota le eleng bangwe ba rona, bao re tsitsibanang mmele fa re se bona, re ka tswa re jesiwa kgakge ke go bona bontle jwa bobi jwa segokgo joo bo dirilweng ka manontlhotlho ebile bo gogela fa o bo leba. Gape, bontsi jwa rona re setse re utlwile gore bobi jwa sone ke boenjenere jo bo gakgamatsang thata. Lefa go le jalo go tweng ka selo seo bobi bo dirwang ka sona—sileka?

Ke kgale baitseanape le baenjenere ba ntse ba kgatlhiwa thata ke sileka seo se dirwang ke digokgo, dibokosei, le dintshi. Christopher Viney, yo e leng mothusamoporofesara wa boenjenere jwa dilo tse di tshelang ebile gape e le moithutadimmetale kwa Yunibesithing ya Washington, kwa U.S.A., o ile a dira patlisiso e e kgethegileng kaga segokgo seo se ikagelang sentlhaga sa sona ka bobi. Go ya ka lekwalodikgang la Toronto, kwa Canada, e leng The Globe and Mail, o ne a lemoga gore mongwe wa mefuta e metlhano ya sileka seo segokgo se se dirang o thata tota go feta le bothale—totatota, se thata go gaisa le Kevlar go feta makgetlo a le lesome, e leng tlhale eo e itirelwang eo e dirisiwang mo diaparong tse di kganelang lerumo la tlhobolo go sutlhelela mo mmeleng wa motho, eo e dirisiwang mo mabotaneng a mekoro, le eo e dirisiwang mo dikoloing tsa ntwa!

Borasaense ba tsa sesole sa U.S. ba kgonne go tlhakanya dikhemikale le go tlhagisa se se tshwanang kgo le fibroin, e leng poroteine eo selika seno sa segokgo se dirwang ka yone. Go ntse go le jalo, borasaense ba lemogile gore, ga se fela ditsompelo tsa khemikale eno eo sileka se dirwang ka yone tseo di dirang gore se be se le popota jaaka se ntse; gape se dirwa popota jalo ke tsela eo segokgo se logang khemikale eno ka yone. Mo mosimanyaneng oo segokgo se logakang khemikale eno ka ona, sileka se tswa se ntse jaaka okare ke seedi se eketeng ke metsi a a suleng dikgapetla. Dimmolekule tsa sone di tlhatlhagana di tlhomagane ka mekoloko e meleele eo e bidiwang di-polymer, eo eleng popota tota e sa kgone go kgaoga bonolo. Go ntse go le jalo, Viney o ikutlwa a na le tsholofelo ya gore ka sedirisiwa se se kgethegileng seo se kgonang go dira tlhale, kgabagare borasaense ba tla kgona go dira selo seno se se popota le bone.

“Digokgo di santse di re gaisa,” Viney o ne a bolelela The Globe and Mail jalo, lefa go le jalo o ne a oketsa ka gore, “Ke mang yo o itseng? Ka gongwe re ka nna ra tokafatsa dilo go feta jaaka di dira?” Gongwe; gongwe go ka nna ga seka ga nna jalo. Go sa kgathalesege gore go tla felela jang, tlotlo go yo e leng ene a simolotseng go dira selo seno e tla ya ka dinako tsotlhe kwa Motsweding o le mongwe fela—ene yo o bopileng dilo tsotlhe, Jehofa.—Tshenolō 4:11.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela