LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 3/13 ts. 16
  • Go Bona Letobo ga Segokgo se se Tlolang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bona Letobo ga Segokgo se se Tlolang
  • Tsogang!—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bokgoni Jwa Segokgo Jwa go Dira Sekgomaretsi
    Tsogang!—2014
  • Go Ithuta go Tswa mo Digokgong
    Tsogang!—1992
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2013
  • Ke Eng se re ka se Ithutang Go Tswa Popong ya Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2013
g 3/13 ts. 16

A GO NE GO TLHAMILWE?

Go Bona Letobo ga Segokgo se se Tlolang

SEGOKGO se se tlolang se na le bokgoni jo bo kgethegileng jwa go bona dilo, jo bo dirang gore se kgone go itse gore se tlhoka go tlola sekgala se se kana kang. Se kgona jang go dira jalo?

Ela tlhoko: E le gore segokgo se se tlolang se lekanye sekgala se se tlileng go se tlola, se dirisa bokgoni bongwe jo bo tlhomologileng jwa matlho a sone a mabedi a konokono. Lengwe le lengwe la one le na le lethapono le le nang le dileiyara di le mmalwa. Fa leiyara e nngwe e bona lesedi la mmala o motala sentle, e nngwe e le bona le le letobo. Fa selo se bonala se le letobo thata mo leiyareng eo, go raya gore selo seo se gaufi thata le leitlho la segokgo. Seno se thusa segokgo go lekanya sekgala se se tshwanetseng go se tlola gore se tshware selo se se se tsomang.

Babatlisisi ba batla go tsaya malebela mo mokgweng ono wa segokgo se se tlolang gore ba kgone go tlhama dikhamera tsa 3-D, tota le diroboto tse di ka kgonang go lekanya sekgala go tswa fa di leng gone go ya kwa sengweng. Go ya ka Website ya dikgang ya ScienceNOW, tsela e segokgo se se tlolang se bonang ka yone ke “sekai se se kgatlhang sa kafa ditshedi tse di boleele jwa halofo ya sentimetara tse di nang le boboko jo bonnye mo go jwa ntsi e e tlwaelegileng, di kgonang ka teng go kgobokanya le go dirisa tshedimosetso e e raraaneng e di e bonang.”

O akanyang? A go bona letobo ga segokgo se se tlolang go itiragaletse fela? Kgotsa a go ne go tlhamilwe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela