LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 1/14 ts. 16
  • Bokgoni Jwa Segokgo Jwa go Dira Sekgomaretsi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bokgoni Jwa Segokgo Jwa go Dira Sekgomaretsi
  • Tsogang!—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ithuta go Tswa mo Digokgong
    Tsogang!—1992
  • Go Bona Letobo ga Segokgo se se Tlolang
    Tsogang!—2013
  • Sei ya Segokgo
    Tsogang!—2008
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2014
g 1/14 ts. 16
A house spider weaving a web

A BO TLHAMILWE?

Bokgoni Jwa Segokgo Jwa go Dira Sekgomaretsi

SEGOKGO se se bidiwang house spider (Parasteatoda tepidariorum) sa kwa Amerika se dira bobi jo bo nang le sekgomaretsi se se ka nonofang sentle go ka kgomarela mo loboteng kgotsa se sa nonofa thata gore se kgone go manologa fa fatshe mme se bo se kgona go thaisa ditshedi tse di se jang tse di tsamayang fa fatshe. Segokgo seno se kgona jang go direla bobi jwa sone maitshegeletso a a nonofileng mmogo le a a sa nonofang ka mofuta o le mongwe wa sekgomaretsi?

Scaffolding disc ya segokgo

Scaffolding silk

Ela tlhoko: Segokgo se tlhoma bobi jwa sone mo loboteng, mo siling kgotsa mo lefelong le le tshwanang le ao ka go dira dikarolo tse dinnyennye tsa siliki tse di kgomarelang thata tse di bidiwang di-scaffolding disc tse di nonofileng sentle go emelana le bokete jwa ditshedi tse di fofang tse se di tsomang. Babatlisisi kwa Yunibesithing ya Akron, Ohio, kwa U.S.A. ba lemogile gore ka fa letlhakoreng le lengwe, dikarolo tse dinnyennye tsa siliki tse di ngaparelang fa fatshe—tse di bidiwang di-gumfoot disc—di dirilwe ka tsela e e farologaneng gotlhelele. E re ka di-gumfoot disc di na le dikarolo di se kae fela tse di ngaparelang fa di bapisiwa le di-scaffolding disc, di dira gore bobi bo ngaparologe motlhofo fa fatshe mme bo goge ka bonako setshedi sepe se segokgo se se tsomang, se se tseneng mo go jone.

Gumfoot disc ya segokgo

Gumfoot silk

Go ya ka pego ya dikgang e e ntshitsweng ke Yunibesithi ya Akron, babatlisisi ba ba senotseng selo seno se se gakgamatsang sa tlholego “ba setse ba leka go tlhama sekgomaretsi se se itiretsweng se se dirang jaaka mokgwa ono o o dirang dilo di le dintsi wa segokgo seno.” Baitsesaense ba solofela go dira sekgomaretsi se se ka dirisiwang fa go dirwa difapo le fa go baakanngwa marapo a a robegileng.

O akanyang? A bokgoni jwa segokgo jwa go dira maitshegeletso a a nonofileng mmogo le a a sa nonofang ka sekgomaretsi se le sengwe bo nnile gone ka bogone fela? A kgotsa bo tlhamilwe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela