LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/08 ts. 3-4
  • A Bokebekwa bo Tswile mo Taolong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Bokebekwa bo Tswile mo Taolong?
  • Tsogang!—2008
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Retelelwa ke go Fenya Bokebekwa
    Tsogang!—1998
  • Go Lwela Go Khutlisa Bokebekwa
    Tsogang!—1996
  • A go Na le Naga e e Senang Bokebekwa?
    Tsogang!—1996
  • Sebetso se a Anama
    Tsogang!—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 2/08 ts. 3-4

A Bokebekwa bo Tswile mo Taolong?

◼ Moithuti mongwe yo o lwalang mo tlhaloganyong yo o tlhometseng ka ditlhobolo, o ripitla baithuti ka ene le barutabana kwa sekolong.

◼ Mmosetsanyana mongwe o tsewa ka dikgoka, mme seno se bakela batsadi ba gagwe tlalelo e kgolo.

◼ Mosha mongwe o a ipobola gore o bolaile mongwe e le go ijesa monate fela, e bile o bontshitse ditsala tsa gagwe setopo mme le bone ba bolokile sephiri seo ka dibeke di le mmalwa.

◼ Selalome sa tlhakanelodikobo se dirisa Internet go neela batho ba ba tlhakanelang dikobo le bana, maano a gore ba ka hepisa jang bana.

TSENO ke dingwe tsa ditiro tse di tshosang tsa ditlolomolao tse di tlhagelelang mo dikgannyeng mo malatsing ano. A o ikutlwa o sireletsegile mo lefelong la gaeno, bogolo jang bosigo? A wena le lelapa la gaeno le ile la amiwa ke bokebekwa? Dimilione tsa batho lefatshe ka bophara, tota le ba ba leng mo dinageng tse go neng go tsewa gore di sireletsegile ka selekanyo se se rileng—ba a dumela gore ba nna ba tshogile bokebekwa le thubakanyo. Akanya ka dipego tseno tse di khutshwane tse di tswang kwa dinageng tse di farologaneng.

JAPANE: Lokwalodikgang lwa Asia Times lo bega jaana: “Nako nngwe Japane e kile ya bo e le nngwe ya dinaga tse di bolokesegileng thata mo lefatsheng . . . Le fa go ntse jalo, gone jaanong, polokesego e batho ba kileng ba bo ba e itumelela go bonala e le selo sa bogologolo le tshireletsego ya setšhaba e tseetswe sebaka ke ditlhobaelo tse di leng gone ka bokebekwa le borukhutlhi jo bo leng teng mo lefatsheng.”

LATIN AMERICA: Pego nngwe ya 2006 ya dikgang e bega gore batho ba ba itsegeng mo setšhabeng kwa Brazil ba bonela pele dintwa tsa borukhutlhi mo toropong ya São Paulo. Ka ntlha ya thubakanyo e e diregang ka makgetlho a le mmalwa mo dibekeng tse di rileng, poresidente ya naga e rulagantse gore go tsenngwe masole mo mebileng ya toropo. Pego nngwe ya lokwalodikgang lwa Tiempos del Mundo e bega gore, “kwa Bogare jwa Amerika le Mexico, go nna gone ga digongwana tsa basha di le 50 000 go dirile gore puso e nne e ntshitse matlho dinameng.” Lokwalodikgang lono lo tswelela jaana: “Ka 2005 fela, go sule batho ba ba ka nnang 15 000 ba bolawa ke digongwana tsa basha kwa El Salvador, Honduras, le Guatemala.”

CANADA: Lokwalodikgang lwa USA Today lo begile jaana ka 2006: “Bomankge ba ba itseng ka bokebekwa ba bolela gore go ile ga nna le koketsego e kgolo thata ya digongwana. Mapodise . . . a fitlhetse gore go na le digongwana tsa mo mebileng di le 73 kwa Toronto.” Go ya ka lone lokwalodikgang leno, mookamedimogolo wa mapodise kwa Toronto o dumetse gore ga go na tharabololo e e bonolo ya bothata jono jwa go oketsega ga digongwana tsa mo ditoropong.

AFRIKA BORWA: Patrick Burton yo e leng mmatlisisi ka bokebekwa o bolela jaana mo lokwalodikgannyeng lwa Financial Mail: “Go tshaba bokebekwa go aparetse dikarolo tsotlhe tsa matshelo a basha ba mo Afrika Borwa.” Lokwalodikgang lono lo tswelela ka gore “seno se akaretsa bokebekwa jwa dikgoka jo bo jaaka go kgothosa motho o tlhometse ka dibetsa, go tseelwa sejanaga ka dikgoka le go kgothosa dibanka.”

FORA: Banni ba bantsi ba ba nnang mo difoleteng, ba lebana le poifo ya letsatsi le letsatsi “fa ba tlhatloga ka ditepisi tse di sentsweng, mafelo a go phaka dijanaga a go setseng go sa tsenwe mo go one, le dipalangwa tsa botlhe tse di leng kotsi fa go nna bosigo.”—Guardian Weekly

UNITED STATES: Digongwana tse di rulagantsweng di oketsa bokebekwa jo bontsi jo bo leng gone. Go ya ka lokwalodikgang lwa The New York Times, dipatlisiso tsa mapodisi di bontsha gore mo e ka nnang basha ba le 17 000, ba basimane le ba basetsana, ke maloko a segongwana sengwe sa tse di 700. Eno ke koketsego ya maloko a le 10 000 mo dingwageng di le nnè fela.

BORITANE: Go ya ka pego ya UNICEF e e tlhalosang kafa bokebekwa bo amang bana ka teng, lokwalodikgang lwa The Times la kwa London lo tshwaela jaana: “Palo e e oketsegang ya basha ba kwa Boritane ba swa ka go thuntshiwa. . . . Batlhasedi le batlhaselwa ba ntse ba nna bannye le go feta ka dingwaga.” Palo ya bagolegwa kwa dikgolegelong tsa Engelane le Wales e godile ka bonako go fitlha go palo e e batlang e tshwara 80 000.

KENYA: Pego nngwe ya dikgang e bega gore mmè mongwe le morwadie ba ne ba thuntshiwa fa ba ne ba sa tswe ka bonako mo koloing ya bone ke batho ba ba neng ba ba tseela koloi ka dikgoka go bapa le mmilamogolo mongwe o o tlhanaselang. Motsemoshate wa Kenya e leng Nairobi, o setse o itsege ka mefuta yotlhe ya bokebekwa, e e akaretsang go tseelwa dikoloi ka dikgoka, go kgothosiwa, le go tlhaselwa mo matlong.

A bokebekwa bo tswile mo taolong? Selo sa konokono se se bakang bokebekwa ke eng? A mme gone go na le tsholofelo epe ya gore letsatsi lengwe batho ba tla kgona go tshela ka kagiso le polokesego ya mmatota? Ditlhogo tse di latelang di tla sekaseka dipotso tseno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela