LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 3/08 ts. 30
  • Dikakgelo Tsa Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikakgelo Tsa Babadi
  • Tsogang!—2008
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikakgelo Tsa Babadi
    Tsogang!—2008
  • Dikakgelo Tsa Babadi
    Tsogang!—2008
  • Dikakgelo Tsa Babadi
    Tsogang!—2008
  • Ke Bone Lorato le Kagiso ya Mmatota
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 3/08 ts. 30

Dikakgelo Tsa Babadi

Go Thusa Basha go Lebana le Dikgwetlho (March 2007) Jaaka mosha wa dingwaga tse 18, ke ne ke tlhaloganya dintlha tse dintsi tse di tlhalositsweng malebana le go dirisa founo ya selula le Internet. Ke ne ke bua le batho ba bantsi ba ke sa ba itseng mo Internet. Go ise go ye kae, ke ne ka wela mo seraing se ditsala tseo tse di sa siamang di neng di se beile. Ke ne ka simolola go koafala ka bonako mo semoyeng. Mme e bile ke ne ka dumela go kopana le bangwe ba ke neng ke bua le bone mo Internet. Ka maswabi, seno se ne sa dira gore ke wele mo boitsholong jo bo maswe. Ke rapela gore e kete setlhogo seno se ka thusa ba bangwe gore ba tile kutlobotlhoko le tlalelo tse dikgolo tse ke nang le tsone. Go tlhorega boroko le ditshwantsho tse di tlhagelelang mo mogopolong wa me di dira gore letsatsi lengwe le lengwe le nne boima, mme gone ke emelana le Satane ka nitamo.

B. R., United States

Ke ka Ntlha Yang fa ke Idibala? (April 2007) Go ne go kgothatsa go itse gore ga se nna fela yo ke nang le bothata jwa go idibala. Setlhogo seno se dirile gore ke ikutlwe e kete Jehofa o bua le nna ka tlhamalalo, a ntse a re: “Ke bona se se go diragalelang, ka jalo ke go naya kgothatso eno.”

I. R., Madagascar

Sengwe se se Nnelang Ruri go Feta Botaki (April 2007) Nka se kgone go tlhalosa ka moo ke itumeletseng setlhogo seno ka teng. Ke ne ke okametse mafelo a mabedi a go tsaya ditshwantsho a a neng a tsweletse pele sentle ka dingwaga tse thataro. Ke ne ke rata tiro ya me ka gonne e ne e dira gore ke ntshe bokgoni jwa me. Le fa go ntse jalo, ke ne ka lemoga gore le fa ke tswelela ke nna le katlego le leina le lentle, tirelo ya me mo go Jehofa e ne e fokotsega. Ke ne ke tseneletse tota mo tirong ya me, mo e leng gore ke ne ke salelwa ke nako e nnye fela ya go dira dilo tse dingwe. Ke ne ke itse gore go na le sengwe se ke tshwanetseng go se fetola. Ka jalo, ke ne ka tlogela tiro mme ka nna le seabe thata mo ditirong tsa semoya. Kgotsofalo le boitumelo tse ke neng ke nna le tsone fa ke ne ke tsaya ditshwantsho tse dintle, ruri ga sepe fa e bapisiwa le boitumelo jo ke bo bonang mo bodireding jwa Bokeresete.

A. P., United States

Basha ba Botsa Jaana . . . A Motho Yono o Ntshiametse? (May 2007) Bosheng jaana ke sa tswa go kgatlhegela motho mongwe yo ke neng ke akanya gore nna le ene re a tshwanelana. Le fa go ntse jalo, morago ga go bala setlhogo seno, ke ile ka lemoga gore dinonofo tse ke di ratang ka ene e ne e se dinonofo tse tota di leng botlhokwa. Setlhogo seno se nthusitse gore ke ele tlhoko gore dinonofo tsa semoya le tsela e motho yo e tla nnang molekane wa gago wa lenyalo a tshwarang ba bangwe ka yone ke tsone tsa botlhokwa. Ke leboga Jehofa ka ditlhogo tse di tshwanang le tseno tse di sireletsang basha le go ba naya kaelo.

E. P., United States

Kopana le Batho ba Kwa East Timor (May 2007) Ke ne ka bala setlhogo seno ka kgatlhego e kgolo. La ntlha fa ke ne ke utlwela ka naga eno e ne e le mo dikgannyeng fa go ne go begwa ka dikhuduego tse di neng tsa nna teng koo. Fa e sa le ka nako eo, ke ntse ke tshwenyegile ka gore batho ba kwa East Timor ba ntse ba lebana jang le maemo ao, le gore tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa koo e amegile go le kana kang. Ke gakgamaditswe ke moya wa batho bano, ga ba itlhoboge mo maemong ao a a maswe, go na le moo ba ntse ba tswelela pele go tshela botshelo jwa bone ka matlhagatlhaga. Ke tla nna ke gopola bopelokgale jwa batho ba kwa East Timor le menyenyo ya ga Jacob le lelapa la gagwe go sa kgathalesege maemo a ba leng mo go one.

Y. M., Japane

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela