LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 6/12 ts. 19-21
  • Ke Bone Lorato le Kagiso ya Mmatota

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Bone Lorato le Kagiso ya Mmatota
  • Tsogang!—2012
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Molweladiphetogo wa Dipolotiki
  • Go Tsaya Tsela e Ntšha
  • Go Dira Diphetogo
  • Re Bona Ditshegofatso Le fa Go na Le Mathata
  • Kgabagare go Nna le Kagiso!
  • Bidio ya Young People Ask—What Will I Do With My Life? (Karolo 1)
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • “Jehofa Ntetla ke go Direle Tlhe”
    Tsogang!—2007
  • Dikakgelo Tsa Babadi
    Tsogang!—2008
  • A go Ka Nna le Lefatshe Le le Se Nang Borukhutlhi?
    Tsogang!—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 6/12 ts. 19-21

Ke Bone Lorato le Kagiso ya Mmatota

Jaaka go boletse Egidio Nahakbria

Ke godile ke ikutlwa ke latlhilwe e bile ke sa ratiwe. Le fa go ntse jalo, gone jaanong ke ikutlwa ke ratiwa e bile ke na le kagiso ya mmatota ya mogopolo. Go tlile jang gore go nne le phetogo eno? Mma ke tlhalose.

KE TSHOTSWE ka 1976 mo ntlwaneng ya bodilo jo bo dirilweng ka mmu kwa dithabeng tsa East Timor, e ka nako eo e neng e le karolo ya Indonesia. Ke ne ke le ngwana wa borobedi mo go ba le lesome mme batsadi ba rona ba ne ba humanegile thata. E re ka batsadi ba rona ba ne ba sa kgone go re tlamela rotlhe, ba ne ba sala ka lewelana la me la mosimane mme ba kopa ntsalake gore a nkgodise.

Ka December 1975, pele fela ga ke tsholwa, Indonesia e ne ya tlhasela East Timor mme seo se ne sa simolola ntwa ya borukhutlhi e e neng ya tsaya dingwaga di feta 20. Ka jalo, se ke se gopolang thata ka nako ya fa ke ne ke le monnye ke thubakanyo le pogo. Ke sa ntse ke gopola sentle masole a tlhasela motse wa rona mme seo sa dira gore batho botlhe ba tshabe mo motseng gore ba se ka ba bolawa. Nna le ntsalake re ne ra tsaya mosepele o moleele go ya kwa lefelong le le kgakala le le kwa thoko ga thaba, le batho ba le bantsi ba Ba-Timor ba neng ba tshabetse kwa go lone.

Le fa go ntse jalo, masole a ne a bona kwa re neng re iphitlhile gone mme go ise go ye kae baba ba ne ba re latlhelela dibomo gangwe le gape. Ke gopola dilo tse di garolang pelo tse di neng tsa latela tse di jaaka poifo, dipolao le tshenyo. Fa kgabagare re ne re boela kwa motseng wa rona, ke ne ke tshelela mo poifong. Bontsi jwa baagelani ba me ba ne ba nyelela kgotsa ba bolawa mme ke ne ke boifa gore go tlile go latela nna.

Fa ke ne ke na le dingwaga di le lesome, ntsalake o ne a lwala mme a tlhokafala, ka jalo batsadi ba me ba ne ba nkisa kwa go nkoko gore ke nne le ene. E ne e le motlholagadi yo o neng a sulafaletswe ke botshelo mme o ne a ntsaya ke le mokgweleo. O ne a ntshwara jaaka lekgoba. Letsatsi lengwe fa ke ne ke lwala thata mo ke neng ke sa kgone go bereka, o ne a ntitaya mme a ntlogelela fela gore ke swe. Ka lesego, mongwe wa bomalome o ne a ntsaya gore ke ye go nna le lelapa la gagwe.

Fa ke ne ke na le dingwaga di 12, kgabagare ke ne ka simolola go tsena sekolo. Go ise go ye kae morago ga foo, mosadi wa ga malome o ne a simolola go lwala mme malome o ne a tshwenyega thata mo maikutlong. E re ka ke ne ke sa batle go ba imetsa le go feta, ke ne ka tshaba mme ka ya go nna le setlhopha sa masole a Indonesia a a neng a nna kwa sekgweng. Ke ne ka nna mothusi wa bone—ke ba tlhatswetsa diaparo, ke ba apeela le go phepafatsa kampa ya bone. Ba ne ba ntshwere sentle mme seo se ne sa dira gore ke ikutlwe ke le motho wa botlhokwa. Mme morago ga dikgwedi di le mmalwa, ba losika ba ne ba mpona mme ba pateletsa masole gore a mpusetse kwa motseng wa gaetsho.

Molweladiphetogo wa Dipolotiki

Fa ke sena go fetsa sekolo se segolwane, ke ne ka fudugela kwa motsemoshateng wa East Timor, e leng Dili mme ka ya yunibesithing. Koo ke ne ka kopana le basha ba le bantsi ba ba godileng ka tsela e e tshwanang le e ke godileng ka yone. Re ne ra swetsa ka gore tsela e le nngwe fela e ka yone naga ya rona e ka bonang boipuso mme ga nna le diphetogo mo setšhabeng sa rona ke fa re nna le seabe mo dipolotiking. Setlhopha sa rona sa baithuti se ne sa rulaganya megwanto e le mentsi ya dipolotiki e bontsi jwa yone e neng ya felela ka dikhuduego. Ditsala tsa me di le dintsi di ne tsa gobala. Tse dingwe di ile tsa ba tsa bolawa.

Fa East Timor e ne e bona boipuso ka 2002, naga eo e ne e le matlotla, batho ba le dikete di le masomesome ba ne ba tlhokafetse mme batho ba le dikete di le makgolokgolo ba ne ba pateleditswe go fuduga. Ke ne ke solofetse gore maemo a ne a tla tokafala. Mme go anama ga botlhokatiro, khumanego le dikhuduego tse di sa feleng tsa dipolotiki di ne tsa tswelela.

Go Tsaya Tsela e Ntšha

Ka nako eo ke ne ke nna le bangwe ba losika mme mongwe wa bone e ne e le mosha mongwe yo re neng re katogane ka losika e bong Andre, yo o neng a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. E re ka ke ne ke le leloko le le ineetseng la Katoliki ya Roma, ke ne ke sa itumelela gore mongwe wa losika lwa gaetsho o ne a inaakantse le bodumedi jo bongwe. Le fa go ntse jalo, ke ne ke batla go itse ka Baebele mme ka dinako tse dingwe ke ne ke bala Baebele e Andre a neng a e beile mo kamoreng ya gagwe. Se ke neng ke se bala se ne sa dira gore ke e kgatlhegele le go feta.

Ka 2004, fa Andre a ne a nnaya pampitshana ya taletso ya Segopotso sa loso lwa ga Jesu, ke ne ka swetsa ka gore ke ye. E re ka ke ne ke sa bala taletso eo sentle, ke ne ka goroga kwa lefelong la pokano diura di le pedi pele go simololwa. Fa Basupi ba goroga, go akaretsa ba mo lefelong la rona le ba ba tswang kwa dinageng di sele, ba ne ba ntshwara ka seatla ba ntumedisa ka lorato mme ba ne ba dira gore ke ikutlwe ke amogetswe. Ke ne ke kgatlhegile tota. Fa puo ya Segopotso e ntse e tsweletse, ke ne ka kwala temana nngwe le nngwe e e umakiwang mo bukeng ya me ya go kwala dintlha mme moragonyana ke ne ka di bala mo Baebeleng ya me ya Katoliki go bona gore a se sebui se neng se se bua se ne se le boammaaruri. Mme se ne se le boammaaruri!

Beke e e latelang ke ne ka ya Mmiseng kwa kerekeng ya me. E re ka nna le ba bangwe re ne ra fitlha thari, moruti o ne a tsaya thobane mme a re leleka mo kerekeng a galefile. Fa re ntse re eme kwa ntle, moruti o ne a konela tirelo ka go bolelela phuthego jaana: “A kagiso ya ga Jesu e tsamaye le lona.” Mosadi mongwe yo o pelokgale o ne a goa jaana: “O ka bua jang ka kagiso mme o lelekile batho bale mo kerekeng?” Moruti o ne a mo itlhokomolosa. Ke ne ka tswa mo kerekeng mme ka se tlhole ke boa gape.

Go ise go ye kae morago ga foo, ke ne ka simolola go ithuta Baebele le go ya dipokanong tsa Basupi le Andre. Ba losika ba ne ba tshwenngwa ke seno mme ba ne ba simolola go re ganetsa. Nkoko wa ga Andre o ne a re tlhagisa jaana: “Basimane ke lona ke tla lo epela mosima ke bo ke lo katele mo go one fa lo ka tswelela lo ithuta le bodumedi joo jo bosha.” Le fa go ntse jalo, matshosetsi a gagwe ga a ka a re kgoba marapo. Re ne re ikemiseditse go gatela pele semoyeng.

Go Dira Diphetogo

Fa ke ntse ke ithuta Baebele, ke ne ka simolola go lemoga gore tota ga ke ise ke tsamaye ke ratiwe. Ke ne ke le bogale e bile ke rata go itwela mme ke ne ke fitlhela go le thata go ikanya batho. Le fa go ntse jalo, Basupi ba ne ba nkgatlhegela ka tsela ya mmatota. Fa ke ne ke lwala thata mme ba losika ba sa nkgathalele, Basupi ba ne ba nketela ba bo ba nthusa. Lorato lwa bone e ne e se lwa “mafoko le go bua fela” mme e ne e le “lorato lwa mmatota, lo lo iponatsang ka ditiro.”—1 Johane 3:18, Today’s English Version.

Le fa tsela e ke neng ke itshwere ka yone le e ke neng ke lebega ka yone e ne e tshosa batho, Basupi ba ne ba mpontsha ‘kutlwelobotlhoko’ le “lorato lwa bokaulengwe.” (1 Petere 3:8) Ke ne ka simolola go ikutlwa ke ratiwa e le lekgetlho la ntlha mo botshelong jwa me. Botho jwa me bo ne jwa tokafala mme ke ne ka simolola go rata Modimo le batho ba bangwe. Ka jalo, ka December 2004, ke ne ka bontsha boineelo jwa me mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing. Andre o ne a kolobediwa moragonyana fela ga moo.

Re Bona Ditshegofatso Le fa Go na Le Mathata

Fa ke sena go kolobediwa ke ne ka eletsa thata go thusa batho ba bangwe ba ba neng ba ise ba bone lorato lwa boammaaruri kgotsa tshiamiso ya mmatota. Ka jalo, ke ne ka tsenela bodiredi jwa Bokeresete jwa nako e e tletseng, kgotsa bobulatsela, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba bo bitsa. Go nna le seabe mo go boleleleng batho molaetsa o o agang wa Baebele go ne go lapolosa fela thata go feta go nna le seabe mo megwantong le mo dikhuduegong tsa sepolotiki. Kgabagare, ke ne ke thusa batho ka tsela ya mmatota!

Ka 2006, dikgotlhang tsa sepolotiki le tse di malebana le melelwane di ne tsa tsoga gape mo East Timor. Makoko a a ganetsanang a ne a lwa ka ntlha ya dikgotlhang tse di neng di sa bolo go nna teng. Toropo ya Dili e ne ya dikaganyediwa ke masole mme batho ba le bantsi ba ba tswang kwa botlhaba jwa naga ba ne ba tshaba gore ba falole. Nna le Basupi ba bangwe re ne ra tshabela kwa Baucau, e leng toropo e kgolo e e ka nnang dikilometara di le 120 kwa botlhaba jwa Dili. Le fa maemo ano a ne a le thata, re ne ra bona tshegofatso ka gonne re ne ra kgona go tlhoma phuthego e ntšha—ya ntlha kwa ntle ga toropo ya Dili.

Dingwaga di le tharo moragonyana, ka 2009, ke ne ka lalediwa go ya kwa sekolong se se kgethegileng sa badiredi ba Bakeresete ba nako e e tletseng kwa Jakarta, kwa Indonesia. Basupi ba kwa Jakarta ba ne ba nkamogela ka lorato mo magaeng a bone. Lorato lwa bone lwa mmatota lo ne lwa nkgatlha fela thata. Ke ne ka ikutlwa ke le mongwe wa “bakaulengwe botlhe” go ralala lefatshe, ba e leng “lelapa” la boditšhabatšhaba ba ruri ba neng ba amega ka nna.—1 Petere 2:17.

Kgabagare go Nna le Kagiso!

Morago ga sekolo, ke ne ka boela kwa Baucau, kwa ke sa ntseng ke nna teng le jaanong. Mono ke itumelela go thusa batho ba bangwe semoyeng, fela jaaka le nna ke ile ka thusiwa ke ba bangwe. Ka sekai, mo motseng mongwe o o kwa thoko, o o kwa ntle ga Baucau, nna le ba bangwe re ruta batho ba ka nna 20 Baebele, go akaretsa batho ba le bantsi ba ba godileng ba ba sa kgoneng go bala kgotsa go kwala. Setlhopha sotlhe se tla dipokanong tsa beke le beke, mme ba le bararo ba ile ba nna karolo ya “lelapa” la rona la semoya ka go nna maloko a a kolobeditsweng a phuthego ya Bokeresete.

Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, ke ne ka kopana le Felizarda, mosetsana yo o pelonomi le yo o botsalano yo o neng a amogela boammaaruri jwa Baebele mme a gatela pele semoyeng ka bofefo a bo a kolobediwa. Re ne ra nyalana ka 2011. Ke itumelela go bolela gore Andre, yo e leng wa losika lwa gaetsho, o direla kwa ofising ya Basupi ba ga Jehofa e e kwa East Timor. Tota le bontsi jwa ba losika lwa gaetsho, go akaretsa le nkoko wa ga Andre yo o kileng a batla go re bolaya, gone jaanong ba tlotla bodumedi jwa me.

Pele ke ne ke galefile, ke ikutlwa ke sa ratiwe e bile ke sa ratege. Mme ka thuso ya ga Jehofa jaanong ke bone lorato le kagiso ya mmatota!

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Egidio fa e ne e le molweladiphetogo wa dipolotiki

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Egidio le Felizarda mmogo le maloko a mangwe a Phuthego ya Baucau, kwa East Timor

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela