LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 6/08 ts. 12-15
  • Kwa ke Utlwileng Leina Jehofa Lekgetlho la Ntlha Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kwa ke Utlwileng Leina Jehofa Lekgetlho la Ntlha Gone
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mogolegwa wa Ntwa
  • Go Ithuta ka Modimo wa Boammaaruri
  • Tirelo e e Kgethegileng
  • Go Gatisiwa ga Dikgatiso ka Nako ya Thibelo
  • Maeto a ke Neng Ke sa A Itumelele
  • Jehofa, Tora e e Nonofileng
  • Ke Tlogetse Dipolotiki go Nna Mokeresete Yo o Sa Tseyeng Letlhakore
    Tsogang!—2002
  • Go Lekwa Tumelo Kwa Slovakia
    Tsogang!—2003
  • Jehofa O Ne A Ntshegetsa kwa Kgolegelong E E Kwa Sekakeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ke ne Ka Ithuta go Ikanya Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 6/08 ts. 12-15

Kwa ke Utlwileng Leina Jehofa Lekgetlho la Ntlha Gone

Jaaka go boletse Pavol Kovár

Ka nako ya fa dibomo di ne di thunya thata, go ne go le boima go fitlha kwa lefelong le re neng re iphitlha mo go lone. Fa go thunya ga dibomo go ne go ntse go ya magoletsa mme lefelo le re neng re le mo go lone le tshikinyega, mogolegwa mongwe mmogo le nna o ne a rapelela kwa godimo a re: “Ao tlhe, Jehofa, re boloke! Ka ntlha ya leina la gago le le boitshepo, re boloke tsweetswee!”

ENE e le ka January 8, 1945, mme ke ne ke le mogolegwa wa ntwa kwa toropong ya Linz kwa Austria. Re ne re le batho ba ba ka nnang 250 mo lefelong leo, mme rotlhe re ne ra falola go thunya goo ga dibomo. Fa re sena go tswa, re ne ra bona sengwe le sengwe se senyegile gongwe le gongwe. Thapelo e e tswang pelong e ke neng ka e utlwa e ne ya nkama thata, le fa gone ke ne sa itse gore e ne e le mang yo o neng a e rapetse. Pele ga ke tlhalosa gore go tlile jang gore kgabagare ke itse gore Jehofa ke mang, mma ke lo bolelele go se kae gore ke godile jang.

Ke ne ka tsholwa ka September 28, 1921, mo ntlong nngwe gaufi le motse wa Krajné, kwa bophirima jwa Slovakia, eo ka nako eo e neng e le karolo ya Czechoslovakia. Batsadi ba me e ne e le Baporotesetanta ba ba neng ba tlhoafaletse bodumedi jwa bone. Rre o ne a re balela Baebele ya lelapa ka Bosontaga mo mosong, mme Mmè le rona bana ba banè re ne re reetsa ka tlhoafalo. Le fa go ntse jalo, ga ke gakologelwe rre a kile a dirisa leina Jehofa. Kgaolo e re neng re nna mo go yone e ne e sa itsholela mme re ne re kgotsofetse ka bonnye jo re neng re na le jone.

Fa Ntwa ya Lefatshe II e simolola ka 1939, batho ba ne ba tshogile. Ba le bantsi ba ne ba gakologelwa go boga go go neng go bakilwe ke Ntwa ya Lefatshe I dingwaga di le 20 pelenyana ga foo. Ka 1942, ke ne ka kwadisediwa bosole mo sesoleng sa Slovakia. Le mororo kafa molaong Slovakia e ne e ema Jeremane nokeng, ka August 1944 go ne ga dirwa maiteko a go busetsa puso ya temokerasi. Fa maiteko ano a palelwa, ke ne ka nna mongwe wa masole a a diketekete a kwa Slovakia a a neng a tshwarwa, mme a romelwa kwa mafelong a a neng a laolwa ke Bajeremane. Ke ne ka felela ke le kwa Gusen, e leng kampa e nnye e e neng e bapile le kampa ya pogisetso ya Mauthausen e e neng e itsege ka bosetlhogo, gaufi le Linz.

Mogolegwa wa Ntwa

Re ne re abetswe go direla kwa bodirelong jwa difofane jo bo neng bo le gaufi le motse wa Sankt Georgen an der Gusen. Fa ke le koo ke ne ke bereka mo lefelong la go sega dikgong. Re ne re na le dijo tse dinnye, mme ka January 1945 dikabo tsa rona tsa dijo di ne tsa fokodiwa le e leng go feta, e re ka masole a Banasi a ne a fenngwa mo matlhakoreng otlhe. Dijo fela tse di bothito tse re neng re di amogela e ne e e le soponyana fela. Moso mongwe le mongwe go ne go goroga badiri ba ba tswang kwa kampeng e kgolo ya Mauthausen. Gantsi babereki ba ba bokoa ba ne ba itewa ke balebeledi gore ba bo ba swe. Moragonyana, bagolegwa ba bangwe ba ne ba latlhela ditopo mo dikolotsaneng mme ba bo ba di isa kwa lefelong le go fisediwang ditopo gone.

Le fa re ne re lebane le masetlapelo ano, re ne re na le tsholofelo ya gore ntwa e tla fela. Ka May 5, 1945, dikgwedi di le tharo morago ga go thunya go go builweng ka gone pelenyana, ke ne ka tsoga mme ka fitlhela tlhakatlhakano e kgolo, ke bo ke sianela kwa ntle mo jarateng. Balebeledi ba ne ba seyo, dithunya di ne di koelane mme dikgoro di ne di atlhame. Re ne re kgona go bona kampa e nngwe go ralala sekgwa. Bagolegwa ba ba neng ba gololesegile ba ne ba sia go tswa mo kampeng fela jaaka motshitshi wa dinotshi. Fa re sena go gololesega, bagolegwa ba ne ba dira ditiro tse di setlhogo thata tsa go ipusolosetsa. Ke sa ntse ke gakologelwa sentle kgailo e e neng ya nna gone.

Bagolegwa ba ne ba ipusolosetsa mo go bo-kapo, ba e leng bagolegwa ba ba neng ba dirisana le batlhokomedi ba dikgolegelo. Ba ne ba dira jalo ka go ba betsa go fitlha ba swa. Gantsi bo-kapo ba ne ba le setlhogo go gaisa batlhokomedi ba Banasi. Ke ne ke lebile fa mogolegwa mongwe a ne a betsa kapo go fitlha a swa, a ntse a goa a re: “O bolaile rre. Re ne re falotse mmogo fano, mme mo malatsing a le mabedi fela a a fetileng o ne a mmolaya!” Fa go nna maitseboa sekgwa se ne se tletse ka ditopo tsa bo-kapo le bagolegwa ba bangwe—makgolokgolo a bone. Moragonyana, pele re tsamaya, re ne ra dikologa kampa re tlhatlhoba dilo tse go neng go bolawa batho ka tsone le mafelo a batho ba neng ba bolaelwa mo go one, segolobogolo diphaposi tsa gase le maubelo.

Go Ithuta ka Modimo wa Boammaaruri

Ke ne ke le kwa gae kwa bofelong jwa May 1945. Mme fa ke ntse ke seyo, batsadi ba me ba ile ba ithuta leina la Modimo le ke le utlwileng kwa lefelong la tshireletso le le kwa tlase ga lefatshe mme ba bo ba nna Basupi ba ga Jehofa. Moragonyana fela ga fa ke sena go boa ke ne ka kopana le Oľga, mosetsana yo o neng a rata dilo tsa bomodimo mme ngwaga morago ga foo, re ne ra nyalana. Go tlhagafalela ga gagwe boammaaruri jwa Baebele go ne ga ntlhotlheletsa gore ke tswelele ke ithuta ka Jehofa. Mo go nngwe ya dikopano tsa rona tsa bofelo pele ga puso e ntšha ya Bokomonise e thibela tiro ya rona ya go rera ka 1949, nna le Oľga mmogo le batho ba bangwe ba ba ka nnang 50, re ne ra kolobediwa mo Nokeng ya Váh kwa Piešťany. Fa nako e ntse e tsamaya, re ne ra nna le bana ba basetsana ba le babedi e leng Oľga le Vlasta.

Ján Sebín, Mosupi yo o neng a thusa go rulaganya tiro ya go rera morago ga Ntwa ya Lefatshe II, o ne a re etela gangwe le gape mme gantsi nna le ene re ne re rera mmogo. Go sa kgathalesege pogiso e e neng e ntse e oketsega ya Bakomonise, re ne ra tswelela ka tiro ya rona ya go rera. Re ne re bua le batho ka botlhale re ba bolelela ka Boammaaruri jwa Baebele, mme go ise go ye kae re ne re na le dithuto tse dintsi tsa Baebele. Fa Ján a ne a tsamaya mo lefelong la rona, nna le mosadi wa me re ne ra tswelela go ithuta le batho bano. Moragonyana, kwa dikopanong tsa rona, re ne re a tle re kopane le ditsala tseno tse di rategang le bana ba bone le ditlogolo tsa bone. A bo seo se ne sa dira gore re itumele jang ne!

Tirelo e e Kgethegileng

Ka 1953, Basupi ba le bantsi ba ba neng ba etelela tiro ya go rera pele ba ne ba tshwarwa. Ka jalo, ke ka kopiwa go thusa ka tiro ya go rera mo kgaolong e e bokgakala jwa dikilometara di le 150 go tswa mo legaeng la rona. Beke nngwe le nngwe ya bobedi fa ke sena go fetsa kwa tirong ya me ya boitshediso thapama ka Bomatlhatso, ke ne ke palama terena go tswa kwa toropong ya Nové Mesto nad Váhom mme ke bo ke ya kwa Martin e e kwa bokonebogare jwa Slovakia. Fa ke le koo, ke ne ke ruta batho Baebele, go fitlha bosigo le letsatsi lotlhe la Sontaga. Ka maitseboa a Sontaga ke ne ke palama terena ke boela kwa Nové Mesto. Gantsi ke ne ke fitlha gare ga bosigo mme ke bo ke robala kwa lelapeng la banyalani bangwe ba ba godileng, ba gantsi ba neng ba nkamogela ka lorato. Go tswa foo ke ne ke ya ka tlhamalalo kwa tirong ya me ya boitshediso mme ke bo ke boela kwa gae kwa motseng wa Krajné ka Mantaga bosigo. Ka mafelobeke fa ke ne ke seyo mo gae Oľga o ne a tlhokomela basetsana ba rona.

Mme ka 1956, ke ne ka kopiwa go nna molebedi wa potologo, e leng tiro e e akaretsang go etela diphuthego tse di mo lefelong la rona ke di nonotsha mo semoyeng. E re ka ba le bantsi ba ba neng ba dira tiro eno ba ne ba le kwa kgolegelong, ke ne ka bona botlhokwa jwa go amogela boikarabelo jono. Nna le mosadi wa me re ne re tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla thusa lelapa la rona.

Go ya ka molao wa Bokomonise, baagi botlhe ba ne ba tshwanetse go nna le tiro ya boitshediso. Puso e ne e leba batho ba ba sa berekeng e le ba ba se nang mosola mme ba ne ba romelwa kwa kgolegelong. Ka jalo, ke ne ka tswelela ka tiro ya me ya boitshediso. Ke ne ke nna kwa gae le ba lelapa la me mafelobeke a mabedi mo kgweding, ke dira dilo tsa semoya le bone le dilo tse dingwe; mme mafelobeke a mangwe a mabedi ke ne ke etela nngwe ya diphuthego tse thataro tse di gaufi mo potologong.

Go Gatisiwa ga Dikgatiso ka Nako ya Thibelo

Balebedi ba potologo ba na le boikarabelo jwa go rulaganya gore phuthego nngwe le nngwe mo potologong e nne le dikgatiso tsa Baebele. Kwa tshimologong dimakasine di ne di kwalwa ka seatla kana di tlanyiwa. Moragonyana re ne re kgona go bona dineketifi tsa difilimi tse Tora ya Tebelo e gatisitsweng mo go tsone mme re bo re di romela kwa diphuthegong. Morago dimakasine di ne tsa kwalololelwa mo pampiring e e dirisediwang dinepe. E re ka go reka pampiri eno ka bontsi go ne go tla tsosa dipelaelo, ba ba neng ba e reka ba ne ba tshwanetse go nna pelokgale le go nna kelotlhoko.

Štefan Hučko o ne a rata tiro eno ya go reka pampiri thata, mme e bile o ne a atlega mo go yone. Ka sekai: Mo lekgetlhong le lengwe Štefan o ne a boela kwa lebenkeleng la dinepe kwa toropong e e kgakala le kwa a neng a nna teng a ya go reka pampiri e e dirisediwang dinepe mme o ne a batlile a tsamaya e re ka e ne e seyo. Le fa go ntse jalo, o ne a bona modiri yo o botsalano wa mo lebenkeleng leno yo mo nakong e e fetileng a neng a mo solofeditse gore o tla mo otorela pampiri eo. Fa Štefan a re o ya kwa go ene, o ne a bona lepodise le tsena mo lebenkeleng. Ka yone nako eo, ke fa modiri a bona Štefan mme a mo goa ka boitumelo a re: “Rra! O lesego ruri. Re amogetse pampiri e o neng o e batla.”

Štefan o ne a akanya ka bonako mme a araba ka gore: “Intshwarele Mma, tota o tshwanetse wa bo o ntshwantsha le motho mongwe o sele. Ke batla filimi ya neketifi e le nngwe fela.”

Fa Štefan a sena go boela kwa koloing ya gagwe, o ne a sa kgone go tsamaya a sa tsaya pampiri eno e e botlhokwa thata e a neng a e tletse. Ka jalo, moragonyana, fa a sena go apola baki ya gagwe a rola kepisi ya gagwe a bo a leka go fetola tebego ya gagwe, o ne a boela kwa lebenkeleng leo gape mme a tlhamalalela kwa modiring yole wa lebenkele. O ne a tlhalosa jaana: “Ke ne ke le fano mo bekeng e e fetileng mme o ne wa ntsholofetsa gore o tla otora pampiri e e dirisediwang dinepe. A e setse e tlile?”

O ne a araba jaana: “Ee e tlile. Mme wa itse gore ke eng Rra, metsotso e mmalwa e e fetileng go ne go tlile monna mongwe yo o tshwanang kgo le wena. O ka se dumele—o tshwana le wena thata jaana o ka re le mafatlha!” Ka bonako, Štefan o ne a reka pampiri e ntsi mme a bo a tsamaya a leboga Jehofa go bo a dirile gore a e bone.

Ka bo1980 re ne ra simolola go dirisa motšhine wa go dira difotokhopi wa mimeograph le metšhine e mennye ya go gatisa ya offset go gatisa dikgatiso tsa Baebele mo phaposing e e kafa tlase ga lefatshe kana mo mafelong mangwe a a fitlhegileng. Fa nako e ntse e tsamaya, palo ya dikhopi tsa kgatiso nngwe le nngwe ya dimakasine tsa rona—le palo ya dibuka le dibukana—e ne e setse e feta tota le palo ya Basupi.

Maeto a ke Neng Ke sa A Itumelele

Ka letsatsi lengwe ka bo1960, ke ne ka laelwa gore ke ye kwa lephateng la sesole la khampani e ke neng ke bereka mo go yone. Banna bangwe ba bararo ba ba neng ba apere diaparo tse di tlwaelegileng ba ne ba mpotsolotsa ba re: “O na le nako e kae o kopanela le Basupi ba ga Jehofa? Mme o kopanela le bomang?” Fa ne ke ne sa batle go ba naya tshedimosetso e ba neng ba e batla, ba ne ba nthaya ba re ba tla ikgolaganya le nna moragonyana. E ne e le lekgetlho la ntlha ke kopana le Sepodise sa Puso, e leng mapodise a sephiri.

Ka bonako morago ga foo, ke ne ka tla go tsewa kwa tirong mme ka isiwa kwa seteisheneng sa mapodise. Go ne ga bewa pampiri e e neng e se na sepe fa pele ga me, mme ka kopiwa gore ke kwale maina a Basupi ba bangwe. Fa monna yoo a boa, morago ga mo e ka nnang ura, pampiri eo e ne e sa ntse e sa kwalwa sepe mme ke ne ka tlhalosa gore nka se ka ka mo naya maina ape. Beke e e latelang, go ne ga direga se se tshwanang. Seo se ne sa dira gore ba mpetse, mme fa ke tsamaya, ba ne ba tla ba nthagakaka mo phashiting.

Go tswa foo, mapodise a ne a tlogela go ntshwenya ka sebaka sa ngwaga. Moragonyana, ba ne ba romela monna mongwe gore a nketele. E ne e le mongwe yo o neng a le kwa kgolegelong mo kampeng ya pogisetso ya Banasi le nna. O ne a nthaya a re: “Re tshwanetse go fetola tsela e re e dirisang go lo laola. Fa re tsenya Mosupi a le mongwe mo kgolegelong, go tswa ba le batlhano.” Se puso e neng e batla go se dira e ne e le gore bobotlana e laole tiro ya rona ka selekanyo se se rileng. Le fa go ntse jalo, ke ne ke ititeile sehuba gore nka se ka ka ba naya tshedimosetso epe e e tla ba thusang go dira jalo.

Ke ne ke le mongwe wa ba gangwe le gape ba neng ba etelwa ke mapodise a sephiri ka dingwaga di le dintsi. Ka dinako tse dingwe ba ne ba re tshwara jaaka ditsala tsa bone mme ka dinako tse dingwe ba ne ba romela mongwe wa rona kwa kgolegelong. Ka lesego, nna ga ke ise ke ko ke romelwe kwa kgolegelong, mme maeto ao a ke neng ke sa a itumelele a mapodise, a ne a tswelela go fitlha ka 1989, e leng ngwaga o puso ya Bokomonisi e neng ya phutlhama ka one kwa Czechoslovakia.

Dibeke di le mmalwa morago ga gore puso e phutlhame, ke ne ka etelwa ke leloko lengwe la maemo a a kwa godimo la Sepodise sa Puso go tswa kwa Bratislava. O ne a kopa maitshwarelo a re: “Fa go ne go ya ka nna, re ka bo re sa lo tshwenya.” Go tswa foo, o ne a ntsha dikgetsi tse pedi tsa maungo a a mo dithining mo koloing ya gagwe a re ke mpho.

Jehofa, Tora e e Nonofileng

Le mororo dingwaga tsa me tsa ntlha tse 40 ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa e ne e le fa tiro e ne e thibetswe, ke ne ka nna le botshelo jo bo itumetseng jo bo kgotsofatsang. Dilo tse di neng tsa re diragalela ka nako eo di ne tsa dira gore re nne le kamano e e gaufi le badumedi ka rona. Re ne re anaanela thata kamano e re neng re na le yone mme re ne re ikaegile ka go tshepana ga rona.

Ka March 2003, ke ne ka lebana le tatlhego e e botlhoko ya mosadi wa me yo o rategang e bong Oľga. E ne e le molekane yo o ikanyegang mo nakong yotlhe e re neng re nyalane ka yone. Re ne re tshwaregile mmogo mo bodireding jwa Bokeresete mo dingwageng tseo tsotlhe. Gone jaanong, ke sa ntse ke le mogolwane wa Mokeresete mo phuthegong ya rona mme ke batlana le batho ba ba kgatlhegelang go ithuta Baebele. Leina Jehofa, le ke ileng ka le utlwa la ntlha kwa lefelong la tshireletso le le kafa tlase ga lefatshe ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, e sa ntse e le tora e nonofileng mo go nna.a—Diane 18:10.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Mokaulengwe Pavol Kovár o ne a tlhokafala ka July 14, 2007, fa setlhogo seno se ne se kwalwa. O ne a le dingwaga di le 85.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Ka 1942 fa ke ne ke le mo sesoleng sa Slovakia

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Moragonyana, ke le kwa kgolegelong ya Gusen (e e bontshitsweng kwa morago)

[Motswedi wa Setshwantsho]

© ČTK

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Rre o ne a re balela Baebele ka Bosontaga mo mosong

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Ka letsatsi la lenyalo la rona ka 1946

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ke na le Oľga pelenyana fela ga gore a tlhokafale

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela