LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 7/08 ts. 22-23
  • Tatso ya Dijo Tsa Kwa Thailand

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tatso ya Dijo Tsa Kwa Thailand
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Kopanngwa ga Meutlwalo e e Tswang mo Ditšhabeng Tse di Farologaneng
  • Mefuta e Mentsi ya Dijo, Mefuta e Mengwe e Mentsi ya Meutlwalo
  • Ke ne Ka Tshaba Kwa Mafelong a Dipolao Mme ka Bona Botshelo
    Tsogang!—2009
  • “Jehofa ke Nonofo ya Me”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Kopana le Merafe ya Dithaba e e Ratang Mebala ya Thailand
    Tsogang!—2010
  • Reise—A o e Batla e Fufuditswe Kana e sa Fufudiwa?
    Tsogang!—1995
Tsogang!—2008
g 7/08 ts. 22-23

Tatso ya Dijo Tsa Kwa Thailand

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA MALAYSIA

FA O ntse o ralala mmila o o tlhanaselang wa kwa Bangkok, kwa Thailand, o sa lebelela o ka nna wa ngokiwa ke monko o o monate mme wa pateletsega gore o batlisise gore o tswa kae. Fa o goroga gone, o fitlhela batho ba apeela fela fa thoko ga tsela, ba apaya dijo tsa Se-Thai. Fa o sena go nna o utlwa menko e e monate le go lebelela mebala e mentle ya dijo tseno—o ka raelesega go batla go utlwa gore dijo tse di monate tseno di utlwala jang.

Go nna monate ga dijo tsa Se-Thai go dirwa ke go kopanya ditlhatsana tse di natetshang dijo, medi, matlhare le dipeo tse di tlhophilweng ka kelotlhoko. Fa di setse di kopantswe tsotlhe go nna le moutlwalo wa botshe, botšarara, letswai, botlha le meutlwalo e e babang le menko e e dirang gore go nne thata gore o fete fela o e itlhokomolosa. Go tlile jang gore Thailand e nne le mofuta ono wa dijo o o sa tlwaelegang jaana? Hisitori ya bone ke yone e e tlhalosang.

Go Kopanngwa ga Meutlwalo e e Tswang mo Ditšhabeng Tse di Farologaneng

Thailand ke lefelo le batho ba le bantsi ba ba yang kwa Asia ba ratang go feta kwa go lone. Ka makgolokgolo a dingwaga, Ba-China, Ba-Lao, Ba-Cambodia, Ba-Indonesia, Bayuropa le ba bangwe ba ne ba ralala Thailand mme bontsi jwa bone ba ne ba swetsa go nna koo. Batho bano ba ne ba tla ka dijo tsa kwa ba tswang gone mme meutlwalo le menko ya dijo tsa mafelo a a farologaneng a ba tswang kwa go one e ne ya sala kwa Thailand.

Nako nngwe bogologolo, batsamai ba Baindia ba ne ba bontsha Ba-Thai kafa ba ka dirisang khari ka teng fa ba apaya. Mo lekgolong la bo16 la dingwaga, Bapotokisi ba ne ba tla ka tšhilisi gongwe le ditamati. Gompieno, dijo tsa Se-Thai di akaretsa metswako e e farologaneng mme bontsi jwa tsone di tsenngwa mofuta wa tšhilisi e e serolwana, e tala le e khibidu mme go bo go tlhakanngwa le metswako ya khari ya mebala e e tshwanang. Motswako ono wa khari le ditšhilisi o dira gore dijo tsa Se-Thai di nne le meutlwalo e e monate ya dijo tswa kwa Botlhaba.

Mefuta e Mentsi ya Dijo, Mefuta e Mengwe e Mentsi ya Meutlwalo

Dijo tsa Se-Thai di akaretsa mefuta e e farologaneng ya dijo tse di ka nnang tsa akaretsa sopo, salate, dijo tse di apewang ka go gadikiwa di ntse di fuduiwa, khari le disouse tse o inang dijo mo go tsone. Ka metlha go tla bo go na le reise e e bolelo mo dijong tseno. Go tswa foo go tla bo go latela phuding, e ka dinako dingwe e tla bong e dirilwe ka dilo tse di akaretsang sukiri le mae. Kokonate le mashi a yone le tsone di dirisiwa go dira diphuding tsa Se-Thai.

Selo se se botlhokwa se se dirang gore dijo di nne monate gongwe le gongwe ke go dirisa dilo tse di foreshe, mme kwa Thailand gantsi o kgona go di bona motlhofo. Mo ditoropokgolong le mo ditoropong, mebaraka e rekisa maungo, merogo le ditlhapi tse di foreshe le ditswaiso tse di jaaka lemon grass, coriander, konofole le gemere. Mo mebarakeng eno, go na le ditšhilisi le disurunamune tse dintsi tse di dirisiwang thata mo dijong tsa Se-Thai.

E ka tswa o batla go etela kwa Thailand kgotsa o batla go utlwa dijo tsa Se-Thai kwa gae, leka tom yam goong e leng sopo e e babang e bile e le botlha ya shrimp e leng sejo se se ratiwang thata kwa Thailand. Dijo tse dingwe tse o ka tlhophang go di utlwa ke papaya e e nang le ditswaiso, salate, di-glass noodle ka nama ya koko kgotsa ya ganse e e besitsweng, nama ya kolobe e e kgabetletsweng kgotsa tlhapi e e marinaitilweng. Ma ho e e kayang “dipitse tse di tabogang,” ke motswako wa nama ya kolobe, di-prawn le matonkomane tse di tsentsweng mo teng ga peinapole e e foreshe mme e kgabisitswe ka ditšhilisi tse dikhibidu le matlhare a coriander. Feleletsa seo ka go leka phuding ya reise e e kgomarelang ka mashi a kokonate le dimenku.

Tsela e e molemolemo ya go ja dijo tsa Se-Thai ke efe? Mo dikarolong dingwe tsa naga, tsela e e tlwaelegileng ke go dirisa menwana ya gago go momaganya reise e e kgomarelang e e apeilweng ka tsela e e kgethegileng gore e nne dikgolokwe tse dinnye, tse morago ga foo o tla di inelang mo go nngwe ya disouse tse di leng teng mme o bo o di latlhela mo molomong wa gago. Fa o ja di-noodle, o ka nna wa rata go dirisa di-chopstick. Mme fa e le gore go thata go ja ka di-chopstick, o ka nna wa dirisa foroko le leswana.

A gone jaanong o eletsa go leka dijo sa Se-Thai? Dijo tse di monate tsa naga e ntle eno ya kwa Asia di ka dira gore o batle go ithuta mo go oketsegileng ka meutlwalo e o iseng o e latswe—dijo tse di monate tsa kwa Botlhaba.

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

1 Sopo ya Tom yam goong

2 Salate ya di-glass noodle ka nama ya kolobe e e kgabetletsweng le di-shrimp

3 Salate ya papaya e e babang

4 Ma ho

5 Reise e e kgomarelang ka mashi a kokonate le dimenku

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela