Go Tshela ka Boswafi
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA BENIN
JOHN a re: “Gantsi fa ke tlatsa foromo e e batlang tshedimosetso malebana le morafe wa me, ke tshwaya fa go kwadilweng ‘Montsho,’ le fa gone ke le mosweu go feta bontsi jwa batho ba ba tshwayang fa go kwadilweng ‘Mosweu.’” John, Moafrika wa kwa Bophirima yo o nnang gaufi le molelwane wa Benin le Nigeria, ke leswafi—bolwetse bongwe jwa dijini jo bo dirang gore matlho, letlalo kgotsa moriri wa motho (ka dinako tse dingwe ke matlho a motho fela) o nnang le mmalanyana kgotsa o bo o se na mmala gotlhelele. Boswafi bo aname go le kana kang? Bo ama jang botshelo jwa motho yo o nang le jone? Ke eng se se ka thusang batho ba ba nang le jone go tshela ka bolwetse jwa bone?a
Le fa gone boswafi bo bonwa thata mo bathong ba letlalo le lentsho, bo fitlhelwa mo ditshabeng tsotlhe, mo merafeng yotlhe le mo bathong botlhe. Go fopholediwa gore motho a le mongwe mo bathong ba le 20 000 e nna leswafi.
Go ka direga gore dikokomana di le dintsi di fete mme dijini tse di nang le mathata a boswafi di sa itshupe ka tsela epe. Go ne go ntse jalo ka John. Ga go na ope wa ba losika lwa gagwe ba ba gakologelwang ope wa bagologolwane ba gagwe yo o neng a na le boswafi.
Ba le bantsi ba amanya lefoko la “boswafi” le babatlisisi ba Bapotokisi ba lekgolo la bo17 la dingwaga. Fa ba ne ba ralala mo lobopong lwa kwa Afrika Bophirima ka sekepe ba ne ba bona batho ba letlalo le lentsho le ba letlalo le lesweu. E re ka ba ne ba akanya gore batho bano ba tswa mo merafeng e mebedi e e farologaneng, ba ne ba re ba bantsho ke (Negroes) mme ba basweu ba re ke maswafi (albinos)—mafoko a Sepotokisi a a rayang “montsho” le “mosweu.”
Kafa go Amang Letlalo le Matlho ka Teng
Mo bathong ba le bantsi ba basweu, go nna mo letsatsing go se kae go dira gore letlalo la bone le nne lentshonyana e leng fa mmele o ntsha mmala o o bidiwang melanin go sireletsa letlalo. Le fa go ntse jalo, John o na le oculocutaneous albinism, e leng mofuta o o tlwaelegileng thata.b Ga a na melanin mo letlalong la gagwe, mo moriring wa gagwe le mo matlhong a gagwe. Seno se ama letlalo la gagwe jang? E re ka maswafi a se na mmala wa letlalo, letlalo la bone le fisiwa ke letsatsi motlhofo. Go fisiwa ke letsatsi ka bogone ga go monate e bile ke selo se se botlhoko. Le fa go ntse jalo, maswafi a a sa sireletseng matlalo a bone sentle ba ipaya mo kotsing ya go nna le kankere ya letlalo. Go ntse jalo segolobogolo kwa mafelong a boboatsatsi.
Ka jalo, tsela e e botlhokwa thata e motho wa leswafi a ka e dirisang go sireletsa letlalo la gagwe ke ka go apara diaparo tse di tshwanelang. Ka sekai, John, ke molemirui. Ka jalo, fa a bereka kwa masimong, o rwala hutshe ya lotlhaka a bo a apara hempe ya matsogo a maleele. Le fa gone a itshireleditse ka tsela eno, o tlhalosa jaana: “Ka dinako tse dingwe ke utlwa e kete mmele wa me otlhe o sha go tswa kafa teng. Fa ke boela gae mme ke ngapa letsogo la me, ka dinako tse dingwe letlalo la me le a oboga le bo le salela mo dinaleng tsa me.”
Selo se sengwe se o ka se dirang ke go itshasa setlolo se se go sireletsang mo letsatsing fa o na le sone. Setlolo se se kgonang go go sireletsa mo letsatsing ka selekanyo sa tshireletso sa SPF15 (Sun protection factor) se molemo thata, mme o tshwanetse go se itshasa thata metsotso e le 30 pele ga o ka lebana le letsatsi le diura dingwe le dingwe di le pedi morago ga foo.
Boswafi gape bo ka ama matlho ka ditsela tse di farologaneng. Mmala wa iris (karolo e e nang le mmala ya leitlho) gantsi o thibela lesedi la letsatsi go tsena mo leitlhong fa e se fela fa lesedi leo le tsena ka thaka ya leitlho. Le fa go ntse jalo, iris ya leswafi e batla e nna e kete ga e na mmala, e leng se se dirang gore lesedi le le sa tshwanelang go tsena le tsene ka yone mme go bo go dira e kete ba a fatlhega. E le go thibela seno, ba le bantsi ba rwala kepisi, seitshireletso se se bidiwang visor kgotsa diborele tsa letsatsi tse di sireletsang matlho. Ba bangwe ba tlhopha go tsenya di-contact lens tse di nang le mmala o o rileng. John a re ka malatsi a le mantsi o kgona go nna fela a sa tsenya sepe se se sireletsang matlho a gagwe. Le fa go ntse jalo, gantsi fa go nna bosigo, matlho a gagwe a nna botlhoko ka ntlha ya phatsimo ya lesedi la dipone tsa dikoloi.
Batho ba le bantsi ba akanya gore maswafi a na le matlho a a mahibitshwana, mme seno ga se boammaaruri. Bontsi jwa maswafi ba na le di-iris tse di nang le mmala o o bosetlha jo bo letobo, borokwa kgotsa o o pududu. Mme he, ke ka ntlha yang fa matlho a bone a lebega a le mahibidu? Facts About Albinism ya re: “Mo maemong mangwe fa go na le lesedi, go na le mmalanyana o mohibidu kgotsa o o phepole o o bonalang mo iris, e e nang le mmala o monnye. Mmala o mohibitshwana ono o tswa mo lethaponong (retina) la leitlho.” Seno se ka tshwantshiwa le se se bidiwang red-eye, mmala o mohibitshwana o ka dinako tse dingwe o bonalang mo matlhong a motho yo o mo setshwantshong fa se tserwe ka lesedi le le phatsimang.
Go tlwaelegile gore maswafi a nne le mathata a matlho. Bongwe jwa bothata joo ke fa ditshikana tse di golaganyang lethapono mo bobokong di sa golagana sentle. Go ka felela ka gore matlho a se ka a tsamaisana sentle mme go dire gore motho a se ka a kgona go bona gore selo se se rileng se bokgakala jo bo kana kang. Bothata jono bo bidiwa strabismus (go pelekana matlho). Go alafa bothata jono go ka nna ga akaretsa go dirisa diborele tsa matlho kgotsa go ariwa matlho.
Mo dinageng di le dintsi go ka direga gore ga go na kalafi kgotsa e tura thata. John o tshela jang ka bothata jono jwa go pelekana matlho? A re: “Ke tshwanetse go nna kelotlhoko. Fa ke batla go kgabaganya tsela, ga ke dirise fela matlho a me mme ke dirisa le ditsebe tsa me. Fa ke bona koloi, ke a itse gore ga ke a tshwanela go kgabaganya fa ke kgona go e utlwa e tla.”
Nystagmus, bothata jwa go bonyabonya ga matlho le jone bo ka bakiwa ke boswafi. Seno se ka dira gore motho a se ka a kgona go bona sentle, jaaka go kgona go bona fela dilo tse di gaufi thata kgotsa go bona fela dilo tse di kgakala thata. Ka dinako tse dingwe, diborele tsa matlho kgotsa di-contact lens di ka kgona go thusa fa motho a sa bone sentle, mme seno ga se baakanye se se bakang bothata jono. Bangwe ba ile ba ithuta go fokotsa bothata jono jwa nystagmus ka go baya monwana mo leitlhong kgotsa go sokamisa tlhogo fa ba bala.
Bothata jo bogolo jwa ga John ga se strabismus kgotsa nystagmus, mme ke go kgona go bonela dilo gaufiufi. John yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a re: “Ke tshwanetse go baya tshedimosetso e ke e balang gaufi thata le matlho a me. Le fa go ntse jalo, fa ke setse ke e beile mo ke kgonang go e bona sentle, ke kgona go bala ka bonako. Seno se botlhokwa gore ke kgone go dira mmalo wa me wa Baebele wa letsatsi le letsatsi.” O oketsa jaana: “Fa ke neela dipuo kwa dipokanong tsa rona tsa Bokeresete, ke baakanyetsa sentle gore ke se ka ikaega thata ka dintlha tse ke di kwadileng. Ke itumetse thata go bo go na le mokwalo o mogolo wa makasine wa Tora ya Tebelo le ka puo ya me e leng Seyoruba.”
Mo ngwaneng yo o nang le boswafi jo bo amang matlho a gagwe e ka nna kgwetlho tota go ya sekolong. Fa batsadi ba ka tsaya kgato e sa le gale ka go ikogolaganya le barutabana le balaodi ba sekolo, gantsi ba ka kgona go thusiwa ka ditsela tse di mosola. Ka sekai, kwa dikolong dingwe, go na le dibuka tsa mokwalo o o kwadilweng mo godimo ga mmala mongwe o o dirang gore ditlhaka di bonale sentle, dibuka tsa mokwalo o mogolo le dikhasete. Fa batsadi, barutabana le bakaedi ba sekolo ba dirisana mmogo sentle, ngwana wa leswafi yo o nang le bothata jwa go bona sentle a ka itumelela le go atlega mo dingwageng tsa gagwe tsa sekolo.
Dikgwetlho Tsa go Nna fa Gare ga Batho ba Bangwe
Batho ba le bantsi ba e leng maswafi ba ithuta go tshela ka mathata a bone. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba go fitlhela go le thata go itshokela go tlhaolwa mo setšhabeng ka go bo e le maswafi. Seno e ka nna kgwetlho thata mo baneng.
Kwa dikarolong dingwe tsa kwa Afrika Bophirima, bana ba e leng maswafi ba a tshegiwa le go sotliwa ka mafoko a bomorafe. Mo mafelong mangwe a mo go one go buiwang Seyoruba, ba bidiwa “Afin,” se se kayang “sengwe se se tshosang.” Gantsi bagolo ga ba sotliwe thata jaaka bana. Le fa gone batho ba kwa Afrika Bophirima gantsi ba rata go nna kwa ntle, maswafi mangwe a tlhopha go nna mo matlong. Mme go motlhofo gore seno se dire gore ba feleletse ba ikutlwe ba sa ratiwe e bile ba se na mosola. Ke kafa John a neng a ikutlwa ka teng go fitlha a ithuta boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. Fa a sena go kolobediwa ka 1974, tsela e a neng a leba botshelo ka yone e ne ya fetoga gotlhelele. John o ne a tlhola a nna a le esi kwa gae, mme o ne a lemoga gore o na le boikarabelo jwa go ya go rerela ba bangwe ka tsholofelo e e itumedisang e a ithutileng yone. A re: “Seemo sa bone sa semoya se utlwisa botlhoko thata go na le mathata a nna ke nang le one.” A go na le batho ba ba mo sotlang mo bodireding? John o tlhalosa jaana: “Go direga ka sewelo gore fa mongwe a le kgatlhanong thata le molaetsa wa Baebele a bo a dirisa tsela e ke lebegang ka yone go ntshotla. Mme seno ga se ntshwenye ka gonne ke a itse gore motho yoo o ntshotla ka ntlha molaetsa o ke o tshwereng e seng ka ntlha ya tebego ya me.”
Fa Boswafi bo Tla Bo bo Sa Tlhole bo le Gone
Mo dingwageng tsa bosheng jaana go nnile le diphetogo tse dintsi mo kalafing ya boswafi. Saense ya kalafi e kgona go thusa batho thata go gaisa mo nakong e e fetileng. Go na le ditlhopha tsa maswafi tse di kopanang go tlhalosetsana maitemogelo a bone le go tokafatsa tsela e ba tlhaloganyang seemo sa bone. Le fa go ntse jalo, le fa batho ba dira maiteko a a ntseng jalo, Modimo ke ene fela yo o tla rarabololang bothata joo.
Boswafi, jaaka malwetse a mangwe otlhe, bo nnile teng ka ntlha ya bosaitekanelang jo batho botlhe ba bo ruileng mo mothong wa ntlha e bong Adame. (Genesise 3:17-19; Baroma 5:12 ) Go ise go ye kae, ka setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete, Jehofa o tla dira gore batho botlhe ba ba nang le tumelo mo go ene ba nne le botsogo jo bo itekanetseng. Ee, ke ene “yo o fodisang matlhoko . . . otlhe.” (Pesalema 103:3) Ka jalo, boswafi e tla bo e le selo se se fediseditsweng ruri, ka gonne le fa e le mang yo o nang le bothata jono o tla bona go diragadiwa ga Jobe 33:25 e e reng: “A nama ya gagwe e shafale go gaisa le nako ya bosha, a a boele mo malatsing a matlhagatlhaga a bosha jwa gagwe.”
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Boswafi ga bo a tshwanela go tlhakanngwa le bolwetse jwa vitiligo. Bona makasine wa Tsogang! wa September 22, 2004, tsebe 22, ka Seesemane.
b Bona lebokoso le le mo tsebeng e e latelang go bona tlhaloso ya mefuta e mengwe ya boswafi.
[Nopolo go tswa mo setlhogong mo go tsebe 29]
“Seemo sa bone sa semoya se maswe thata go feta bothata jo nna ke nang le jone.”—John
[Lebokoso mo go tsebe 28]
MEFUTA E MENGWE YA BOSWAFI
Mefuta ya boswafi e e tlwaelegileng thata e akaretsa e e latelang:
Oculocutaneous albinism. Mo mofuteng ono wa boswafi ga go na mmala wa melanin mo letlalong, mo moriring le mo matlhong. Go na le mefuta e e farologaneng e e ka nnang 20 ya boswafi jo bo welang mo setlhopheng seno.
Ocular albinism. Bo ama matlho fela. Gantsi letlalo le moriri di lebega di siame fela.
Go na le mefuta e mengwe e mentsi ya boswafi e e sa itsegeng thata. Ka sekai, mofuta mongwe o amanngwa le Hermansky-Pudlak syndrome (HPS). Batho ba ba nang le bolwetse jwa HPS, ba nna le matsadi kgotsa ba dutla madi motlhofo. Go na le batho ba bantsi ba ba nang le mofuta ono wa boswafi mo baaging ba kwa Puerto Rico, kwa go fopholediwang gore go ka fitlhelwa motho a le mongwe mo go ba le 1 800 mo baaging yo o nang le jone.