LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 9/09 ts. 29
  • Dikakgelo Tsa Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikakgelo Tsa Babadi
  • Tsogang!—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tshela ka Boswafi
    Tsogang!—2008
  • Kafa Mmidi o Gakgamatsang ka Teng
    Tsogang!—2008
  • Dikakgelo Tsa Babadi
    Tsogang!—2009
  • Dikakgelo Tsa Babadi
    Tsogang!—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 9/09 ts. 29

Dikakgelo Tsa Babadi

Basha ba Botsa Jaana . . . Go Tweng Fa Nnake Kgotsa Nkgonne a Ipolaile? (June 2008) Pele ga nkgonne a tlhokafala, o ne a bogisiwa ke go gatelelwa thata mo maikutlong ka dingwaga di le tlhano. E re ka ke ne ka bona kafa bolwetse jwa gagwe bo neng bo mo sotla ka teng, ke ne ka akanya gore, ‘Ruri botshelo jwa gagwe bo ne bo utlwisa botlhoko!’ Le fa go ntse jalo, setlhogo sa Tsogang! se ne sa akantsha gore re akanye ka dilo tse di itumedisang tse re di gakologelwang ka ene. Fa ke ntse ke akanya ka dilo tse di itumedisang tse ke di gakologelwang ka ene, ke ne ka simolola go bona gore e ne e se “botshelo jo bo utlwisang botlhoko” jo nkgonne a neng a na le jone, go na le moo, o ne a na le botshelo jo bo itumedisang, ka gonne dinako tse di itumedisang di ne di le dintsi go gaisa dinako tsa mathata.

S. Y., Japane

Basha ba Botsa Jaana . . . Ke ka Ntlha Yang fa Batsadi Ba me Ba sa Ntshepe? (April 2008) Ka  go bala le go dirisa melaometheo ya Baebele e e mo go Tsogang! ke ne ka bona gore go dira gore o tshepiwe le go gola go tshwana le go palama ditepisi, ga se kgoro e o e bulang ka bonako o bo o feta. Gore batsadi ba me ba nneye kgololesego e e oketsegileng, ke ne ka tlhoka go ba bontsha gore ba ka ntshepa. Ke ne ka tshwanelwa ke go fetsa ditiro tsa me tsa mo gae le go dira tiro ya me ya sekolo e e direlwang kwa gae.  Ke a lo leboga ka ntlha ya ditlhogo tse di jaaka seno.

T. L., United States

Go Tshela ka Boswafi (July 2008) E re ka ke le motho yo o nang le bolwetse jono, mo tshimologong ke ne ka itumela fa ke bona setlhogo seno. Le fa go ntse jalo, ke ne ka utlwa botlhoko go bona lefoko “leswafi” le ntse le dirisiwa kgapetsakgapetsa mo setlhogong seno. Le dirisitswe ka ditsela tse di supang lenyatso, jaaka lefoko le le supang letlhoo mo bathong ba ba nang le bolwetse jono.

A. L., United States

“Tsogang!” e a araba: Re kopa maitshwarelo fa e le gore re utlwisitse babadi ba rona botlhoko ka tsela nngwe. Lebaka la go bo re dirisitse lefoko “leswafi” ke ka go bo mo go tsa kalafi ba le dirisa jalo. Mme gone, re a dumela gore bangwe ba dirisitse lefoko leno ka tsela e e utlwisang botlhoko. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ba nang le bolwetse jono ba amogela lefoko leno mme ga ba kgopisege fa le dirisiwa. Tota e ne e se maikaelelo a rona go kgoba ope.

Ke a lo leboga go bo lo ile lwa gatisa setlhogo seno, ka gonne le nna ke leswafi jaaka John. Ke ne ka anaanela thata go bala setlhogo se se buang ka boswafi, se se buang boammaaruri, se se tlhalosang mabaka, se se akanyetsang e bile e le se se rutang. Ka ntlha ya seo, ditsala tsa me di tlhaloganya bolwetse jwa me botoka.

T. M., United States

Lorato lo lo Nonofileng go Gaisa Kgwanyape! (August 2008) Ditlhogo tse di jaaka seno di nkgakolola gore ke se ka ka tlhobaela ka isagwe mme ke tshwanetse go ikaega ka Modimo gotlhelele. Dingwaga tse tharo tse di fetileng ke ne ka bona lorato lwa bokaulengwe fa morwalela o ne o senya ntlo ya batsadi ba me ba ba sa dumeleng. Basupi ba ga Jehofa ba ba mo phuthegong ya lefelo le ba nnang mo go lone ba ne ba tla go ba thusa ka bonako. Ke leboga Jehofa go bo ke le mo phuthegong ya gagwe.

D. W., Poland

Kafa Mmidi o Gakgamatsang ka Teng (August 2008) Lelapa la gaetsho le ne la jala mmidi mo tshingwaneng ya rona ya merogo mme ga re a kgona go roba mmidi o o nang le dithoro tse di lekalekanang. Mme gone jaanong, ka ntlha ya setlhogo seno, re tlhaloganya lebaka la gone. Re ne re kgona fela go jala dimelanyana di le tlhano kgotsa di le thataro, ka jalo peo ga ya ka ya fetisediwa kwa dimeleng tse dingwe jaaka go ntse mo tshimong e kgolo. Ngwaga o o fetileng, ka go nna kelotlhoko gore leodi lengwe le lengwe le tsene ka ditlhalenyana tse di boleta tse di fa godimo ga mmidi, re ne ra kgona go roba mmidi o o monate wa dithoro tse di lekalekanang. Ke lo leboga go menagane.

R. W., Japane

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela