Dikakgelo Tsa Babadi
Mekwalo ya Seatla ya Bogologolo—Re Itse Jang Gore e Kwadilwe Leng? (February 2008) Setlhogo seno se a nkgopisa. Nna ke tlhaloganya gore C.E. e emela “Common Era” mme B.C.E. e emela “Before the Common Era.” Mo dingwageng tsa me tsotlhe di le 70, ke bone B.C. le A.D. di dirisiwa go supa nako, di supa nako ya pele le morago ga go tsholwa ga ga Jesu. Nna ke akanya gore go dirisa B.C.E. kgotsa C.E. ka tsela nngwe go latola go tsholwa ga ga Jesu.
R. W., United States
“Tsogang!” e a araba: Le fa gone A.D. (Anno Domini, e e rayang “in the year of our Lord” [mo ngwageng wa Morena wa rona]) le B.C. (before Christ [pele ga Keresete]) di dirisiwa mo dinageng tse batho ba le bantsi ba tsone ba ipolelang gore ke Bakeresete, rona re tlhophile go dirisa C.E. (Common Era) le B.C.E. (Before the Common Era). Ka ntlha yang? Sa ntlha, go na le bosupi jo bontsi jo bo bontshang gore ngwaga wa 2 B.C.E ke letlha la go tsholwa ga ga Jesu. Sa bobedi, dikgatiso tse di gatisiwang ke Basupi ba ga Jehofa di anamisiwa mo lefatsheng lotlhe ka dipuo tse di balwang ke batho ba le bantsi ba e seng Bakeresete. Sa boraro, sereto sa “Keresete” se raya “Motlodiwa.” Jesu o ne a nna Mesia, kgotsa Keresete, fa a ne a tlodiwa ka moya wa Modimo ka nako ya fa a ne a kolobediwa ka 29 C.E. (Mathaio 3:13-17) Ka jalo, Jesu ga a ka a tsholwa e le Keresete; o ne a nna Keresete ka ngwaga o a kolobeditsweng ka one. Se se botlhokwa le go feta, tlhaloso ya C.E. le ya B.C.E. di dirisiwa thata mme di tlhaga mo e ka nnang mo didikishinaring tsotlhe tsa bosheng le mo dibukeng di le dintsi tsa barutegi. Tsweetswee tlhomamisega gore Basupi ba ga Jehofa ba tsaya Jesu a le botlhokwa le setlhabelo sa gagwe se le botlhokwa thata mo maikaelelong a Modimo le mo go bolokiweng ga rona.
Basha ba Botsa Jaana . . . . Nka Kgona Jang go Tshela ke sa Itekanela mo Mmeleng? (February 2008) Ga ke kgone go tlhalosa kafa ke ileng ka itumela ka teng fa ke ne ke amogela setlhogo seno ka nako e e tshwanelang tota! Ke ne ka lwala mme ka robala kwa kokelong ka dibeke di le tharo. Ke ne ke sa tswa go tswa kwa kokelong fa ke amogela makasine ono. Ke ne ke kgona go tlhaloganya kafa basha ba ba umakilweng mo setlhogong seno ba neng ba ikutlwa ka teng. Ke lo lebogela dikao tse di tlhalositsweng le kgakololo e lo re e fileng.
K. P., Canada
Ke ne ka amiwa maikutlo thata ke go bo Jehofa Modimo a gomotsa tota le batho ba ba golafetseng jaaka nna. Fa ke ne ke sa ntse ke le monnye thata, go ne ga lemogiwa gore ke na le bolwetse jwa cerebral palsy. Le fa ke sa kgone go tsamaya, ke mmulatsela yo o thusang. Ke lebeletse pele nako ya fa botlhe ba ba nang le bogole ba tla ‘palamang fela jaaka kgama e tonanyana’ mo lefatsheng le le tlang la Paradaise.—Isaia 35:5, 6.
J. J ., Republic of Korea
Ke ne ka bala setlhogo seno gangwe le gape. Ke paletswe ke go itshwara mme ka lela, ke utlwa dikgopolo tse di lorato tsa ga Jehofa. Go ne go ntse jaaka e kete o re phuthetse ka kobo e e bothito gore re se ka ra utlwisiwa botlhoko ka tsela epe. Ke lo leboga go menagane.
M. T., Japane
Loso—A Tota ke Bokhutlo? (December 2007) Ke ne ke tlhokafaletswe ke mmè dikgwedi di se kae tse di fetileng mme tlhaloso ya motseletsele ono wa ditlhogo, segolobogolo tsholofelo ya tsogo, e ile ya nkama maikutlo thata. Ke lo leboga thata. Setlhogo seno se ile sa nkgomotsa le go nkgothatsa tota.
M. R., Madagascar