Nare ya Kwa Yuropa—E Falodisitswe Gore E se Ka ya Nyelela
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA POLAND
Batsomi ba ba tsomang e se kafa molaong ba ne ba itumetse. Ba ne ba bone metlhala e ba neng ba ntse ba e batla. Fa ba ntse ba ya kwa pele, kgabagare ba ne ba bona se ba neng ba ntse ba se batla. Boboa jwa yone bo ne bo le borokwa jo bo tseneletseng; ditedu tsa yone di batlile di nna dintsho. Dinaka tsa yone tse di obegileng di kwa godingwana. E re ka batho ba bantsi ba rata nama le letlalo la yone, batsomi bano ba itse gore e ka ba tlisetsa madi a mantsi.
Lerumo la ntlha la tlhobolo le le thuntshitsweng ke batsomi bano le ne la gobatsa phologolo eno. E ne ya tshabela mo sekgweng gore e iphitlhe, mme seo ga se a ka sa thusa. Fa batsomi ba thuntsha ka lekgetlho la bobedi, setshedi seno se se bokete jwa halofo ya tone se ne sa itaagana fa fatshe mme sa swa. Batsomi bano ba ne ba sa itse gore ba dirile sengwe se se neng se se kitla se lebalwa. E ne e le ka April 1919 mme ba ne ba sa tswa go bolaya nare ya bofelo ya sekgwa, ya mafelo a a se nang dithaba ya kwa Yuropa, kwa Poland. Ka lesego, ka nako eo go ne go na le dinare tse di neng di sa ntse di le mo dizuu le mo mafelong a a laolwang ke batho ba ba rileng.
KWA tshimologong dinare tsa kwa Yuropa di ne di le dintsi mo karolong e kgolo ya kontinente ya Yuropa. Nare e e setseng e godile e tonanyana e ka nna bokete jwa dikilogerama di le 900 e bile mo magetleng e ka fitlha go boleele jwa dimetara di le pedi. Diamusi tseno tse dikgolo di ne di bidiwa dikgosi tsa sekgwa.
Sengwe se nare eno e itsegeng ka sone ke go sa lekalekane ga karolo ya yone e e kwa pele fa e bapisiwa le karolo e e kwa morago. Magetla a yone a sephara, a nonofile e bile e na le serota se se kwa godimo mme karolo e e kwa morago yone, e nnye. Karolo e e kwa morago e na le maboa a makhutshwane, fa karolo e e kwa pele yone e na le seriri se se telele.
E Batlile e Nyelela
Go fopholediwa gore gompieno go setse dinare tsa kwa Yuropa di le dikete di le mmalwa fela. Temo le go rengwa ga dikgwa go dirile gore di se ka tsa tlhola di nna le lefelo le di nnang mo go lone, mme batsomi ba ba seng kafa molaong ba ne ba di tsoma ka bogagapa. Mo lekgolong la borobedi la dingwaga dinare tsa kwa Yuropa kwa Gaul (e gone jaanong e leng Fora le Belgium) di ne di nyeletse.
Mo lekgolong la bo16 la dingwaga, dikgosi tsa kwa Poland di ne tsa tsaya dikgato tsa go sireletsa mefuta eno ya dinare. Nngwe ya dikgosi tsa ntlha e e neng ya tsaya kgato eno e ne e le Sigismund II Augustus, yo o neng a laela gore motho yo o bolayang dinare tseno a atlholelwe loso. Ka ntlha yang? Dr. Zbigniew Krasiński wa Białowieza National Park o ne a re: “Maikaelelo e ne e le gore go sirelediwe diphologolo tseno gore di tsomiwe ke babusi le batlhokomedi ba bone.” Le fa go ne go na le kotlhao e e botlhoko jalo, molao ono ga wa ka wa thusa mo go sireletseng dinare tseno, mo lekgolong la bo18 la dingwaga dinare tsa kwa Yuropa di ne di fitlhelwa fela kwa sekgweng sa Białowieza kwa botlhaba jwa Poland le kwa Caucasia.
Mo lekgolong la bo19 la dingwaga dilo di ne tsa simolola go nna botoka. Morago ga gore Mmusomogolo wa Russia o gape sekgwa sa Białowieza, Mmusimogolo Alexander I o ne a ntsha taelo ya gore go sirelediwe dinare tsa kwa Yuropa. Matswela a ne a bonala ka bonako fela. Palo ya dinare e ne ya oketsega ka iketlo, mme ka 1857 go ne go na le dinare tsa kwa Yuropa tse di batlang di le 1 900, tse di neng di sireleditswe ke puso. Moragonyana go ne ga tlhomiwa mafelo a dijo a go fepa dinare tseno ka mariga. Go ne ga rulaganngwa lefelo le di tla nwang metsi mo go lone, gape go ne ga jalwa dijalo gore ba tle ba kgone go di fepa.
Ka maswabi, maemo ao a a neng a le botoka a dinare tseno di neng di a itumelela a ne a tsaya lobaka lo lo khutshwane. Mo lobakeng lwa dingwaga di le 60 fela, palo ya tsone e ne ya fokotsega ka halofo. Masetlapelo a bofelo a a neng a wela dinare tse di kwa Poland tsa kwa sekgweng e ne ya nna fa Ntwa ya Lefatshe I e runya. Kwantle ga molao o o ntshitsweng wa go “sireletsa dinare tseno gore dikokomana tse di tlang di di bone,” motlhape wa tsone o ne wa gailwa ke masole a Bajeremane a a neng a tshaba batlhabani ba ba-Russia, le ke batsomi ba ba seng kafa molaong ba ba nnang ba le gone. Jaaka go tlhalositswe go tswa fela kwa tshimologong ya setlhogo seno, ka 1919 go ne ga bolawa nare ya bofelo ya sekgwa ya kwa Yuropa, kwa Poland.
E Tswa mo Mathateng
E le go dira maiteko a go sireletsa diphologolo tseno, ka 1923 go ne ga tlhomiwa International Society for the Protection of the European Bison. Maikaelelo a yone a ntlha e ne e le go bala palo ya mefuta ya dinare tse di sa kopanngwang le tse dingwe tse di neng di tswaleletswe.a Go ne ga fitlhelwa gore, kwa dizuu tse di farologaneng le kwa mafelong a a laolwang ke batho ba ba rileng go ralala lefatshe, go ne go sa ntse go setse dinare di le 54 tsa kwa Yuropa tse di sa kopanngwang le tse dingwe, tsa kwa mafelong a a seng dithaba. Le fa go ntse jalo, ga se tsotlhe tse di neng di ka kgona go tsala. Tse dingwe di ne di tsofetse thata, fa tse dingwe tsone di ne di lwala. Kgabagare, go ne ga tlhophiwa mefuta e le 12 e e neng ya dirisediwa go oketsa palo ya dinare tsa kwa dithabeng, mme mefuta e metlhano yone e ne ya dirisediwa go oketsa palo ya tsa kwa mafelong a a seng dithaba.
Ka letlhabula la 1929 dinare tse pedi tsa kwa mafelong a a se nang dithaba tsa Yuropa di ne tsa busediwa mo sekgweng. Di ne tsa isiwa mo lefelong la tshireletso le di le baakanyeditsweng kwa sekgweng sa Białowieza. Morago ga dingwaga di le lesome palo ya tsone e ne ya oketsega go fitlha go 16.
A e Ne e Falodisitswe Gore E se Ka ya Nyelela?
Mo masimologong a lekgolo la bo21 la dingwaga, go ne go na le dinare tsa kwa Yuropa tse di ka nnang 2 900 mo lefatsheng lotlhe. Tse di ka nnang 700 tsa tsone di ne di le kwa Poland. Fa dingwaga di ntse di tsamaya, go ne ga nna le metlhape ya tsone gape le kwa Belarus, Kyrgyzstan, Lithuania, Russia, le Ukraine.
Mme seno ga se reye gore dinare tsa kwa Yuropa ga di tlhole di le mo kotsing. Ditshenekegi tse di senyang, malwetse, go tlhaela ga dijo le metsi, le batsomi ba ba tsomang e se kafa molaong e sa ntse e le dilo tse di ka bayang botshelo jwa dinare tseno mo kotsing. Dijini tse di sa itekanelang le tsone di ka baka bothata jo bo masisi, mme seno sa dira gore dijini di tlhaele. Ka ntlha ya mabaka ano, dinare tsa kwa Yuropa di sa ntse di le mo lenaaneng la diphologolo tse di leng mo kotsing ya go nyelela.
Boikemisetso jwa batho jwa go sireletsa diphologolo tseno bo thusitse gore di nne di le teng le mo motlheng wa rona. Le fa go ntse jalo, Dr. Krasiński, yo o nopotsweng pelenyana, o re gakolola gore “se se diragaletseng dinare tsa kwa Yuropa ke sekai sa ka moo diphologolo di ka nyelediwang ka teng ka nako e khutshwane di bo di bolokiwa fela fa go dirwa maiteko a magolo.” Isagwe ya diphologolo tseno le tse dingwe e sa ntse e sa tlhomamisega. Mme ga jaana “dikgosi tseno tsa sekgwa” di falodisitswe gore di se ka tsa nyelela.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go na le mefuta e mebedi e megolo ya dinare tsa kwa Yuropa—tse di nnang mo mafelong a a seng dithaba, le tsa kwa dithabeng tsa Caucasus. Nare ya bofelo ya kwa dithabeng e ne ya swa ka 1927. Le fa go ntse jalo, pelenyana, mofuta mongwe wa yone o ne o dirilwe gore o gwele le e e nnang mo mafelong a a seng dithaba, mme ya tsala namane ya mefuta e mebedi e e kopantsweng. Go sa ntse go na le mefuta eno e e kopantsweng ya dinare tseno tsa kwa dithabeng.
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Nare ya kwa Yuropa, kwa Białowieza National Park
[Motswedi wa Setshwantsho]
All photos: Białowieski Park Narodowy