LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 11/08 ts. 15-17
  • ‘Go Fetisa Tlhale mo Letshobeng la Nnale’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Go Fetisa Tlhale mo Letshobeng la Nnale’
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tsamaya ka Tsela e e Tlhamaletseng
  • Lebitla la Dikepe
  • Go Dira go Direla Jehofa Tiro Ya me Ya Botshelo Jotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • “Ga go na ope mo go lona yo o tla swang”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • Ke Tshedile Botshelo Jo Bo Nang le Bokao Le Mororo Ke Le Kwa Thoko
    Tsogang!—1993
  • “Mo Dikotsing Kwa Lewatleng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 11/08 ts. 15-17

‘Go Fetisa Tlhale mo Letshobeng la Nnale’

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA AUSTRALIA

FA BABATLISISI ba Baboritane ba ne ba lemoga Bass Strait ka 1798, badiredibagolo ba lewatle ba ne ba itumetse. E re ka tselana eno e e mo lewatleng e ne e kgaoganya setlhaketlhake sa Tasmania le naga ya Australia, e ne e fokotsa loeto lwa go tswa kwa Engelane go ya kwa Sydney ka dikilometara di le 1 100.

Le fa go ntse jalo, Bass Strait, ke lengwe la mafelo a a kotsi thata mo lefatsheng a motho a ka tsayang loeto mo go one. Mo lefelong leno, difefo tse di maatla, makhubu a a maatla a a ka nnang boteng jwa dimetara di le 50-70 a dira gore go nne thata go laola sekepe. Selo se sengwe gape se se kotsi ke mafika a a makgawekgawe a King Island, e e leng fa gare ga tselana eno e e kwa ntlheng ya bophirima.

Mo malatsing ano ga go thata go tsamaya ka sekepe go ralala Bass Strait. Mme go ne go sa nna jalo ka dinako tse batho ba neng ba dirisa dikepe tse di kgweediwang le didirisiwa tsa maemo a a kwa tlase tsa go kaela dikepe. Go tsaya loeto ka sekepe o tsamaya ka kwa ntlheng e e kwa bophirima ya tselana eno go ne go feretlha maikutlo tota, go tlhalosiwa ka tsela e e tshwanetseng gore ke go ‘fetisa tlhale mo letshobeng la nnale.’

Go Tsamaya ka Tsela e e Tlhamaletseng

Mo lekgolong la bo19 la dingwaga, dikepe di ne di tsaya mo e ka nnang dikgwedi di le tlhano go tsamaya loeto lwa dikilometara di le 19 000 go tswa kwa Engelane go ya kwa botlhaba jwa Australia, mme loeto lono lo ne lo sa itumedise gotlhelele! Gantsi makgolokgolo a bapalami—ba gantsi e neng e le bafudugi le batshwarwa—ba ne ba tshwanelwa ke go nna ba le bantsi mo dikamotshaneng tse di tletseng tse di kwa tlase mo sekepeng le tsa maemo a a sa itumediseng. Go ne go tlwaelegile gore batho ba lwadisiwe ke lewatle, ba sa fepiwe sentle, ba na le malwetse a mangwe e bile go ne go na le diboko. Gantsi batho ba ne ba swa mo loetong lono.a Le fa go ntse jalo, bapalami ba ne ba newa maatla ke tsholofelo ya go tshela botshelo jo bo botoka.

Ka 1852, dilo di ne tsa simolola go tokafala fa Kapotene James (Bully) Forbes a ne a lemoga tsela e khutshwane. Forbes o ne a tlogela tsela (ya 39th parallel) e e neng e lebega e le khutshwane go gaisa e e neng e kgabaganya Lewatle la India go ya kwa Australia mme a tsaya tsela e e tlhamaletseng (the great circle route) e e tswang kwa Engelane e ya kwa borwabotlhaba jwa Australia e e neng ya mo isa kwa borwa jo bo kgakala go ela kwa Antarctica. Go sa kgathalesege dithabakgapetla le makhubu a magolo, sekepe sa ga Forbes se se bidiwang Marco Polo, se se neng se pegile bafudugi ba le 701, se ne sa goroga kwa Melbourne, kwa Victoria morago ga malatsi a le 68 fela, se fokotsa nako ya loeto mo e ka nnang ka halofo. Seno se ne se diragetse ka nako e e tshwanetseng e re ka batho ba le bantsi ba ne ba fudugela kwa Victoria go ya go batla gauta. Fa dikgang tsa loeto lo lo khutshwane di sena go anama, batho ba le bantsi ba ba kgatlhegelang go epa gauta ba ne ba batla go tsaya loeto go ya kwa Australia.

Fa dikepe di sena go tloga kwa Engelane, di ne di ema kwa Cape Otway e e ka nnang bokgakala jwa dikilometara di le 16 000 go tswa kwa go yone. Bakgweetsi ba dikepe ba ne ba dirisa sediriswa se se bidiwang sextant, le ditšhate tsa tshedimosetso e le go bala latitude mme ba dirisa tshupanako ya sekepe e e neng e beilwe nako ya Greenwich Mean Time e le gore ba kgone go tlhomamisa longitude. Ba ne ba bona nako ya fa ba leng gone ka go leba kwa letsatsi le leng gone. Ura nngwe le nngwe e nako ya moo ba leng gone e neng e farologana le ya Greenwich ka yone e ne e emela didikirii di le 15 tsa longitude. Dipalo tse pedi tseno—tsa latitude le tsa longitude—di ne di dira gore mokgweetsi yo o molemo wa sekepe a kgone go bona gore a ka tswa a le kae.

Mme le fa go ntse jalo, go ka direga diphoso. Maru a ka thiba letsatsi ka malatsi a le mantsi. Mme ditshupanako tsa bogologolo di ne di sa nepe ka metlha. Motsotswana mongwe le mongwe o o oketsegang kgotsa o o fokotsegang letsatsi le letsatsi mo dikgweding di le tharo o ka dira gore sekepe se tswe mo tseleng ka dikilometara di le 50. Fa pula e na, go na le mouwane kgotsa go le lefifi, dikepe tse di latlhegetsweng ke tsela di ka fosa matseno a Bass Strait mme tsa thubega mo losing lo lo tletseng matlapa lwa King Island kgotsa lwa Victoria. Ga go na pelaelo gore batho ba le bantsi ba ba tsamayang ka dikepe ba ne ba ikutlwa fela jaaka kapotene mongwe a neng a ikutlwa ka teng fa a ne a bona Cape Otway e le kwa kgakajana mme a goa a re: “Re leboga Modimo! Ga re a dira diphoso dipe.” Seno se bontsha sentle bokgoni jo bakgweetsi ba dikepe ba lekgolo la bo20 la dingwaga ba neng ba na le jone, e re ka bontsi jwa bone ba ne ba kgona go ‘fetisa tlhale mo letshobeng la nnale’ ba sa dire dikotsi. Le fa go ntse jalo, dikepe tse dingwe tsone ga di a ka tsa atlega.

Lebitla la Dikepe

Pele ga mahube a June 1, 1878, sekepe se se lobelo se se bidiwang Loch Ard se ne se tsamaya mo mouwaneng o o kitlaneng se ya kwa losing lwa Victoria. Mouwane o ne o ntse o le teng go tloga mo letsatsing le le fetileng mme o ne o dirile gore kapotene a palelwe ke go bona gore tota sekepe se fa kae. Ka ntlha ya seo, o ne a tsamaela gaufi le losi lwa Australia go feta kafa a neng a akantse ka gone. Ka bonako fela, mouwane o ne wa apoga mme wa mmontsha mapawa a a neng a le bogodimo jwa dimetara di le 90, mme a le bokgakala jwa dikilometara di le pedi fela. Badiri ba ne ba bereka ka bofefo ba leka go retolosa sekepe mme diphefo le matsubutsubu di ne di dira gore ba se ka ba kgona. Ka nako e e kafa tlase ga ura Loch Ard e ne ya betsagana le letlapa mme metsotso e le 15 moragonyana e ne ya nwela.

Mo bathong ba le 54 ba ba neng ba le mo sekepeng seo go ne ga falola ba le babedi fela—Tom Pearce yo e neng e le moithuti mo sekepeng seo le Eva Carmichael yo e neng e le mopalami, ba ka bobedi ba neng ba le kafa tlase ga dingwaga di le 20. Tom o ne a itshwarelela ka mokoro o o falotsang o o neng o menogile a le mo metsing a a tsididi a mariga ka diura di le mmalwa. Kwa bokhutlong makhubu a ne a mo latlhela kwa mogogorong o mosesane o o fa gare ga mapawa. Fa a bona lobopo lo lonnye lo lo neng lo tletse ka matlhekge a sekepe, o ne a thumela kwa go lone go bona pabalesego. Eva ene o ne a sa kgone go thuma, ka jalo o ne a itshwarelela ka matlhekge ka nako ya mo e ka nnang diura di le nnè pele le ene a phepheulelwa ke makhubu kwa go one mogogoro oo. Fa a bona Tom kwa lobopong o ne a goa a kopa thuso. Tom o ne a itatlhela mo metsing mme a kgaratlha mo e ka nnang ura gore a gogele Eva yo o neng a idibetse go se kae kwa lobopong. Eva o anela jaana: “O ne a nkisa kwa legageng le le neng le boifisa le le neng le le mo e ka nnang dimetara tse di fetang 50 go tswa kwa lobopong, mme morago ga go bona lekase la borenti o ne a thuba lebotlolo le le lengwe mme a dira gore ke nwe go sekae, seno se ne sa dira gore ke tsitsiboge mo kidibalong. O ne a kgetlha bojang jo boleele le ditlhatshana mme a mpeela tsone gore ke rapame mo go tsone. Go ise go ye kae ke ne ka idibala mme ke akanya gore ke ne ka idibala ka lobaka lwa diura di le mmalwa.” Ka yone nako eo, Tom o ne a palama fa godimo ga lepawa mme a ya go batla thuso. Morago ga diura tse di kafa tlase ga di le 24 Loch Ard e nwetse, Tom le Eva ba ne ba isiwa kwa motsaneng o o neng o le gaufi. Eva o ne a swetswe ke batsadi ba gagwe, bana ba gaabo ba le batlhano—bomorwarraagwe ba le bararo le bomorwadiarraagwe ba le babedi—mo kotsing eno ya sekepe.

Gompieno go na le dikepe di le diketekete, tse dikgolo le tse dinnye tse di tsamayang ka pabalesego go kgabaganya Bass Strait ngwaga le ngwaga. Fa di ya teng, di ka feta lefelo le go tlhomamisiwang gore go thubegile dikepe tse di fetang lekgolo mo go lone. Mafelo a mangwe a dikepe di thubegileng mo go one a a jaaka Loch Ard Gorge e e kwa Port Campbell National Park, kwa Victoria a etelwa ke bajanala. Mafelo ano a re gakolola batho ba ba neng ba se na poifo ba lekgolo la bo19 la dingwaga ba morago ga go kgabaganya halofo ya lefatshe, ka bopelokgale ba neng ba tsamaya karolo ya bofelo ya loeto lwa bone—go kgabaganya ‘letshoba la nnale’—ba batla botshelo jo bo botoka.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ka 1852, mo loetong lwa go tswa kwa Engelane go ya kwa Australia go ne go swa ngwana a le mongwe mo go ba le batlhano ba dikgwedi di le 12 go ya kwa tlase.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 17]

GO NE GA DIRAGALA ENG KA TOM LE EVA?

Tom Pearce le Eva Carmichael, ba e neng e le bone fela bafalodi ba kotsi ya go thubega ga sekepe sa Loch Ard ba ne ba nna batho ba ba tumileng kwa Australia. Buka ya Cape Otway—Coast of Secrets ya re: “Makwalodikgang a ne a galaletsa dipego tse di ka ga go thubega ga sekepe, mme ba galaletsa Pearce phatlalatsa ba mmitsa mogaka, mme Eva Carmichael ene ba mmitsa mmabontle mme ba ne ba solofetse gore bobedi joo bo tla nyalana.” Le fa Tom a ile a kopa lenyalo mo go Eva, o ne a gana mme morago ga dikgwedi di le tharo Eva o ne a boela kwa Ireland. Fa a fitlha koo o ne a nyalwa mme a nna le lelapa. O ne a tlhokafala ka 1934 a le dingwaga di le 73. Tom o ne a boela kwa tirong ya gagwe ya go kgweetsa dikepe mme o ne a thubegelwa ke sekepe lekgetlho la bobedi. Le mo lekgetlhong leno o ne a falola. Morago ga go bereka dingwaga di le dintsi e le kapotene ya dikepe tse dikgolo, o ne a swa ka 1909 a le dingwaga di le 50.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Both photos: Flagstaff Hill Maritime Village, Warrnambool

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Forbes o ne a tsamaya ka sekepe se se bidiwang “Marco Polo” (kwa godimo) go tswa kwa Engelane a ya kwa Australia, a dirisa tsela e e bonako e e tlhamaletseng

[Setshwantsho]

TSELA YA BOGOLOGOLO

39th parallel

THE GREAT CIRCLE ROUTE

Antarctic Circle

[Mmapa]

LEWATLE LA ATLANTIC

LEWATLE LA INDIA

ANTARCTICA

[Motswedi wa Setshwantsho]

From the newspaper The Illustrated London News, February 19, 1853

[Setshwantsho/Mmapa mo go tsebe 16, 17]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Go tsamaya ka sekepe go kgabaganya Bass Strait go ne go tlhalosiwa e le go ‘fetisa tlhale mo letshobeng la nnale’

[Mmapa]

AUSTRALIA

VICTORIA

MELBOURNE

Port Campbell National Park

Cape Otway

Bass Strait

King Island

TASMANIA

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Morago ga go thubagana mo letlapeng “Loch Ard” e ne ya nwela ka metsotso e le 15

[Motswedi wa Setshwantsho]

La Trobe Picture Collection, State Library of Victoria

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Port Campbell National Park e bontsha (1) kwa “Loch Ard” e neng ya thubagana le letlapa gone (2) kwa legaga la ga Tom Pearce le leng teng

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photography Scancolor Australia

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela