LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 3/15 ts. 29-31
  • “Mo Dikotsing Kwa Lewatleng”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Mo Dikotsing Kwa Lewatleng”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Roma e Tlhoka go Dira Kgwebo mo Lewatleng
  • Bapalami mo Dikepeng Tse di Rwalang Dithoto?
  • Go Tsamaya ka Sekepe—Go ne Go Babalesegile go le Kana Kang?
  • Mafoko a a Molemo a Isiwa Kwa Kgakala Kwa Moseja
  • “Ga go na ope mo go lona yo o tla swang”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • A o Ne o Itse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • O o Tswa mo Pitlaganong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Paulo o Romelwa Kwa Roma
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 3/15 ts. 29-31

“Mo Dikotsing Kwa Lewatleng”

MO LEFIFING la bosigo, sekepe se se rweleng batho ba le 276 se atamela setlhaketlhake sengwe kwa Mediterranean. Badiri ba sekepe le bapalami ba lapisitswe ke go pheulelwa kwa le kwa ke sefefo mo lewatleng ka malatsi a le 14. Fa ba bona lobopo fa letsatsi le tlhaba, ba leka go tsamaisetsa sekepe fa lobopong. Mme nko ya sekepe e ngakaletse ga e sute mme makhubu a thuba lemorago la sekepe gore se bo se phatlogane. Batho botlhe ba ba mo teng ba tlogela sekepe mme ba kgona go fitlha mo lotshitshing lwa Maleta ka go sapa kana ka go itshegeletsa ka mapolanka kana ka dilo tse dingwe. Ba beditswe ke serame e bile ba lapile, ba ipholosa mo lekhubung le le galefileng. Mongwe wa bapalami ba sekepe ke moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo. O isiwa kwa Roma go ya go seka.—Ditiro 27:27-44.

E ne e se la ntlha Paulo a lebana le kotsi ya go thubegelwa ke sekepe mo lewatleng mo setlhaketlhakeng sa Maleta. Dingwaga di sekae pelenyana ga foo, o ne a kwala jaana: “Ke ne ka thubegelwa ke sekepe makgetlo a le mararo, ke ne ka nna bosigo bo le bongwe le letsatsi le le lengwe mo lewatleng.” O oketsa ka gore o ne a nna “mo dikotsing kwa lewatleng.” (2 Bakorintha 11:25-27) Go tsamaya ka sekepe go ile ga thusa Paulo go diragatsa tiro e Modimo a mo e fileng ya go nna “moaposetoloi mo merafeng.”—Baroma 11:13.

Maeto a sekepe a ne a le maleele go le kana kang mo lekgolong la ntlha la dingwaga? A ne a na le seabe sefe mo go anamiseng Bokeresete? A ne a babalesegile go le kana kang? Go ne go dirisiwa dikepe tsa mofuta ofe? Mme bapalami ba ne ba nna jang mo go sone?

Roma e Tlhoka go Dira Kgwebo mo Lewatleng

Baroma ba ne ba re Mediterranean ke Mare Nostrum—Lewatle la Rona. Go ne go le botlhokwa gore Roma e laole ditsela tsa lewatle e seng fela ka ntlha ya mabaka a tsa bosole. Metse e mentsi ya Mmuso wa Roma e ne e le boemakepe kana e bapile le jone. Ka sekai, Roma e ne e na le boemakepe jwa yone mo motseng o o gaufi le yone wa Ostia, fa Korintha yone e ne e dirisa Lekeuma le Kenkerea, mme Antioka ya Siria e ne e thusiwa ke Seleukia. Mesepele e e molemo ya lewatle magareng ga maemakepe ano e ne e gokaganya metse ya teng e megolo ka bofefo e bile e dira gore diporofense tsa Roma di laolwe ke tsela e e molemo.

Gape Roma e ne e ikaegile ka kgwebo ya dikepe gore e romelelwe dijo. E re ka Roma e ne e na le baagi ba ba ka nnang milione, e ne e tlhoka dijo tse dintsi tsa dithoro—tse di ka nnang fa gare ga ditone di le 250 000 le 400 000 ka ngwaga. Dijo tseno tsotlhe tsa dithoro di ne di tswa kae? Flavius Josephus o nopola Herode Ageripa II fa a bolela gore Afrika Bokone e ne e otla Roma ka dikgwedi di le robedi ka ngwaga, fa Egepeto yone e ne e romela dijo tsa dithoro tse di lekaneng go tlamela motse oo ka dikgwedi tse dingwe tse nnè. Go ne go na le dikepe tse dintsi tse di neng di tlamela motse ono ka dijo tsa dithoro.

Go kgotsofatsa keletso ya Roma ya go nna le manobonobo, kgwebo e e dirwang mo lewatleng e ne e ba neela dilwana tsa mefuta yotlhe. Diminerale, maje le mmabole di ne di romelwa ka dikepe go tswa kwa Kupero, Gerika le Egepeto mme dikota tsa dikgong tsone di ne di romelwa go tswa Lebanona. Beine e ne e tswa Semerena, manoko go tswa kwa Damaseko mme maungo a makolane one a tswa kwa Palesetina. Ditlolo le rabara di ne di tsewa ka sekepe go tswa kwa Kilikia, wulu e ne e tswa kwa Mileto le kwa Laodikia matsela kwa Siria le Lebanona, le letsela le le bohibidu jo bo mokgona go tswa kwa Ture le Sidona. Difetolammala di ne di romelwa go tswa kwa Thiatira mme galase e ne e tswa kwa Alekesanderia le kwa Sidona. Sei, katune, dinaka tsa tlou le dinkgisa monate di ne di romelwa go tswa kwa China le India.

Go ka tweng ka sekepe se se neng sa thubega kwa Maleta se Paulo a neng a se palame? E ne e le sekepe se se rweleng dijo tsa dithoro, “mokoro o o tswang kwa Alekesanderia o o neng o ya Itali.” (Ditiro 27:6, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW) Dikepe tse di neng di rwala dijo tsa dithoro e ne e le tsa Bagerika, Bafonekia le Basiria ba ba neng ba di laola le go di tlhokomela. Le fa go ntse jalo, dikepe tseno di ne di hiriwa ke Puso. Rahisitori e bong William M. Ramsay o bolela jaana: “Fela jaaka go phuthiwa ga makgetho, puso e ne e bona go le motlhofo go neela borrakgwebo tiro eno go na le gore e rulaganye tiro e kgolo eno ka boyone e e neng e tla tlhoka batho le dilwana tse dintsi go e dira.”

Paulo o ile a wetsa loeto lwa gagwe lwa mo lewatleng go ya kwa Roma ka sekepe se se nang le letshwao la “Barwa Seuse.” Le sone sekepe seno e ne e le sa Alekesanderia. Se ne sa pega dithoto kwa Puteoli kwa Kgogometsong ya Naples, mo boemakepeng jo dikepe tsa dijo tsa dithoro di neng di tlwaetse go ema teng. (Ditiro 28:11-13) Go tswa kwa Puteoli—e gompieno e bidiwang Pozzuoli—merwalo e ne e tsamaisiwa ka dipalangwa tse e seng tsa lewatle kana e ne e tsamaisiwa ka diketswana go ya kwa bokone go bapa le lebopo go fitlha mo Nokeng ya Tiber go fitlha mo garegare ga Roma.

Bapalami mo Dikepeng Tse di Rwalang Dithoto?

Ke eng fa Paulo le masole a a neng a mo disitse ba ne ba tsamaya ka sekepe se se rwalang dithoto? Go araba potso eo, re tlhoka go itse gore go ne go ntse jang go tsamaya ka sekepe mo lewatleng mo motlheng oo.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., go ne go se na dikepe tsa bapalami. Dikepe tse di neng di dirisiwa ke baeti e ne e le dikepe tsa kgwebo. Mme go ka direga gore batho ba mefuta yotlhe ba ne ba tsamaya ka tsone—go akaretsa le badiredi ba Puso, batlhalefi, bareri, baloi, bataki, borametshameko, bagwebi, bajanala le baeti ba sedumedi.

Le gale, go ne go na le mekorwana e mennye e e neng e tsamaisa bapalami le dithoto go bapa le lebopo. Go ka direga gore Paulo o ne a dirisa sepalangwa se se ntseng jalo ‘go ya kwa Makedonia’ go tswa kwa Teroase. Go ka direga gape gore o ne a dirisa diketswana tse dinnye go ya le go tswa kwa Athena ka makgetlo a mantsinyana. Mme gape Paulo a ka tswa a ile a dirisa seketswana mo loetong lwa gagwe lwa moragonyana go tswa kwa Teroase go ya kwa Patara go ralala setlhaketlhake se se bapileng le lebopo lwa Asia Minor. (Ditiro 16:8-11; 17:14, 15; 20:1-6, 13-15; 21:1) Go dirisa diketswana tse di ntseng jalo go ne go boloka nako, mme gone di ne di sa tshwanela go tsamaela kgakala thata le lefatshe. Ka jalo dikepe tse di neng tsa isa Paulo kwa Kupero mme go tswa foo go ya kwa Pamfilia le tse a neng a tsamaya ka tsone go tswa kwa Efeso go ya kwa Kaesarea le go tswa kwa Patara go ya kwa Ture di tshwanetse tsa bo di ne di le kgolo. (Ditiro 13:4, 13; 18:21, 22; 21:1-3) Sekepe se Paulo a neng a le mo go sone fa se thubega kwa Maleta le sone se ka tswa se ne se le segolo. Dikepe tseo di ka tswa di ne di le dikgolo go le kana kang?

Dikgatiso tsa batlhalefi di ile tsa dira gore mokanoki mongwe a bolele jaana: “[Sekepe] se sennye go di gaisa tsotlhe se batho ba bogologolo ba neng ba se dirisa thata se ne se le sa ditone tse di ka nnang 70 go ya go 80. Bogolo jo bo tlwaelegileng, mo motlheng wa Bogerika e ne e le bobotlana ditone di le 130. Le mororo sekepe sa ditone di le 250 se ne se tlwaelegile, se ne se le segolo go feta tse di tlwaelegileng thata. Mo metlheng ya Roma dikepe tse di neng di dirisediwa go tsamaisa dilo tsa ntlo ya segosi di ne di le dikgolwane le go feta, bogolo jo ba neng ba bo rata e ne e le jwa ditone di le 340. Dikepe tse di neng di le dikgolo go di feta tsotlhe tse di neng di tsamaya mo lewatleng e ne e le tsa ditone di le 1300 kana le go feta moo.” Go ya ka tlhaloso e e neng ya kwalwa mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E., sekepe se se neng se rwala dijo tsa dithoro sa Alekesanderia se se bidiwang Isis se ne se le boleele jwa dimetara di le 55, bophara jwa dimetara di le 14 mme bokafateng jwa sone e le boteng jwa dimetara di le 13 mme gongwe se ne se kgona go rwala ditone tsa dijo tsa dithoro di le sekete le bapalami ba le makgolo a sekae.

Bapalami ba ne ba tlhokomelwa jang mo sekepeng sa dijo tsa dithoro? E re ka dikepe tseno di ne di dirisediwa thata go rwala dithoto, bapalami ba ne ba tla morago. Ba ne ba sa fiwe dijo kana dilo tse dingwe fa e se metsi fela. Ba ne ba robala mo boalong jwa sekepe, gongwe kafa tlase ga dilo tse di tshwanang le ditente tse di neng di tlhomiwa bosigo mme di bo di ntshiwa moso mongwe le mongwe. Le fa bapalami ba ne ba letlelelwa go dirisa boapeelo jwa sekepe gore ba apeele gone, ba ne ba tla tshwanela gore ba itlele ka sengwe le sengwe se ba tla se dirisang go apaya, go ja, go tlhapa le go robala—go tloga ka dipitsa le dipane go fitlha le ka dikobo.

Go Tsamaya ka Sekepe—Go ne Go Babalesegile go le Kana Kang?

E re ka batsamaisi ba sekepe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlhoka didirisiwa—tota le kompase—ba ne ba tsamaisa sekepe fela go ya ka se ba se bonang. Ka jalo, go tsamaya ka sekepe go ne go babalesegile thata fa tsela e ne e bonala sentle—gantsi go tloga ka May go fitlha ka bogare jwa September. Mo dikgweding tse pedi tse di tlang pele le tse di tlang morago ga nako eo, barekisi ba ne ba tsamaya fela ka go fopholetsa. Mme ka nako ya mariga, gantsi mouwane le maru a ne a sira dilo tse ba neng ba tshwaya ka tsone e bile a sira letsatsi motshegare le dinaledi bosigo. Maeto a dikepe a ne a tsewa a sa letlelelwa (ka Selatine mare clausum) go tloga ka November 11 go fitlha ka March 10 kwantle ga fa go patelesega kana go potlakile. Batho ba ba neng ba tsaya maeto ka sekepe kwa bofelong jwa setlha seo ba ne ba ipaya mo kotsing ya go fetsa mariga ba le kwa boemakepeng jwa naga e sele.—Ditiro 27:12; 28:11.

Kwantle ga gore go tsamaya ka sekepe go ne go le kotsi e bile e le selo se se dirwang ka dipaka tse di rileng, a go ne go le botoka ka tsela nngwe go na le go tsamaya ka sepalangwa se se tsamayang mo lefatsheng? Ee, go ntse jalo! Go tsamaya ka sekepe go ne go sa lapise thata, go sa je madi a mantsi e bile go le bofefo. Fa diphefo di foka sentle, sekepe se ne se ka kgona go tsamaya mo e ka nnang dikilometara di le 150 ka letsatsi. Selekanyo se se tlwaelegileng sa loeto lo loleele ka maoto e ne le dikilometara di le 25 go ya go 30 ka letsatsi.

Lobelo lwa go tsamaya ga sekepe lo ne lo ikaegile thatathata ka phefo. Loeto lwa go tswa kwa Egepeto go ya Itali e ne le ntwa e e sa feleng kgatlhanong le diphefo tse di thulanang le sekepe, tota le ka setlha se se siametseng go tsamaya ka sekepe. Gantsi tsela e e neng e le khutshwane e ne e le go ralala Rodesa kana Mira kana boemakepe bongwe go bapa le lebopo la Likia kwa Asia Minor. Nako nngwe fa sekepe sa Isis se se rwalang dijo tsa dithoro se sena go tlhaselwa ke sefefo le go timela se ne sa ema kwa Piraeus malatsi a le 70 fa se sena go tswa kwa Alekesandiria. Loeto lwa go boela morago lwa sekepe seno go tswa kwa Itali lo ka tswa lo ile lwa tsaya malatsi a le 20 go ya go a le 25 e re ka se ne se kgweediwa ke diphefo tsa bokonebophirima. Ka sepalangwa se se tsamayang mo lefatsheng, lone loeto loo lo ne lo ka tsaya malatsi a a fetang 150 go ya le go boa mo maemong a bosa a a siameng.

Mafoko a a Molemo a Isiwa Kwa Kgakala Kwa Moseja

Go bonala fa Paulo a ne a itse ka dikotsi tsa go tsamaya ka sekepe fa e se setlha sa gone. O bile a tlhagisa gore go se ka ga tsewa mosepele ka sekepe mo bofelong jwa September kana mo masimologong a October, a bolela jaana: “Banna, ke lemoga gore go tsamaya mo lewatleng go tlile go nna ka tshenyegelo le tatlhegelo e kgolo e seng ya thoto le mokoro fela mme le ya meya ya rona.” (Ditiro 27:9, 10) Le fa go ntse jalo, molaodi wa masole yo o neng a eteletse pele o ne a itlhokomolosa mafoko ano, mme ka ntlha ya seo sekepe sa thubega kwa Maleta.

Kwa bofelong jwa tiro ya gagwe ya borongwa, Paulo o ne a setse a kile a lebana le go thubegelwa ke sekepe ka makgetlo a le manè. (Ditiro 27:41-44; 2 Bakorintha 11:25) Le fa go ntse jalo, go tlhobaela go go sa tlhokegeng ka dilo tse di ntseng jalo ga go a ka ga thibela bareri ba dikgang tse di molemo ba bogologolo go tlogela go tsamaya ka dikepe. Ba ne ba sola molemo ditsela tsotlhe tse di leng gone tsa go tsamaya gore ba anamise molaetsa wa Bogosi. Mme ka ntlha ya go utlwa taelo ya ga Jesu, go ne ga neelwa bosupi mo mafelong a a fa gaufi le a a kwa kgakala. (Mathaio 28:19, 20; Ditiro 1:8) Ka ntlha ya tlhoafalo ya bone, tumelo ya ba ba neng ba latela sekao sa bone le kaelo ya moya o o boitshepo wa ga Jehofa, dikgang tse di molemo di ile tsa fitlha kwa dikarolong tse di kgakalakgakala tsa lefatshe.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela