LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w19 April ts. 31
  • A o Ne o Itse?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ne o Itse?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Ga go na ope mo go lona yo o tla swang”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • “Mo Dikotsing Kwa Lewatleng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Go Tsaya Mosepele go ya Karolong e e Kwa Kgakalakgakala ya Lefatshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Lorato lo lo Bofaganyang
    Tsogang!—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
w19 April ts. 31
Moaposetoloi Paulo o bua le modiri wa mo dikepeng

A o Ne o Itse?

Bogologolo batho ba ne ba tsaya maeto jang ka sekepe?

KA MOTLHA wa ga Paulo, tota go ne go se na dikepe tse tiro ya tsone ya konokono e neng e le go tsamaisa batho. Gore motho a tseye loeto ka sekepe, o ne a tshwanetse go botsa bajanala ba bangwe gore a go na le sekepe sa dithoto se se yang kwa a yang gone le gore a beng ba sone ba iketleeleditse go pega batho. (Dit. 21:2, 3) Le fa gone sekepe se ne se sa ye ka tlhamalalo kwa motho a yang gone, go ne go na le mafelo a dikepe di neng di ema kwa go one mme fa a le koo, o ne a ka pagama sekepe se sengwe se se yang kwa a yang gone.—Dit. 27:1-6.

Dikepe di ne di tsamaya ka dinako tse di rileng fela mo ngwageng e bile di ne di se na thulaganyo e e tlhomameng ya gore di tsamaya leng. Mo godimo ga moo, beng ba dikepe ba ba dumelang tumelobotlhodi, ba ne ba diegisa sekepe e se ka ntlha ya maemo a bosa mme ka ntlha ya botlhodi bongwe. Ka sekai, ba ne ba dira jalo fa ba utlwa nonyane nngwe e lela kgotsa fa ba bona sekepe sengwe se se senyegileng se le fa lotshitshing. Gantsi beng ba dikepe ba ne ba rata go tsamaya fa diphefo di siame kgotsa di fokela kwa ba batlang gone. Fa motho yo o tsayang loeto a bona sekepe se se ka mo pegang, o ne a ya kwa lefelong le dikepe di emang kwa go lone a bo a emela kitsiso ya gore sekepe se tloga se tsamaya.

Rahisitori mongwe e bong Lionel Casson a re: “Kwa Roma go ne go na le thulaganyo ya gore batho ba ba batlang go tsaya maeto ba bone sekepe motlhofo ntle le gore ba se ipatlele. Boemakepe jwa yone bo ne bo le fa molomong wa Noka ya Tiber. Kwa toropong e e gaufi ya Ostia, go ne go na le lefelo la botlhe le le dikologilweng ke diofisi. Bontsi jwa diofisi tseo e ne e le tsa beng ba dikepe tsa kwa mafelong a a farologaneng. Tse dingwe e ne e le tsa kwa Narbonne [e gone jaanong e leng Fora], tse dingwe tsa kwa Carthage [e gone jaanong e leng Tunisia], . . . jalo le jalo. Motho yo o neng a batla sekepe, o ne a tlhoka fela go ya kwa diofising tsa toropo e a batlang go ya kwa go yone.”

Go tsaya maeto ka sekepe go ne go boloka nako e ntsi, mme gone, go ne go na le dikotsi dingwe. Paulo o ile a nna mo dikotsing tsa sekepe makgetlo a le mmalwa mo maetong a gagwe a borongwa.—2 Bak. 11:25.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela