LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 12/08 ts. 18
  • Thulaganyo ya Khukhwane ya go Gasa Dikhemikale

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Khukhwane ya go Gasa Dikhemikale
  • Tsogang!—2008
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Disensara Tsa Khukhwane ya Black Fire
    Tsogang!—2012
  • Kgapetla ya Khukhwane ya “Cyphochilus”
    Tsogang!—2009
  • Karolo E e Fa Godimo ga Lefuka la Khukhwane ya Namib e e Gogelang Metsi
    Tsogang!—2012
  • Bokgoni Jwa go Bona Tsela Jwa Khukhwane ya Boloko
    Tsogang!—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 12/08 ts. 18

A e Ne e Tlhamilwe?

Thulaganyo ya Khukhwane ya go Gasa Dikhemikale

◼ Le mororo e le nnye mo e sa feteng disentimetara di le pedi ka boleele, khukhwane ya bombardier e itsiwe ka mokgwa wa yona o o tlhomologileng wa go itshireletsa. Fa tshenekegi eno e le mo kotsing e gasa seedi se se belang se se sa nkgeng monate le moya o o mogote go tswa kwa morago, mme ka go dira jalo, e itshireletsa kgatlhanong le digokgo, dinonyane tota le digogwane.

Ela tlhoko: Khukhwane eno e na le “dikgeleswa tse pedi tse di bulegang kwa bofelong jwa mpa ya yone.” Nngwe le nngwe ya dikgeleswa tseno e na le tankanyana e nnye e e kgonang go boloka motswako wa asiti le hydrogen peroxide go akaretsa le karolo e e tswakanyang dikhemikale tseno e e tletseng ka di-enzyme tse di tlhaolositsweng mo metsing. E le go itshireletsa, khukhwane eno e kgona go tamola motswako ono wa khemikale go tswa mo ditankanyaneng tsa yone, mme e o romele mo karolong e e tswakanyang dikhemikale gore e simolole go di tswakanya. Diphelelo e nna dife? Dikhemikale tse di sa nkgeng monate, metsi le moya o o fisang—tsa dithemperetšha tsa didikirii tsa Celsius di le 100—di gasiwa mo go sepe fela se se e tlhaselang. Dikarolwana tse dikhemikale di tswakanngwang mo go tsone di boleele jo bo kafa tlase ga milimetara o le mongwe mme le fa go ntse jalo, di kgona go fetola lobelo, ntlha e botlhole bo gasediwang kwa go yone le tsela e dikhemikale di tswakanngwang ka yone.

Babatlisisi ba ile ba ithuta ka khukhwane eno ya bombardier go bona kafa ba ka tokafatsang ka gone diseporei tse di dirang sentle mme gape di se kitla di senya tikologo. Ba ne ba fitlhela gore khukhwane eno ga e dirise phatlha e le nngwe fela go romela khemikale kwa dikarolwaneng tse di tswakanyang dikhemikale, mme gape e na le phatlha e nngwe e e bulegang fela fa go na le kgatelelo mo karolong e e tswakanyang dikhemikale gore e kgone go di gasetsa kwa ntle. Baenjeniri ba ikaelela go dirisa mokgwa o o tshwanang le wa khukhwane ya bombardier ba o dirisa mo dienjeneng tsa dikoloi le mo didirisiweng tsa go tima molelo, le mo didirisiweng tsa kalafi tse di jaaka di-inhaler. Porofesa Andy McIntosh wa Yunibesithi ya Leeds, kwa Engelane a re: “Ga go ope yo o kileng a ithuta ka khukhwane go tswa mo letlhakoreng la fisikisi le la boenjeniri jaaka re ile ra dira—mme re ne re sa lemoge gore re ka ithuta mo gontsi go le kana kang go tswa mo go yone.”

O akanya eng? A thulaganyo e e raraaneng ya mesele ya khukhwane ya bombardier, go tswakanya dikhemikale ga yone gore di gotele le go di gasa go itiragaletse fela? Kgotsa a e ne e tlhamilwe?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 18]

Oxford Scientific/photolibrary

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela