A e Ne e Tlhamilwe?
Karolo E e Fa Godimo ga Lefuka la Khukhwane ya Namib e e Gogelang Metsi
● Batho ba ka nna dimilione di le 900 mo lefatsheng lotlhe ga ba bone metsi a a siametseng go nowa motlhofo. Mo mafelong a le mantsi, basadi le bana ke bone ba ba tsamayang sekgala se seleele ba ya go batla metsi ba bo ba boela gae ba a rwele. Moenjenere mongwe wa kwa Massachusetts Institute of Technology e bong Shreerang Chhatre a re: “Ke akanya gore ke selo se se utlwisang botlhoko gore bahumanegi ba tshwanelwe ke go tsamaya diura tse dintsintsi letsatsi le letsatsi fela gore ba bone sengwe se ba se tlhokang thata.” E le gore ba thuse bahumanegi, Chhatre le badirimmogo le ene ba sekaseka mokgwa wa saense wa go beeletsa mouwane, mme ba tsaya malebela mo khukhwaneng ya Namib.
Ela tlhoko: Moso mongwe le mongwe, go wa mouwane mo sekakeng sa Namib se se mo Afrika. Khukhwane ya Namib e dirisa sentle tshono eno ya nakwana e bo e lebagana le phefo ka letlhakore le le tshwanetseng.a Makwakwapa a a mo karolong e e fa godimo ga diphuka a dirilwe ka sengwe se se gogelang bongola. Bongola bo a kgobokana mme bo bope marothodi a magolwane. Go tswa foo go bereka maatlakgogedi, a a thusiwang ke mesele e e sa tshwareng metsi e e fa gare ga makwakwapa ao, a bo a dira gore marothodi a elele mo godimo ga karolo e e fa godimo ga diphuka tsa khukhwane a bo a tsena mo molomong wa yone.
Chhatre le badirikaene ba batla go dirisa mokgwa o o tshwanang go beeletsa metsi a a ka nowang ke batho. Gone ke boammaaruri gore batho ba tlhoka metsi a mantsi go feta a a tlhokwang ke khukhwane ya Namib gore ba tshele. Mme go bona madi a go duelela letsholo le le ntseng jalo ke kgwetlho e e seng kana ka sepe. Chhatre a re ga jaanong, mo bathong mokgwa wa go beeletsa mouwane ke “mokgwa o o sa ntseng o tlhabololwa.”
O akanya eng? A karolo e e fa godimo ga lefuka la khukhwane ya Namib e e gogelang metsi e itiragaletse fela? Kgotsa a e ne e tlhamilwe?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mefuta e mengwe ya dikhukhwane e a tle e bonwe e beeletsa metsi ka one mokgwa ono.
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Mouwane o ipopa go nna marothodi a metsi a bo a elelela mo molomong wa khukhwane
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 22]
Photo: Chris Mattison Photography/photographersdirect.com