LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/09 ts. 14-16
  • Mars e Atametse Thata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mars e Atametse Thata
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Batlisisa Polanete e Khibidu
  • Diroboto Tse di Bidiwang Spirit le Opportunity
  • “Baithuti ba Maje” Kwa Mars
  • Go Lemoga Dikgang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Lefatshe—A le ‘Theilwe’ Fela ka Tshoganyetso?
    Tsogang!—2000
  • Ditshedi Tse Di Sa Tsheleng mo Polaneteng Eno—Dilo Tseo Go Sa Bolong go Akanngwa Gore Di Gone go Tloga Bogologolo
    Tsogang!—1990
  • A Modimo o Nna mo Lefelong le le Lengwe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 2/09 ts. 14-16

Mars e Atametse Thata

KA August 2003, Mars e ne ya atamela polanete ya rona ka dikilometara di le dimilione di le 56, e leng sekgala se se gaufi thata se e kileng ya atamela ka sone mo dingwageng tse di ka nnang 60 000. Go ya ka selekanyo sa thuto ya dinaledi, go raya gore polanete e khibidu eno e ne e le gaufiufi le polanete ya rona, e leng selo se batho ba ba ithutang ka dipolanete ba se itumelelang thata.

Mo masimologong a 2004, disutlhalefaufau di le mmalwa di ne tsa kgobokanela kwa Mars. Tse dingwe di ne di tlhatlhoba polanete eno go tswa mo bogodimong jwa yone fa tse dingwe di ne di tlhatlhoba tsela ya yone. Maeto ano a re rutile eng ka polanete e e bapileng le ya rona e leng Mars?

Go Batlisisa Polanete e Khibidu

Sesutlhalefaufau sa Mars Global Surveyor se ne sa goroga kwa Mars ka 1997. Se ne sa fitlhela gore Mars e kile ya bo e na le maatla a makenete a a nonofileng. Sesutlhalefaufau seno gape se ne sa dira mmapa wa kafa Mars e lebegang ka teng, se bontsha gareng ga dilo tse dingwe, gore sekgala go tswa kwa tlase go ya kwa godimo ke dikilometara tse di fetang 29, fa se bapisiwa le sekgala sa dikilometara tse di fetang 19 go se kae tsa mo lefatsheng.a

Karolo e e kwa tlasetlase ya Mars ke lebala le legolo la Hellas, le go bonalang le ile la dirwa ke di-asteroid tse dikgolo. Karolo e e kwa godimodimo ke setlhoa se segolo sa dikilometara di le 21 sa lekgwamolelo la Olympus Mons. Khamera e e neng e tsentswe mo sesutlhalefaufaung sa Surveyor e ne ya rekota le mafika a a neng a bonala a le bophara jwa dimetara tse di fetang 18 le dithotana tse dikgolo tsa motlhaba o o sutang le mangope a a neng a sa tswa go bopega. Sedirisiwa se sengwe se ne sa fitlhela gore bontsi jwa mafika a a fa godimo ga polanete eno ke a makgwamolelo.

Le mororo ka November 2006 go ne go sa tlhole go kgonega go bona tshedimosetso e e tswang mo sesutlhalefaufaung sa Mars Global Surveyor, disutlhalefaufau tse tharo—2001 Mars Odyssey, Mars Express le Mars Reconnaissance Orbiter—di ne tsa tswelela ka dipatlisiso tsa tsone mo polaneteng eno e khibidu.b Ka go dirisa dikhamera le dilo tse dingwe tse di kgonang go bona tshedimosetso, di ne tsa tlhatlhoba atemosefere ya polanete ya Mars le tikologo ya lefaufau mme di ile tsa bo tsa ribolola le go dira mmapa wa aese e ntsi ya karolo e e tsididitsididi ya kwa bokone ya polanete.

Aese eno e bonwe ke Sesutlhalefaufau sa Phoenix Mars, se se ileng sa kotama kwantle ga mathata ape mo polaneteng e khibidu ka May 25, 2008. Sesutlhalefaufau seno se na le didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo tse di kgonang go tlhatlhoba atemosefere le permafrost (mmu o o gatsetseng) kwa mafelong a a tsididitsididi. Baitsesaense ba solofela go ithuta gore a go kile ga kgonega gore go nne le ditshedinyana mo mmung ono o o gatsetseng. Le fa go ntse jalo, go dira dipatlisiso tsa botshelo—kgotsa bobotlana maemo a botshelo bo ka kgonegang mo go one—go ne go setse go simologile pelenyana.

Diroboto Tse di Bidiwang Spirit le Opportunity

Diroboto tse pedi Tse di Batlisisang tsa Spirit le Opportunity, di ne tsa goroga kwa Mars ka January 2004, mme mafelo a di kotameng mo go one a ne a tlhophilwe go ya ka tshedimosetso e e bonweng mo maetong a a dirilweng pelenyana. Diroboto tseno—tse nngwe le nngwe ya tsone e lekanang le kolotsana ya kgaisano ya lobelo—di ne tsa fologela ka iketlo mo atemosefereng ya Mars di dirisa disireletsi tsa mogote, dipharatšhutu le dirokete. Fa di ne di kotama, di ne tsa tlolela mo boalong jwa polanete, di le mo teng ga diphuthelwana tsa di-air bag tse di tshwanang le tse roboto e nngwe e nnye e e neng e tlile pele ga tsone e leng Mars Pathfinder, e neng e na le tsone ka 1997.c

Boalo jwa Mars bo batlile bo lekana le karolo ya naga e e se nang metsi mo lefatsheng, ka jalo, e dira gore go nne le karolo e kgolo e diroboto di ka dirang dipatlisiso mo go yone. Lefelo le le neng le tlhophetswe roboto e e bidiwang Opportunity e ne e le Meridiani Planum, setlhaba sa dileyara tsa mafika a bogologolo a a nang le minerale e e nang le tshipi e leng hematite. Roboto e e bidiwang Spirit e ne ya goroga ka kwa letlhakoreng le lengwe la Mars go sekaseka boteng jwa khuti e kgolo ya Gusev, e babatlisisi bangwe ba dumelang gore e ka tswa e ne e na le letsha la bogologolo. Go ya ka tshedimosetso nngwe e e kwadilweng ke NASA, boikaelelo jwa go romela diroboto tseno kwa polaneteng eno, “e ne e le go sekaseka hisitori ya maemo a tikologo ya mafelo a ka nako nngwe a neng a ka tswa a ne a na le metsi e bile go ne go kgonega gore ditshedi di tshele gone.”

“Baithuti ba Maje” Kwa Mars

Fa roboto ya Spirit e goroga kwa e rometsweng gone ka January 4, 2004, e ne e le mo lefelong le le tletseng ka maje, le le nang le dikhuti tse di seng boteng, tse di kgolokwe. Roboto eno e ne ya sekaseka lefelo leo fela jaaka moithuti wa maje wa motho a ne a ka dira, e sekaseka mebu, matlapa le dipopego tsa lefatshe tse di farologaneng. Baitsesaense ba ba neng ba kaela Spirit ba ne ba lemoga gore lefelo le roboto eno e gorogetseng mo go lone le ne le tletse ka maje a lekgwamolelo mme le ne le na le dikhuti tse di bakilweng ke di-meteorite. Go tswa foo Spirit e ile ya tsamaya sekgala sa dikilometara di le 2,6 go ya go sekaseka dithotana tse dinnye. Fa e fitlha teng e ne ya ribolola mefuta e e sa tlwaelegang ya maje le mangope a maje a a ka tswang a bakilwe ke lekgwamolelo a a nang le dileyara tse di boleta.

Ka nako e e tshwanang, ka January 25, 2004, morago ga gore roboto e e bidiwang Opportunity, e tsamaye sekgala sa dikilometara di le dimilione di le 456, e ne ya kotama dikilometara di le 25 fela go tswa mo bogareng jwa lefelo le e neng e tshwanetse go kotama mo go lone. Roboto e e neng e le mo teng ga air-bag e ne ya tlolela mo lefelong le le sephaphati la Meridiani mme ya pitikologela mo teng ga khuti e nnye. Moitsesaense mongwe o ne a re eno e ne e le namane e kgolo ya tiro e e fitlheletsweng!

Roboto ya Opportunity e ne ya sekaseka dikhuti di le mmalwa tse di neng di na le maje a a nang le dileyara tse di neng di na le dikarolwana tse dinnye tsa dikgolokwenyana tse di nang le minerale wa hematite. Dikgolokwenyana tseno di na le mmala o o kwebu o o farologanang le wa mmu le wa matlapa a a bohibidunyana. Dileyara dingwe tsa maje di bopa makhubunyana le dipopego tse di tshwanang le tsa motlhaba o o mo metsing a a elelang. Baitsesaense bangwe ba akanya gore dipopego tseno, mmogo le chlorine le bromine tse di leng mo teng ga maje ano, di supa gore go kile ga bo go na le metsi a letswai ka nako nngwe.

Loeto lwa Phoenix Mars Lander lwa 2008 lo ne lwa dira gore go nne le tshedimosetso e e oketsegileng ka boalo jwa Mars, segolobogolo karolo ya yone e e nang le aese. Letsogo la roboto eno le ile la epa mo mmung go fitlha kwa aeseng, mme la tsenya dikaelo tsa mmu le aese mo “dilaboratoring” tse pedi tse di leng mo Phoenix. Le fa go ntse jalo, makasine wa Science o tlhalosa gore, go ne go rulagantswe gore loeto lono e nne lo lo khutshwane ka gonne dikgwedi di se kae fela morago ga gore roboto eno e wetse tiro ya yone, mariga a kwa polaneteng ya Mars a ne a tla khurumetsa roboto ya Phoenix ka “segagane se se kima sa khabonetaeokosaete.”

Lebaka la go bo baitsesaense ba kgona go sekaseka dipolanete tse dingwe ba le bokgakala jwa dikilometara di le dimilione di le makgolokgolo, le bontsha se batho ba ka kgonang go se dira fa ba dira mmogo go fitlhelela mokgele o o tshwanang. Go fitlhelela dilo tse di ntseng jalo le gone go bontsha gore batho ba na le botswerere. Gone mme, go sekaseka lefaufau—ee, tota sengwe le sengwe se se tsamaisanang le saense—go kgonega fela ka gonne melao e e laolang lobopo e tlhomame e bile e ka ikanngwa ka botlalo. Melao eno ga ya itlhama ka boyone mme e tlhomilwe ke Motlhami wa lobopo lotlhe e bong Jehofa Modimo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Dikilometara di le 19 ke sekgala sa go tswa kwa tlase kwa Mariana Trench kwa Lewatleng la Pacific go ya kwa godimo ga Mount Everest.

b Ka 2001 sesutlhalefaufau sa Mars Odyssey le sa Mars Reconnaissance di ne tsa romelwa ke National Aeronautics and Space Administration (NASA), mme Mars Express yone e ne ya romelwa ke European Space Agency.

c Bona setlhogo se se reng “Roboto e Sekaseka Mars” mo makasineng wa June 22, 1998, wa Tsogang! ka Seesemane.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 16]

A GO NA LE BOTSHELO KWA MARS?

Baithutadinaledi ba lekgolo la bo18 le la bo19 la dingwaga e bong Sir William Herschel le Percival Lowell ba ne ba akantsha gore polanete e khibidu e na le ditshedi tse dintsi tse di botlhale mme kgopolo ya ga Darwin ya gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe e ne e bonala e tshegetsa kgopolo eo. Mme go supilwe fa dikgopolo tseo tsotlhe di se boammaaruri. Dipatlisiso tsa sathalaete di bontshitse lebala le le se nang sepe le atemosefere e tshesane e bontsi jwa yone e leng khabonetaeokosaete. Go ya ka dipatlisiso tse di dirilweng ke sesutlhalefaufau sa Viking 1, ka 1976, go fitlhetswe go se na botshelo mo polaneteng ya Mars.d

Le fa go ntse jalo, baitsesaense ba sa ntse ba batla matshwao a a bontshang gore go na le botshelo kwa Mars, mme ba ile ba romela roboto ya Phoenix Mars Lander koo, e le maiteko a bone a bosheng. E re ka ditshedinyana tse dinnye di kgona go tshela mo maemong a go leng thata go tshela mo go one mo lefatsheng, baitsesaense ba akanya gore ditshedinyana tse di ntseng jalo di ka tswa di le teng mo mafelong mangwe kwa Mars. Sesutlhalefaufau sa Beagle 2 se se neng se gokeletswe mo go Mars Express, se ne se dirilwe ka tsela ya gore se kgone go tlhatlhoba dilo tse di tshelang mo mmung wa polanete ya Mars mme kwa bofelong jwa 2003 se ne sa palelwa ke go kotama koo. Ngwaga o o latelang baitsesaense ba ile ba lemoga gore go na le matshwaonyana a methane mo atemosefereng ya polanete ya Mars, mme seno se ne sa ba rotloetsa go fopholetsa gore a gase eno e ne e tswa mo dilong tse di tshelang kgotsa e ne e tswa mo makgwamolelong.

A botshelo bo ka itlhagela fela, gongwe le gongwe mo lobopong? Baebele e araba ka go bolela jaana: “[Modimo] o na le motswedi wa botshelo.” (Pesalema 36:9) Ee ruri, botshelo bo ka tswa fela mo botshelong jo bongwe, mme Moneibotshelo wa ntlhantlha ke Mmopi e bong Jehofa Modimo.—Ditiro 17:25.

[Ntlha e e kwa tlase]

d Bona setlhogo se se reng “Polanete e Khibidu e Etelwa Gape” mo makasineng wa Tsogang! wa November 22, 1999 ka Seesemane.

[Motswedi wa Setshwantsho]

NASA/JPL/Cornell

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Letsogo la roboto ya Phoenix Mars Lander le le nang le sedirisiwa sa go gelela, sedirisiwa se se sekasekang le khamera

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Setshwantsho sa dikgolokwenyana tse di mmala o o kwebu

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Lekgwamolelo le le sa tlholeng le le gone la Olympus Mons le le bogodimo jwa dikilometara di le 21

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Roboto ya Spirit e ne ya epa ya bo ya gotlha leje leno

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Top left: NASA/JPL-Caltech/University of Arizona/Texas A&M University; top right: NASA/JPL/Malin Space Science Systems; bottom left and right: NASA/JPL/Cornell

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela