Go Lemoga Dikgang
Letshwao le le Phoso
“Naledi e o tsetsweng ka yone ke mang?” Mo bathong ba le dimilione-milione bao ba berekisang ditšhate tseo di dirwang ke balepa-dinaledi tsa “matshwao a dinaledi,” potso eo ke ya botlhokwa-tlhokwa. Ba dumela gore boemo jwa dinaledi, dipolanete, letsatsi, le ngwedi tumalanong le ditlhopha tsa dinaledi tsa zodiac ka nako ya go tsalwa bo tlhotlheletsa botshelo jwa motho ka tlhamalalo. Lefa go ntse jalo, go ya ka Independent ya London ya letsatsi le letsatsi, balepa-dinaledi ba naya batho letshwao le le phoso. Ditšhate tsa “matshwao a dinaledi” tseo di dirisediwang bolepa-dinaledi di theilwe mo “melaong” ya bolepa-dinaledi eo e ileng ya kwalwa mo dingwageng tse di ka nnang 2 000 tse di fetileng.
Independent e bolela jaana: “Molepa-dinaledi o kgona go bolelela batsadi ba lesea leo le sa tswang go tsalwa gompieno gore ke Cancer.” Lefa go ntse jalo, pego eo e bolela jaana: “Fa mo boemong jwa moo ba ne ba lebile moo letsatsi le emeng gone mo loaping, ba ne ba tla bona gore tota letsatsi le mo go Gemini.” Ke eng seo se bakang seno? Baitseanape ba ba ithutang dinaledi ba se bitsa “precession of the equinoxes,” tiragalo eo mo go yone ase ya lefatshe, tota, e teteselang fela jaaka ya topo fa e iketla. Go tetesela gono go konela modiko wa dikiri di le 360 mo dingwageng dingwe le dingwe di le 25 800, seo se bolelang gore di-equinox di nna kwa pele ka metsotswana e le 50 ya segopo (arc) ka ngwaga nngwe, le nngwe kana dikiri e le nngwe mo dingwageng di le 72. Ka gone, mo dingwageng di le 2 000 tse di fetileng, mo go bonalang letsatsi le eme gone mo loaping go ile ga relelela kwa morago ka letshwao le le lengwe le le tletseng la zodiac. Ka gone, “setshwantsho sa bolepa-dinaledi se se amanang le nako eo motho a tsetsweng ka yone ga se a nna ka tsela eo tota magodimo a bong a ntse ka yone ka nako ya botsalo jwa motho,” Richard F. Smith o tlhalosa jalo mo bukeng ya gagwe ya Prelude to Science. “Bontsi jwa di-Scorpio tsa lefatshe leno,” o tlhalosa jalo, “tota di ile tsa tsalwa fa letsatsi le ne le le mo go Libra, di-Leo di le dintsi tota ke di-Cancer, di-Cancer ke di-Gemini, jalo le jalo.”
Go sa ikanyegeng ga ditšhate tsa dinaledi le ditshwantsho tsa bolepa-dinaledi go otlelela fela ka moo go leng botlhale ka gone gore go lebiwe kwa Mmoping go bona ketelelopele mme eseng mo dilong tse a di bopileng. (Baroma 1:24, 25) Lefa go ntse jalo, leo e bileng e le lebaka le legolwane la gore re tile go dirisa ditshwantsho tsa bolepa-dinaledi ke ka gonne seno se ka gogela kwa go obameleng “letsatsi, goñwe kgwedi, kgotsa señwe sa leshomōshomō ya legodimo, e le se [Modimo a] sa se laolañ.”—Duteronome 17:2-5.
Fa go Sena Metsi—Botshelo bo ka se Nne Gone
Eno ke tshwetso eo e fitlheletsweng ke Perofesara Norman H. Horowitz moitseanape yo o amanang le maeto a go ya kwa Mars a Mariner le Viking ka 1965-76.
Mo bukeng ya gagwe ya To Utopia and Back: The Search for Life in the Solar System, Perofesara Horowitz o ne a bolela gore dilo tseo di fitlheletsweng mo maetong ano di raraboletse ka phepafalo bothata jwa gore a go na le sengwe se se tshelang kwa Mars kana mo polaneteng epe e nngwe mo dibokelatsatsing tsa rona kana nnyaa. “Mars,” o bolela jalo, “ga e na karolo e e gakgamatsang eo e tletsetletseng mo tikologong ya polanete ya rona, eleng mawatle a metsi a a elelang a bonala sentle mo letsatsing.” Patlisiso eo e netefaditse gore polanete eo ga e na metsi.
Morago ga fa ditekeletso tse di dirilweng ka kelotlhoko di sena go bontsha gore ga go kgonagale ka gope gore go nne le botshelo kwa Mars, Horowitz o ne a dumalana ka gore: “Go retelelwa ke go bona botshelo kwa Mars e ne e le selo se se kgobang marapo, mme gape go ne go senola sengwe. Ereka Mars go tla go fitlha jaanong e le yone e go gopolwang gore e solofetsa thata go ka nna lefelo le go nnang ditshedi tseo di sa tsheleng mo lefatsheng mo dibokela tsatsing gone, jaanong go batla go tlhomamisega gore lefatshe ke lone fela polanete eo go nang le botshelo mo go yone mo karolong ya rona ya losagaripana lwa dinaledi.”
Abo go otla kgomo lonaka jang ne go bo fa moperofeti wa bogologolo ebong Isaia a ne a kwala ka lefatshe, a ne a bolela gore Motlhodi wa lone o ne a “le bopèla go uñwa”! (Isaia 45:18) Metsi a umakiwa pele mo pegong ya popo ya Bibela. Ka phepafalo, go baakanyetsa ka metsi pele ga go bopiwa lefa e ka nna mofuta ope wa ditshedi tsa mo lefatsheng go ne go le botlhokwa. Jaaka maeto ano a go ya kwa Mars a ile a supa: Go pota sebaka sa moya ka kwa, koo go senang metsi gone, ga go kake ga nna le botshelo.—Genesise 1:1-10.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Lefatshe leo le senang ditshedi la Mars, le bonwa go tswa mo sesutlha-lefaufaung sa “Viking II”
[Motswedi wa Setshwantsho]
NASA photo