Ditshedi Tse Di Sa Tsheleng mo Polaneteng Eno—Dilo Tseo Go Sa Bolong go Akanngwa Gore Di Gone go Tloga Bogologolo
BAKWADI ba segompieno ba ditlhamane tsa saense ga ba intshetsa mo ditlhogong tsa bone fela kgopolo ya gore go na le ditshedi tse di sa tsheleng mo polaneteng eno. Mo makgolong a le 23 a dingwaga a a fetileng, motlhalefi mongwe wa Mogerika yo o bidiwang Metrodorus o ne a ruta gore ga go kgonege gore lobopo lotlhe le nne le lefatshe le le lengwe fela le go nniwang mo go lone fela jaaka fa go sa kgonege gore mo tshimong e kgolo go gole seako se le sengwe fela sa mabele. Lucretius, ebong mmoki wa Moroma wa lekgolo la ntlha la dingwaga B.C.E., o ne a kwala gore “mo dikarolong tse dingwe tsa lefaufau go na le mafatshe a mangwe le ditso tse di farologaneng tsa batho gone.”
Thuto eno, eo e bidiwang go nna le mafatshe a le mantsi, e ne e sa amogelwe mo go Labodumedi ka makgolo a le mantsi a dingwaga. Mme go tloga mo e ka nnang ka bo-1700 go ya go fitlha mo masimologong a lekgolo la rona la dingwaga, batho ba le bantsi ba ba rutegileng, go akareletsa le bangwe ba borrasaense ba bagolo go gaisa mo hisitoring, ba ne ba dumela thata gore go na le ditshedi mo mafatsheng a mangwe. Tota ebile, morutisi mongwe wa magareng a bo-1800 o ne a batla a jewa nko e sa butswa ke ba le bantsi fa a ne a leka go kwala lekwalo lengwe leo le neng le ganetsa thuto eno.
Batho ba ne ba bonala ba rata thata go dumela mo goreng ditshedi tse di sa tsheleng mo polaneteng eno di gone, tota le eleng lefa ba ne ba na le bosupi jo bo sa nonofang. Ka 1835 mmegadikgang mongwe o ne a kwala gore baithutadinaledi ba ne ba bone ditshedi kwa kgweding. O ne a kwala gore diphologolo dingwe tse di sa tlwaelegang, dijalo tse di sa tlwaelegang, tota le eleng le batho bangwe ba bannye ba ba nang le diphuka, ba ntse ba fofafofa mo moyeng mme ba buisana ka matsogo ba bonala, ba ne ba bonwa botlhe ka telesekoupu! Lekwalodikgang la gagwe le ne la phasaladiwa ka bontsi. Ba le bantsi ba ne ba tswelela ba dumela mo tlhamaneng eno tota le eleng le morago ga gore go bontshiwe fa e le ya maaka.
Borrasaense le bone ba ne ba na le tsholofelo e kgolo ya gore seno se a diragala. Kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo-1800, moithutadinaledi mongwe ebong Percival Lowell o ne a tlhatswega pelo gore o ne a kgona go bona mesele e e fapaakanang mo godimo ga polanete ya Mars. O ne a e tshwantsha ka botlalo mme a kwala dibuka kaga lesomo lengwe la batho leo le e epileng. Kwa Fora, Sekolo sengwe sa Saense se ne se tiisetsa tota gore go ne go na le ditshedi kwa Mars mo eleng gore se ne sa ba sa solofetsa go duela motho wa ntlha yo o neng a ka buisana le ditshedi dipe fela tse di tshelang kwa dipolaneteng tse dingwe kwantle ga tse di nnang kwa Mars.
Bangwe ba ne ba akantsha gore go dirwe dithulaganyo dingwe tse di sa tlwaelegang tsa go kgona go buisana le batho ba ba kwa dipolaneteng tse di seng kgakala le ya rona, jaaka tse di tshwanang le tsa gore go bonesiwe melelo e e boitshegang mo Sekakeng sa Sahara le tse dingwe tse dintsi go felela ka ya gore go jalwe dikgwa tse di rulagantsweng go ya ka thutotekano go kgabaganya Siberia. Ka 1899 mmatlisisi mongwe wa Moamerika o ne a tlhoma pinagare e e neng e na le kgolokwe ya kopore kwa godimo mme a romela makhubu a a maatla a motlakase ka yone gore a buisane le ditshedi tse di kwa Mars. Batho ba ne ba tsitsibana mmele, mme dipone di ne di bonesa bokgakala jwa mo e ka nnang dikilometara di le 50, mme go ne go sena karabo epe go tswa kwa Mars.
Ba Na le Tsholofelo E Kgolo
Lemororo boranyane jo bo dirang dipatlisiso tseno tsa segompieno tsa ditshedi tsa kwa dipolaneteng tse dingwe bo ka tswa bo le bosha, selo se le sosi se sala se ntse se sa fetoga: Borrasaense ba santse ba solofela thata gore setho ga se sosi mo lobopong. Jaaka fa moithutadinaledi mongwe ebong Otto Wöhrbach a ne a kwala mo lekwalodikgannyeng la Jeremane eleng Nürnberger Nachrichten: “Go batla go sena rrasaense ope yo o tlwaelegileng yo o neng a ka seka a araba ka gore ee fa a ne a bodiwa gore a go na le ditshedi kwa dipolaneteng tse dingwe kwantle ga eno.” Gene Bylinsky, ebong mokwadi wa Life in Darwin’s Universe, o bolela jaana: “Jaanong letsatsi lengwe le lengwe, gore re ke re dumele baithutadinaledi ba ba amogelang melaetsa, go ka nna ga nna le sesupo sengwe seo se tswang kwa dinaleding se se tla nyedimang go kgabaganya kgogomelo e kgolo go gaisa ya lefaufau go tla go fedisa bodutu mo lebopong la rona.”
Ke ka ntlhayang fa borrasaense ba dumela thata jaana gore go na le botshelo mo mafatsheng a mangwe? Se se dirang gore ba solofele thata jaana se simolola ka dinaledi. Di dintsintsi tota—go na le di le dimilione tse di diketekete mo losagaripaneng lwa rona lwa dinaledi. Jaanong ditumelo tseno di bo di simologa. Eleruri, bontsi jwa dinaledi tseo di tshwanetse tsa bo di na le dipolanete tseo di tsamayang go di dikologa, mme botshelo bo tshwanetse jwa bo bo ile jwa nna gone mo go dingwe tsa dipolanete tseo. Ka ntlha ya kgopolo ya mofuta oo, baithutadinaledi ba ile ba lekanyetsa gore mo go lone losagaripana lono lwa rona lwa dinaledi go na le masomosomo a batho go tloga ka diketekete tsa bone go ya go dimilionemilione tsa bone!
A Go A Kgathalesega?
Gore a go na le botshelo go pota ka kwa ga Lefatshe leno kana nnyaa go thusang? Borrasaense ba akanya gore karabo lefa e le efe e go ka arabiwang potso eno ka yone e tla nna le ditlamorago tse dikgolo mo lelapeng la setho. Ba bolela gore fa re itse gore ke rona fela ba re leng teng mo lebopong leno seo se tla ruta setho gore se anaanele botshelo mono ka ntlha ya gore e le jwa mofuta wa jone fela. Kafa letlhakoreng le lengwe, rrasaense mongwe yo o itsegeng thata o akanya gore masomo a mangwe a batho a kwa dipolaneteng tse dingwe go bonala ba re gaisa ka dingwaga di le dimilionemilione di le dintsi mme ba ka nna ba re neela botlhale jo bogolo jo ba nang le jone. Ba ka nna ba re ruta go fodisa malwetsi a rona, go fedisa kgotlelo, dintwa, le tlala. Ba ka nna ba bo ba re bontsha ka moo re ka fenyang loso ka bolone ka gone!
Go sa tlhole go na le bolwetsi, ntwa, loso—tsholofelo ya mofuta oo e bolela go le gontsi mo bathong mo metlheng eno ya rona e e tletseng ka mathata. Kwantle ga pelaelo le wena e raya go le gontsi mo go wena. Lefa go le jalo, gongwe o tla dumalana gore go botoka gore o seka wa nna le tsholofelo epe go na le gore o ikaege ka tsholofelo ya maaka. Go botlhokwa gore re batlisise, he, gore a borrasaense ba mo motheong o o tiileng fa ba bolela gore lobopo lo tletse ka dipolanete di le dintsi tseo batho ba agileng mo go tsone.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 5]
A borrasaense ba mo motheong o o tiileng fa ba bolela gore lobopo lo tletse ka dipolanete tseo batho ba agileng mo go tsone?