LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 4/8 ts. 6-8
  • Ditshedi Tse Di Sa Tsheleng mo Polaneteng Eno—Di Kae?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditshedi Tse Di Sa Tsheleng mo Polaneteng Eno—Di Kae?
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Simolola Go Nna le Dipelaelo
  • Motheo O O Reketlang
  • Bodumedi Jo Bo Phoso
  • Ditshedi Tse Di Sa Tsheleng mo Polaneteng Eno—Dilo Tseo Go Sa Bolong go Akanngwa Gore Di Gone go Tloga Bogologolo
    Tsogang!—1990
  • Thulaganyo ya Rona e e Tlhomologileng ya Masedi a Tlholego—Kafa go Diregileng ka Gone Gore e Nne Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Ditshedi Tse Di Sa Tsheleng mo Polaneteng Eno—Go Bona Karabo
    Tsogang!—1990
  • Lobopo lo re Ruta Eng?
    Tsogang!—2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 4/8 ts. 6-8

Ditshedi Tse Di Sa Tsheleng mo Polaneteng Eno—Di Kae?

GO YA ka mokwadi mongwe wa saense ebong Isaac Asimov, eno ke “kgang eo, go ya bokgakaleng jo bo rileng, e senyang dilo” mo go bao ba dumelang gore go na le ditshedi dingwe kwa dipolaneteng tse dingwe. Fa pele e ne e tlhagisiwa ka 1950 ke mankge wa saense ya nuklea ebong Enrico Fermi, kgang eno e ne ya ya magoletsa ka dintlha tse di ntseng jaaka eno: Fa ditshedi dingwe tse di botlhale di ile tsa nna gone kwa dipolaneteng tse dingwe tse di mo losagaripaneng lwa rona lwa dinaledi, go tshwanetse ga bo jaanong go na le masomo mangwe a batho ao a ileng a nna gone dimilionemilione tsa dingwaga pele ga rona. Ba tshwanetse ba bo ba ile ba tlhama didirisiwa tsa go ralala dinaledi bogologolo tala le go ya gongwe le gonwe mo losagaripaneng lwa dinaledi, ba tsamaya ba tlhoma dikoloni le go e tla ba tsamaya tsamaya ba batlisisa fela jaaka ba rata. Ka jalo ba kae?

Lemororo e le boammaaruri gore borrasaense bangwe ba SETI ba tshwenngwa ke “tsietsi eno ya ga Fermi,” gantsi ba e araba ka go bontsha ka moo go neng go tla nna boima ka gone go tsamaya tsamaya mo gare ga dinaledi. Tota le eleng le ka lobelo lo lesedi lo kgabaganyang ka lone, lemororo lobelo loo lwa lesedi le le legolo thatathata, go ne go tla tsaya sesutlhalefaufau dingwaga di le dikete di le lekgolo gore se tsamaye go kgabaganya losagaripana lwa rona fela lwa dinaledi. Go dumelwa fa go sa kgonege gore se ka feta lobelo loo.

Ditlhamane tsa saense tseo di bontshang disutlhalefaufau tseo di tlolakang go tswa mo naleding e nngwe go ya kwa go e nngwe mo sebakeng sa malatsi kana sa dioura di sekae fela ke selo seo se ikakanyeditsweng fela, ga se dumalane le saense. Sekgala se se leng mo gare ga dinaledi se segolo fela thata mo re ka sekang ra kgona go se tlhaloganya. Tota ebile, fa re ne re ka dira setshwantsho sa losagaripana lwa rona lwa dinaledi se le sennye mo eleng gore letsatsi la rona (leo le leng legolo go le kana kana mo eleng gore le ka kgona go olela mafatshe a le milione) le ne le ka dirwa lennyane gore le lekane le namune ka bogolo, sekgala se se fa gare ga dinaledi mo setshwantshong seno se ne se santse se tla nna mo e ka nnang dikilometara di le 1 600!

Ke sone seo borrasaense ba SETI ba ikaegang thatathata jaana ka go dirisa ditelesekoupu tsa radio; ba akanya gore ereka masomo ano a batho a a tlhabologileng thata a ka nna a seka a tsaya loeto go ralala mo gare ga dinaledi, ba santse ba ka senka ditshedi tsa mefuta e mengwe ka go dirisa tsela e e motlhofo le e e bonolo ya marang a radio. Mme tsietsi eno ya ga Fermi e santse e ba tshwenya.

Mankge wa saense ya tlholego wa Moamerika ebong Freeman J. Dyson o sweditse ka gore fa e le gore go na le masomo mangwe a batho a a tlhabologileng mo losagaripaneng lwa rona lwa dinaledi, bosupi jwa gore ruriruri ba gone bo tshwanetse go bonala motlhofo fela jaaka fa go ka bonwa ditshupo tsa tlhabologo ya tsa boranyane mo Manhattan Island mo New York City. Losagaripana lono lwa dinaledi lo tshwanetse lwa bo lo duma ka ditshupo tsa ditshedi tseno tsa kwa dipolaneteng tse dingwe le ditiro tsa bone tse dikgolo tseo ba di dirang ka dimatšhini. Mme ga go a ka ga bonwa epe ya tsone. Tota ebile, setlhogo sengwe se se malebana le kgang eno se ne sa bontsha gore “re batlile, ga re a bona sepe” e fetogile pina ya bodumedi go baithutadinaledi ba SETI.

Go Simolola Go Nna le Dipelaelo

Borrasaense ba le mmalwa ba simolola go lemoga gore borrasaense ka bone ba ile ba akanya ka dilo di le dintsi thata tseo ba solofelang gore di ka diragala fa ba bua ka kgang eno. Borrasaense ba go nna jalo ba bua palo e e kwa tlase thata ya masomo a batho ba ba tlhabologileng a a mo losagaripaneng lwa rona lwa dinaledi. Ba bangwe ba ile ba bolela gore go na le lesomo le le lengwe fela la batho—eleng rona. Ba bangwe ba ile ba bolela gore go ya ka dipalo, a tshwanetse a bo a le kwa tlase ga le le lengwe—tota le eleng le rona ga re a tshwanela go bo re le teng!

Ga go thata go bona seo se dirang gore ba nne le dipolelo tseno tseo di sa tlhomamang. Se ka sobokanngwa ka dipotso tseno tse pedi: Fa e le gore ditshedi tseno tseo di nnang kwa dipolaneteng tse dingwe di gone, di ne di tla tshela kae? Mme di nnile gone koo jang?

‘Ebu, di ne di tla tshela mo dipolaneteng,’ bangwe ba ne ba ka araba potso ya ntlha jalo. Mme go na le polanete e le nngwe fela mo dibokelatsatsing tsa rona eo ditshedi di kgonang go nna mo go yone, eleng eo re leng mo go yone. Mme go tweng ka dipolanete tseo di dikologang dimilionemilione di le diketekete tsa dinaledi tse dingwe mo losagaripaneng lwa rona lwa dinaledi? A gongwe dingwe tsa tsone di ka tswa di sena ditshedi mo go tsone? Boammaaruri ke gore go tla go fitlha jaanong borrasaense ga ba ise ba bontshe ka phepafalo gore go na le polanete lefa e le nngwe fela ka monwana ka kwa ntle ga dibokelatsatsi tsa rona. Ke ka ntlhayang fa ba ise ba dire jalo?

Ka gonne go e bona go boima go gaisa. Ereka dinaledi di le kgakalakgakala jaana mme dipolanete di sa ntshe lesedi lepe mo go tsone, go kgona go bona tota le eleng polanete e kgolo, e e ntseng jaaka Jupitere, go tshwana le go leka go bona tholenyana e nnyane eo e leng mo leboneng la motlakase le le gasang lesedi le le maatla le le dikilometara di se kana ka sepe kgakala le wena.

Tota le eleng fa e le gore dipolanete tsa go nna jalo di gone—ebile tota go na le bosupi bongwe jo bo sa tsepamang jo bo kokoantsweng jwa go bontsha gore di gone—seno se santse se sa reye gore di dikologa mofuta o o tshwanetseng wa naledi di e dikologa ka tshwanelo di le mo losagaripaneng lo lo tshwanetseng lwa dinaledi lo lo gaufi, le sekgala se se tshwanetseng go tswa mo naleding eo, mme tsone ka botsone di na le bogolo jo bo siameng ebile di dirilwe ka tsela e e tshwanetseng gore go ka nna le ditshedi mo go tsone.

Motheo O O Reketlang

Lefa go le jalo, le eleng lefa e le gore go na le dipolanete di le dintsi tseo di ka kgonang go emelana le maemo a a boima a a tlhokegang gore go nne le ditshedi mo go tsone jaaka fa re di itse, go sala potso eno, Botshelo bo ne bo tla nna gone jang mo dipolaneteng tseo? Seno se re tlisa mo motheong wa mmatota wa tumelo ya gore go na le batho mo dipolaneteng tse dingwe—eleng thutotlhagelelo.

Mo go borrasaense ba le bantsi, go bonala go utlwala go dumela gore fa e le gore go ne go ka kgonagala gore botshelo bo itlhagelele fela go tswa mo dilong tse di sa tsheleng mo polaneteng eno, go ne go ka nna jalo le mo go tse dingwe. Jaaka fa mokwadi mongwe a tlhalosa seno jaana: “Kgopolo eo borrathutatshelo ba le bantsi ba nang le yone ke gore botshelo bo kgona go simolola nako nngwe le nngwe fela fa bo neilwe tikologo eo bo ka simololang mo go yone.” Mme foo ke gone moo thutotlhagelelo e lebanang le bothata jo bo seng kana ka sepe gone. Borrathutotlhagelelo ba palelwa tota le ke go tlhalosa ka moo botshelo bo simologileng ka gone mo polaneteng eno.

Borrasaense ebong Fred Hoyle le Chandra Wickramasinghe ba lekanyetsa gore dikgonagalo tsa gore diensaeme tse di leng botlhokwa tsa botshelo di nne gone ka go itlhagelela fela e nngwe mo go di le 1040 000 (1 e e nang le bonnoto ba le 40 000 kafa morago ga yone). Borrasaense ebong Feinberg le Shapiro ba bolela palo e e fetang eo. Mo bukeng ya bone ya Life Beyond Earth, ba tlhalosa gore dikgonagalo tsa gore dilo tse di mo kgodung ya ditshedi di tseye dikgato tsa ntlhantlha tse di botlhokwa mo botshelong ke e le nngwe mo go di le 101 000 000. Fa re ne re ka kwala palo eo, makasine ono oo o o tshwereng o ne o tla nna le ditsebe di feta 300 ka bokima!

A o fitlhela dipalo tseno tse di tshwarisang bothata di le thata go di tlhaloganya? Polelwana e e reng seo “ga se kake sa kgonega” ke yone e e bonolo go gakologelwa, mme ebile ke yone e opang kgomo lonaka.a

Lefa go le jalo baithutadinaledi ba SETI ba dumela fela kwantle ga go akanya pele gore botshelo bo tshwanetse jwa bo bo ile jwa nna gone ka go itlhagelela fela mo lebopong lotlhe. Gene Bylinsky, mo bukeng ya gagwe ya Life in Darwin’s Universe, o akanya gore dilo di tshwanetse tsa bo di ile tsa itlhagelela ka ditsela tse di farologaneng mo dipolaneteng tse dingwe. O akantsha gore ditshedi dingwe tsa mo lewatleng tse di botlhale, batho ba ba nang le dikgetsana tsa go tsenya bana mo dimpeng tsa bone, batho ba bommamathwane bao ba dirang diletswa tsa mmino ga se dilo tse di itswelang fela mo tlhogong ka gope. Borrasaense bangwe ba ba tumileng ba ile ba baka buka ya gagwe. Lefa go le jalo, borrasaense bangwe, ba ba jaaka Feinberg le Shapiro, ba bona phoso e e eseng kana ka sepe mo go akanyeng ka tsela e e ntseng jalo. Ba nyatsa “makoa a mo metheong ya konokono ya ditekeletso” tsa dikgopolo tsa borrasaense malebana le ka moo botshelo bo simologileng ka gone mo lefatsheng. Lefa go le jalo, ba lemoga gore lefa go le jalo borrasaense “ba ile ba dirisa metheo eno go tlhagisa dikago tse dikgolo tseo di leng ditelele go fitlha kwa Lobopo lo felelang gone.”

Bodumedi Jo Bo Phoso

O ka nna wa ipotsa gore, ‘Ke ka ntlhayang fa borrasaense ba le bantsi jaana ba itlhokomolosa selo seno seo se se kakeng sa kgonega?’ Karabo e bonolo fela mme ke eo e utlwisang botlhoko eletota. Batho gantsi ba dumela seo ba batlang go se dumela. Borrasaense, go sa kgathalesege maiphako otlhe a bone, le bone ba na le bokoa jone joo jo bo dirwang ke batho.

Hoyle le Wickramasinghe ba bolela gore “kgopolo ya gore botshelo bo ne jwa dirwa ke motho mongwe yo o botlhale” e lebega mo go “ba le bantsi” e le selo se se ka kgonegang go na le ya gore bo itlhageletse fela ka bojone. “Eleruri,” ba oketsa jalo, “kgopolo ya go nna jalo e phepafetse mo e ka bonwang ke mang le mang mo e eleng gore motho o a gakgamala gore ke ka ntlhayang fa e sa tsewe ke ba le bantsi jaaka eo bosupi jwa yone bo leng mo pepeneneng. Mabaka a bone ke a dilo tseo ba di akanyang fela go na le gore e nne a go ya ka saense.” Ee, borrasaense ba le bantsi ba kata ka sa morago fa go tsenwa mo kgopolong ya Mmopi, lemororo bosupi bo bontsha seno. Mo ntlheng eno, ba itiretse bodumedi jo eleng jwa bone. Jaaka fa bakwadi ba ba fa godimo ba bone, thuto ya ga Darwin e beile lefoko “Tlholego” mo boemong jwa lefoko “Modimo” fela.

Ka jalo go araba potso e e reng, “A go na le mongwe kwa lefaufaung kwa?” ka phepafalo fela saense ga e neele mabaka a go dumela gore botshelo bo gone mo dipolaneteng tse dingwe. Tota ebile, jaaka fa dingwaga di ntse di tsamaya mme go ntse go didimetse fela mo dinaleding, SETI e ntse e tsenya borrasaense bao ba dumelang mo thutongtlhagelelo matlho a batho go ya pele. Fa mefuta e e farologaneng ya ditshedi e itlhagelela fela go tswa mo dilong tse di sa tsheleng, he ke ka ntlhayang fa re sa utlwe go tswa mo go tsone mo lebopong lotlhe leno? Di kae?

Kafa letlhakoreng le lengwe, fa e le gore potso eno ke ya bodumedi, re ka bona jang karabo? A Modimo o ne wa bopa botshelo mo mafatsheng a mangwe?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Thuto yotlhe ya gore dilo di itlhageletse e tletse ka mathata ka tsela e e tshwanang. Tswee tswee bona buka ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? eo e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Lebokoso mo go tsebe 8]

A Go Na Le Baeng Bangwe Ba Ba Tswang Kwa Dipolaneteng Tse Dingwe?

Batho ba le bantsi ba dumela gore go na le batho bangwe ba ba e tleng ba etelwe ke ditshedi dingwe tse di nnang kwa dipolaneteng tse dingwe kana gore di kile tsa ba etela mo nakong e e fetileng. Borrasaense ka kakaretso ga ba dumele dipolelo tsa go nna jalo; ba bontsha kafa di senang bosupi jwa boammaaruri ka gone mo makgetlong otlhe mme ba bontsha gore tsela eo bontsi jwa se se bidiwang UFO (eleng selo sengwe se se fofang seo se sa itsiweng) se se ileng sa bonwa se ka tlhalosiwa go ya ka dilo tsa tlholego tse di diragalang. Gantsi ba tsaya gore dipolelo tsa gore motho o tlositswe mo lefelong le lengwe go isiwa mo dikarolong dingwe tse di sa itsiweng ka tshwanelo ke tsa batho bao ba tshwenyegileng mo tlhaloganyong kana bao ba nang le dilo tseo ba di tlhokang mo tlhaloganyong kana mo bodumeding.

Mokwadi mongwe wa ditlhamane tsa saense o ne a kwala jaana: “Selo se se tlhotlheletsang batho go batlisisa ka selo seno le go se dumela se batla se ela kwa bodumeding. Re ne re na le medimo pele. Jaanong re batla go ikutlwa gore ga re rosi, re tlhokometswe ke maatla mangwe a a sireletsang.” Go feta moo, maitemogelo mangwe a UFO a amana thata le dilo tsa masaitsiweng go gaisa tsa saense.

Mme borrasaense ba le bantsi ba dumela “baeng” ka tsela e eleng ya bone fela. Ba bona go sa kgonege gore botshelo bo ne bo ka itshimologela fela ka bojone mo lefatsheng leno, ka jalo ba bolela gore bo tshwanetse jwa bo bo tlile mono bo tswa kwa lefaufaung. Bangwe ba bolela gore batho bangwe bao ba tswang kwa dipolaneteng tse dingwe ba ne ba jala botshelo mo polaneteng ya rona ka go romela disutlhalefaufau tseo di neng di na le dibaketeria tsa bogologolo tala. Yo mongwe o ne a akanya gore batho bangwe bao ba tswang kwa dipolaneteng tse dingwe ba ne ba etela polanete ya rona bogologolo tala le gore botshelo bo simologile ka go itlhagelela fela go tswa mo matlakaleng ao ba a tlogetseng fa ba tsamaya! Borrasaense bangwe ba dira ditshwetso tsa bone ba di theile mo bosuping jwa gore dimolekule tse dinnye tsa dilo tse di tshelang di dintsi thata mo lefaufaung. A mme seno ke bosupi jwa tota jwa gore botshelo bo nnile gone ka go itlhagelela fela? A lefelo leo go bolokelwang didirisiwa tsa tshipi mo go lone ke bosupi jwa gore sejanaga se tshwanetse sa itira fela ka bosone moo?

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Tota le eleng fa e le gore go na le dipolanete tse dingwe tseo go ka tshelwang mo go tsone, a go na le bosupi bope jwa gore botshelo bo ne bo ka simolola mo go tsone ka go itlhagelela fela?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela