Ditshedi Tse Di Sa Tsheleng mo Polaneteng Eno—Go Bona Karabo
KA FEBRUARY 17, 1600 monna mongwe yo o bidiwang Giordano Bruno o ne a jewa ka molelo a ntse a tshela mo patlelong ya botlhe kwa Roma, Italy. Ka ntlhayang? Dibuka tsa gagwe di ne di kgopisitse kereke. Gareng ga tse dingwe, o ne a ruta gore go na le dipolanete di le dintsi tseo go nniwang kwa go tsone mo lebopong. Morago kwa mo lekgolong la bo-11 la dingwaga, kereke e ne ya bolela fa thuto eno, ya gore go na le dipolanete di le dintsi tseo go nniwang mo go tsone, e le boikeodi. Fa o e ruta o ne o bolawa. Bruno o ne a swa.
Go fitlhela ka lekgolo la bo-19 la dingwaga, kgang ya gore a botshelo bo gone mo dipolaneteng tse dingwe e ntse e tsweletse mo bodumeding. Ka makgolokgolo a dingwaga, baeteledipele ba bodumedi le borrasaense bao ba ba tlhotlheleditseng ba ile ba gatelela gore lefatshe le mo garegare ga lebopo; ba re lobopo le bopilwe ka 4004 B.C.E.; jalo le jalo.
Jalo he, ga go gakgamatse go bo borrasaense ba le bantsi le ba bangwe ba sa tlotle bodumedi go le go kalo. Lefa go le jalo, fa go ntse go ya, ba le bantsi ba ile ba seka ba tlhola ba tlotla le Bibela, ba akanya gore dikgopolo tsotlhe tseno tse di phoso di tswa mo go yone. Ga go na maaka a a fetang ao.
Bibela ga e iphake gore ke buka ya thuto ya saense. Lefa go le jalo, fa e ama sengwe mo kgannyeng ya lobopo kana se se malebana le dilo tsa saense ka metlha e opa kgomo lonaka. Ka sekai, Bibela ga e ise e ko e tsamaye e bolele gore lefatshe le motho ke dikarolo tsa konokono tsa lobopo. Phapaanong le seno, bakwadi ba yone ba ba tlhotlheleditsweng ba bontshitse ka phepafalo ka moo motho e seng sepe ka gone fa a bapisiwa le lebopo lotlhe.—Pesalema 8:3, 4.a
Jalo he, go ya ka Bibela, a go na le mongwe kwa lefaufaung kwa?
Bibela E A Araba
Bibela e tlhalosa gore ditshedi tse di sa tsheleng mo polaneteng eno di gone mme ebile di gone ka bontsintsi. Ke tse di raraaneng thata, tse di kgatlhisang thata, le tse di ka dumelwang bonolo go gaisa sengwe le sengwe seo borrathutotlhagelelo, bakwadi ba ditlhamane tsa saense, le bao ba dirang dibaesekopo ba kileng ba akanya ka tsone. Le gone gakologelwa, setshedi seo se sa tsheleng mo polaneteng eno ke motho fela yo eseng wa mo lefatsheng leno le mo lefaufaung la lone leo le le dikologileng.
Borrasaense ba ipotsa gore a go ka tswa go na le ditshedi dingwe tsa mefuta e mengwe tseo re sa kgoneng go di lemoga. Bibela e re tlhomamisetsa gore batho ba go nna jalo eleruri ba gone. Mme ga se gore ba nnile gone ka ntlha ya go itlhagelela ga dilo. Fela jaaka ditshedi tsotlhe mo lebopong lotlhe, go sa kgathalesege gore ke tsa mofuta mang, ba tswa mo Motsweding wa botshelo, ebong Jehofa Modimo. Ke Motho wa moya, mme o bopile dimilionemilione tsa batho ba semoya ba mefuta e e farologaneng: e leng baengele, ditšheruba, le boserafa. Ba dira ditiro tse di farologaneng mo thulaganyong ya gagwe e e raraaneng ya selegodimo.—Pesalema 104:4; Bahebera 12:22; Tshenolō 19:14.
Go Tweng ka Botshelo mo Dipolaneteng tse Dingwe?
Batho bangwe bao ba nang le tlhotlheletso e kgolo mo bodumeding ba ile ba gatelela ntlha ya gore Modimo o ne o ka seka wa bopa lefatshe lepe fela kwantle ga boikaelelo le gore ka gone dipolanete tsotlhe tseo go ka tshelwang mo go tsone di tshwanetse tsa bo di na le batho. A seo ke seo Bibela e se bolelang? Nnyaa. Bibela e bontsha gore ga go bonale fa go tla go fitlha jaanong Modimo a ile a bopa dibopiwa dingwe tse di nang le mmele tse di botlhale mo dipolaneteng dipe di sele kwantle ga eno ya rona. Jang jalo?
Fa e le gore gone Modimo o bopile batho ba go nna jalo, o dirile jalo pele ga a ka bopa Adame le Efa. Batho ba go nna jalo ba tshwanetse ba bo ba ile ba nna ba ikanyega mo Mmoping wa bone, kana jaaka fa Adame le Efa ba ne ba dira, ba ile ba leofa mme ba wela mo bosaitekanelang.
Mme fa e le gore ba ile ba nna ba ba sa itekanelang, ba ne ba tlhoka morekolodi. Jaaka fa mmoki mongwe a ne a bolela jaana: “Motho o tlelwa ke kgopolo eno e e tshosang ya gore ka Labotlhano [eleng letsatsi le Jesu Keresete a neng a bolawa ka lone], ka Labotlhano mongwe le mongwe, golo gongwe mo lebopong Jesu o kalediwa kwa godimo ka ntlha ya maleo a motho mongwe.” Mme lefa go ntse jalo seo ga se seo Dikwalo di se rutang. Bibela e re bolelela gore Jesu “losho lo o lo shuleñ, a lo shwèla rure gañwe hèla kaga boleo.”—Baroma 6:10.
Go tweng fa e le gore batho bano ba ka bo ba ile ba nna ba itekanetse? Totatota, fa Adame le Efa ba ne ba leofa, ba ne ba gwetlha gore a Modimo o na le tshwanelo ya go busa lefatshe la batho ba ba botlhale ba ba nang le mebele. Fa e le gore ka nako eo go ne go na le polanete e nngwe, lefatshe leo le tletseng ka batho ba ba botlhale ba ba nang le mebele bao ba neng ba tshela ka kutlwano kafa tlase ga puso ya Modimo ebile ba ikanyega mo go yone, a ba ka bo ba ile ba seka ba bidiwa gore ba tle go neela bosupi jwa gore eleruri puso ya Modimo e molemo? Go bonala tshwetso eno e ka seka ya falolwa, ereka a setse a dirisitse le eleng le batho ba ba sa itekanelang jaaka basupi ba gagwe mo go yone kgang eno.—Isaia 43:10.
He, a seno se raya gore Modimo o ne wa bopa matsatsi ao otlhe a a dimilione tse di senang palo (le dipolanete fa e le gore di gone) a a bopela lefela? Le eseng. Lemororo re itse, fa re akanya malebana le ka moo Jesu Keresete e neng e le wa mofuta wa gagwe fela ka gone, gore lefatshe ke lone fela polanete eo go nnwang mo go yone mo lobopong lotlhe mo sebakeng sa ga jaanong, ebile lemororo re itse, gape, gore e tla nna e ntse e le polanete ya mofuta wa yone fela eo Mmopi a neng a tlotlomatsa tshwanelo ya puso ya gagwe mo go yone, ga re itse seo isagwe e re tsholetseng sone.
Ga Re Rosi
Letsatsi le letsatsi, ngwaga mongwe le mongwe, baithutadinaledi ba SETI ba tswelela ba batla mo loaping ditshupo tse di tswang mo bathong bangwe ba ba botlhale. Ba akanya gore patlisiso eno ya bone e ka nna ya ba tsaya lesome le lengwe la dingwaga, kana e ka nna ya ba tsaya dingwaga di le lekgolo. Abo seno se gakgamatsa jang ne! Ba senya matshelo a bone, le ditsholofelo tsa bone, le madi a a seng kana ka sepe ba batla sesupo seo setho se sa bolong go se amogela makgolo a dingwaga a a fetileng. Ka gonne Bibela ka boyone ke yone molaetsa o o tswang kwa Mothong mongwe yo o Botlhale yo o sa nneng mo polaneteng eno, ebile ka ditsela tsotlhe e gaisa ditshupo tseo le eleng le borrasaense ba ba nang le tsholofelo thata ba akanyang ka tsone.—Bona lebokoso le le mo tsebeng 10.
Setho se ile sa arabela jang mo molaetseng ono o e leng one fela wa boammaaruri o o tswang kwa mothong yono yo o sa tsheleng mo polaneteng eno? Batho, ka kakaretso, ba arabela Bibela jang? Ba a e itlhokomolosa. Ba e dirisa ka tsela e e phoso fela jaaka ba rata. Ba tlhapaola Motho yo o e rometseng ka mekgwa eo e bontshang go nyatsa ya dithuto tseo di senang motheo le tsa tumelabotlhodi. Ebile ba e bitsa gore ke maaka ebile ba ganetsa le gore Motho yo o e rometseng o gone. Se se utlwisang botlhoko ke gore, Mmopi wa rona ga a kgatlhiwe ka gope ke tsela e motho a arabelang ka yone. Lefa go le jalo, o santse a tswelela a buisana le rona. O ruta dimilionemilione tsa batho gompieno mo ditseleng tsa kagiso a dirisa Lefoko la gagwe. Batho bano ba emela Jehofa ebile ba isa seo a se bolelang kwa lefatsheng. Mme ke ba sekae fela bao ba reetsang. Lefatshe ka kakaretso ga le ba reetse.—Isaia 2:2-4; Mathaio 24:14.
Lefa go le jalo, se se itumedisang ke gore mongwe le mongwe wa rona a ka kgona go buisana le Motho yono yo mogolo go gaisa mo lobopong, mme a dira seno kwantle ga go dirisa boranyane jo bo tlhotlhwakgolo, kwantle ga gore a lete dingwagangwaga a letetse melaetsa gore e kgabaganye mo sebakeng se se senang sepe. O ka mo utlwa jaanong ka go ithuta Bibela ya gago mme o iponele ka bowena gore a eleruri e tswa mo Motsweding o o fetang motho ka maatla. O ka arabela seno ka go rapela le ka tsela eo o tshelang botshelo jwa gago ka yone. Ga re rosi. Mmopi wa rona o re solofetsa gore “[ga a] kgakala le moñwe le moñwe oa rona.”—Ditihō 17:27; bona gape 1 Ditihalō 28:9.
Le gone ga a ise a fetse go buisana le setho. O solofeditse gore o tla fetola tsela e dilo di diragalang ka yone mo lefatsheng leno a e fetola gotlhelele, go dira gore motho a seka a iphedisa a dira jalo ka go tlhatlhamolola tsamaiso eno ya dilo e e ka sekang ya tllhola e dirwa sepe a e tlhatlhamolola gotlhelele mme a bo a e emisetsa ka bogosi jo a bo dirileng ka boene, jo eleruri bo tlileng go nna molemo mo go botlhe. (Daniele 2:44; Isaia 9:6, 7) Ee, puisano e e latelang e e tswang kwa Mothong yo o botlhale yono yo mogolo go gaisa yo o sa tsheleng mo polaneteng eno e solofetsa gore o tla e tlisa ka go tsaya kgato, eseng ka go bua fela.—2 Bathesalonia 1:6-9.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona bosupi jwa gore Bibela e tumalanong le saense ya boammaaruri totatota, tswee tswee bona buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? eo e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Lebokoso mo go tsebe 10]
Melaetsa Eo Borrasaense Ba Molaetsa Oo Ba O
Lebeletseng go E Bona Fa Ganang—Lefoko la Modimo,
Ba Ntse Ba Batlisisa Kaga Eleng Bibela:
Botlhale Bongwe jwa Ditshedi
Tse Di Sa Tsheleng mo Polaneteng Eno:
*E ka nna ya tswa e le ya *Le tswa mo Mothong yo
maaka, ereka go tlwaelegile o botlhale jo bo fetang jwa
gore go nne jalo; go ka motho yo o sa nneng mo
tlhaga dipolelo tseo di forang. polaneteng eno.—Isaia 55:9;
*E ka nna ya tswa e ka neela *Jaaka fa re bua jaana
thuto le melemo ya boitemogelo e neela dimilionemilione tsa
jwa dingwaga di le dimilionemilione. batho thuto e e nang le
melemo ya botlhale jo eleng
jwa bogologolo go gaisa lebopo
ka bolone.—Yobe 36:26;
*E ka nna ya re ruta gore re *Le ruta dimilionemilione
tile matlhotlhapelo a nuklea tsa batho ka kagiso gone
e ntwa yotlhe. jaanong; Mokwadi wa lone
o solofetsa go boloka
lefatshe ka bosaengkae mme
a senye bao ba le
senyang.—Pesalema 104:5;
*E ka nna ya re bontsha ka *Mokwadi wa yone o bontshitse ka
moo re ka fodisang malwetsi moo a kgonang ka gone go
ka gone tota le eleng le loso; fodisa malwetsi otlhe;
e tla nna loso la kotsi fela o solofetsa gore o tla fedisa
lo lo tla salang. loso gammogo le go fedisa
ditlamorago tsa lone, a lere
botshelo jo bosakhutleng.—Luke 7:22;
*E ka nna ya fedisa ‘bodutu *Gone jaanong jaana Mokwadi
jo bo mo lobopong’ jwa motho. wa Bibela ga a “kgakala le
moñwe le moñwe oa
rona.”—Ditihō 17:27.
*E ka nna ya seka ya kgonwa go ka *Le ka bonwa ke motho
ranolwa dingwaga di le; e ka tsaya mongwe le mongwe.
di le dikete—gongwe di Re ka le bala
le dimilionemilione—go jaanong jaana mme ra
e araba le go nna le puisano. le arabela. Melaetsa ya
rona e amogelwa
ka bonako.—Yohane 17:3;
*Dilo tsotlhe tse di fa godimo *Tumelo ya rona mo dilong tse
tseno di theilwe modi phoraetsong di fa godimo e theilwe mo
fela le mo dikakanyong fela. bosuping jwa popota le mo
mabakeng a a nang le
tlhaloganyo.—Bahebera 11:1.
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Re ka kgona go buisana le Motho yo mogolo go gaisa mo lobopong lotlhe