Lefelo la Tshireletso ya Ditshedi Tse di Leng mo Kotsing ya go Nyelela
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA SPAIN
DIMELA le diphologolo di lebane le kotsi e kgolo mo lefatsheng ka bophara. Baitsesaense bangwe ba fopholetsa gore mefuta e le diketekete ya ditshedi e a nyelela ngwaga le ngwaga. Ka lesego, dimela le diphologolo tse di neng di tletse mo nageng di bona lefelo la tshireletsego mo mekolokong ya dithaba. Le fa go ntse jalo, tota le mo mafelong ano a a sireletsegileng, kgotlelo le go senngwa ga mafelo a ditshedi tseno ke batho go ka baka kotsi. Gongwe ga go na lefelo lepe le seo se bonalang thata mo go lone go feta kwa Yuropa, e leng lengwe la mafelo a a nang le batho ba bantsi thata mo lefatsheng.
Kwa dithabeng tsa Pyrenees, tse di kgaoganyang Fora le Spain, diparaka di le mmalwa tsa bosetšhaba di thusa go nna lefelo la tshireletso la dimela le diphologolo. Mo mafelong ano a a sireleditsweng, bajanala ba kgona go bona se se fetogileng lefelo la tshireletso ya ditshedi tse di leng mo kotsing ya go nyelela. Mma re boneng ka bokhutshwane gore diparaka tseno di na le eng.
Ditshedi Tse di Leng mo Kotsing ya go Nyelela
Malomo. Mangwe a malomo a naga a a mantle go gaisa, a gola go fitlha go dimetara di le 1 500. Malomo a snow gentian le trumpet gentian (1), a a nang le mmala o o pududu o o tseneletseng, a ikadile mo dithabeng mo go sa meleng ditlhare gone. Kwa tlasenyana ga mekgokolosa mo gare ga ditlhare tsa monyena, sekgwana sa malomo a a leng mo kotsing ya go nyelela a lady’s-slipper orchids (2) se sa ntse se gola ka bontsi. Makgolokgolo a batho ba ba ratang tlholego a etela dikgwana tseno ngwaga le ngwaga, ka jalo, batlhokomedi ba dikgwa ba ba tlhokomelang malomo ano ba bereka diura di le 14 ka letsatsi, ba tlhomamisa gore ga a senngwe le e leng go kumolwa.
Dirurubele. Dithabana tse di tletseng ka malomo a naga di tlamela dirurubele tse di mebalabala ka lefelo la tshireletsego. Serurubele sa Apollo (3) se segolo se diphuka tsa sone tse di nang le dipatso tse di bohibidu jo bo galolang se phaphasela mo gare ga sitlwasitlwane. Malomo a mannye a etelwa gangwe le gape ke dirurubele tse di pududu le dirurubele tsa mmala wa kopore (4) tsa losika lwa Lycaenidae. Dirurubele tsa painted-lady le tortoiseshell di nna di fofela kwa godimo le kwa tlase ga mekgokolosa.
Diphologolo. Bontsi jwa diamusi tse dikgolo tsa kwa Yuropa di ne di nna mo kgaolong e kgolo ya kontinente eo. Mme dingwe tsa tsone di ile tsa tsomiwa mo di batlileng di nyelela. Diphiri, dibera, bothwane (5), nare ya kwa Yuropa, mokabawane le dipodi tsa mo dithabeng (6), gone jaanong di tshela mo dithabeng di le mmalwa fela kgotsa kwa bokone jo bo kgakala. Diphologolo tse di kgatlhang tse di leng mo mafelong ano a tshireletso a kwa Pyrenea, di re gakolola ka diphologolo tsa naga tse di kileng tsa bo di tletse mo dithabeng tseno. Bajanala bangwe ba ipotsa gore go tla diragala eng ka diphologolo tseno tse mmalwa tse di setseng.
Re na le lebaka le le utlwalang la go tlhomamisega gore Mmopi, e bong Jehofa, ene “yo ditlhoa tsa dithaba e leng tsa gagwe,” o kgathalela diphologolo tsa naga tsa kwa dithabeng. (Pesalema 95:4) Mo go nngwe ya dipesalema Modimo a re: “Phologolo nngwe le nngwe ya naga ya sekgwa ke ya me, dibatana tse di mo godimo ga dithaba tse di sekete. Ke itse sentle sebopiwa sengwe le sengwe se se nang le diphuka sa dithaba.” (Pesalema 50:10, 11) Go amega ga Jehofa ka lefatshe le dibopiwa tse di mo go lone go re naya lebaka la go dumela gore ga a kitla a letlelela gore diphologolo tsa mo dithabeng di nyelele.
[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]
1 Trumpet gentian
2 Lady’s-slipper orchid
3 Serurubele sa Apollo
4 Serurubele sa mmala wa kopore
5 Bothwane
6 Dipodi tsa mo dithabeng
[Motswedi wa Setshwantsho]
La Cuniacha