Sengwe se se Botoka go Feta Diokobatsi
FA LENA, yo o umakilweng mo setlhogong sa ntlha, a ne a le dingwaga di le 32, o ne a “ikutlwa a le molato, a se na tsholofelo e bile a batla go swa,” segolobogolo e le ka ntlha ya bothata jwa gagwe jwa diokobatsi. O ne a kwala jaana: “E re ka ke le mosadi le mmè, ke ne ke batla go nna motho yo o siameng, mme sengwe le sengwe mo botshelong jwa me le mo lefatsheng se ne se hutsafatsa thata jaana e bile se swabisa mo e leng gore go ne go bonala go se na lebaka la go nna motho yo o siameng. Mme ka makgetlho a le mmalwa a ke lekileng ka one, ke ne ka palelwa.”
Morago ga foo Lena o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Go ise go ye kae, boammaaruri jwa Baebele bo ne jwa dira gore a nne le kagiso le go ikutlwa a gololesegile mme o ne a tlhalosa seno e le “boikutlo jo bo itumedisang thata jo nkileng ka nna le jone.” Go tlhaloganya melaometheo ya Baebele le tsholofelo e e itumedisang ka isagwe go ile ga mo tlhotlheletsa gore a fetole botshelo jwa gagwe le go fedisa go tshwakgolwa ga gagwe.
Melaometheo ya Botshelo
Melao le melaometheo e e fitlhelwang mo Baebeleng e diretswe rona ka tsela e e kgethegileng ke Mmopi e bong Jehofa Modimo. Pesalema 19:7, 8 ya re: “Molao wa ga Jehofa o itekanetse, o rudisa moya. . . . Ditaelo tse di tswang kwa go Jehofa di thokgame, di dira gore pelo e ipele; taelo ya ga Jehofa e phepa, e phatsimisa matlho.”
Ka sekai, 2 Bakorintha 7:1 e re gakolola gore re ‘intlafatse leswe lengwe le lengwe la nama le moya.’ Lena o ne a tsaya temana eno ya Baebele tsia mme seno se ile sa mo thusa gore a tlogele mokgwa wa gagwe o o leswafatsang. Go nnile jalo le ka Myra, yo le ene a umakilweng mo setlhogong sa ntlha sa motseletsele ono wa ditlhogo. O ka tswa o gakologelwa gore o ne a tshwakgolwa ke diokobatsi tse a neng a di filwe ke ngaka ka ntlha ya go opiwa ke tlhogo. Myra o ne a rarabolola jang bothata jwa gagwe? O ne a bua le ngaka ya gagwe ka seno a sa fitlhe sepe mme ngaka e ne ya mo thusa gore a dirise melemo e mengwe.a Mo godimo ga moo, o ne a dirisa kgothatso e a neng a e bona mo phuthegong ya Bokeresete.
Lena le Myra ba ile ba batla gape thuso ka thapelo. Bafilipi 4:6, 7 ya re: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo.” Motlhanka mongwe wa Modimo wa metlha ya bogologolo yo o neng a nna le kagiso e e ntseng jalo ya mogopolo o ne a kwala gore fa “dikakanyo tsa [gagwe] tse di tlhobaetsang di ne di ntsifala,” mafoko a Modimo a a mo tlhomamisetsang a ne a dira gore a ritibale, a gomotsege le go nna le boitumelo mo pelong. (Pesalema 94:19) Mafoko a a gomotsang ao a ka bonwa mo Baebeleng le go tswa mo ditsaleng tse di siameng tsa Bakeresete tse di ka go gomotsang le go go tshegetsa, go akaretsa le bagolwane ba Bakeresete.
Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, motho a ka tswa a ikutlwa a se na mosola gotlhelele ka ntlha ya bothata jwa diokobatsi. Janice, Mokeresete mongwe yo o neng a tshwakgotswe ke diokobatsi tse di tswang kwa ngakeng ka dingwaga di le dintsi, o ne a kwala jaana: “Batho ba ba tshwakgotsweng ba ka tswa ba ole semoyeng e bile ba itlhoa thata mo e leng gore ba go fitlhela go le thata go kopa thuso ya ga Jehofa ka bobone fela.” Mo maemong a a ntseng jalo, go botlhokwa thata gore ba batle thuso ya Bakeresete ba ba godileng semoyeng. Kgothatso ya bone e e lorato ya bopelotelele le dithapelo tsa bone tsa tumelo di ka “fodisa yo o bokoa.” (Jakobe 5:15) Gone mme, fa motho yo o tshwakgotsweng e le ngwana, batsadi ba tshwanetse go amega thata ka ene—semoyeng le ka botsogo jwa gagwe—gore a fole mme a se ka a boela morago gape.
Janice o ne a ya kwa setheong sengwe sa kalafi a fenya tlwaelo ya gagwe mme fa e sale ka nako eo ga a ise a ko a dirise diokobatsi gape. O ne a kwala jaana: “Ke ikaega ka Jehofa gore ke fete mo dinakong tse di thata. Gone jaanong ke ikutlwa ke ritibetse mme botho jwa me jwa bogologolo jwa go rata dilo tse di itumedisang bo a boa.”
Fa Mathata a Tla Bo a Sa Tlhole a le Gone
Go tla tla nako ya fa diokobatsi dipe fela e tla bong e le dilo tsa nako e e fetileng. Ka ntlha yang? Tshenolo 21:3, 4 e araba ka gore: “Mogope wa Modimo o mo bathong . . . Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele [tse di akaretsang mathata a gompieno] di fetile.”
Baebele e tshwantsha tsholofelo e Bakeresete ba nang le yone le “tshetledi ya moya, e e tlhomamisegang e bile e nitame.” (Bahebera 6:18, 19) Fa batsamaisi ba dikepe ba bogologolo ba ne ba tlhaselwa ke sefefo ba ne ba folosa tshetledi ya sekepe. Fa tshetledi eno e ne e ngaparela kafa tlase ga lewatle, e ne e tla thusa sekepe go tswa mo sefefong, go tswa mo majeng a a kotsi kgotsa mo losing lwa lewatle. Ka tsela e e tshwanang, tsholofelo e e “tlhomamisegang e bile e nitame” e e tlhalosiwang mo Baebeleng e ka re thusa go nna re nitame mo maikutlong, mo tlhaloganyong le mo semoyeng fa go tlhaga diteko tse di tshwanang le sefefo—ka gonne tsone di tla nna teng!
Ke eng o sa tlhatlhobe Baebele mme o bone kafa kgakololo le dithuto tsa yone di utlwalang e bile di kgothatsang ka teng? Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa, mme o ka se ikwatlhaye.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ga se maemo otlhe a a tshwanang le a ga Myra. Ka sekai, batho bangwe ba ka tswa ba itshoketse bolwetse jo bo botlhoko jo bo kgonang go okobadiwa fela ke diokobatsi tse di ka nnang tsa tshwakgola motho tse ba di fiwang ka kaelo ya ngaka. Molwetse yo o ntseng jalo ga a batle gore a nne mo maibing ka ntlha ya diokobatsi, e bile ga a leke go dira gore a tshwakgolwe.—Bona Diane 31:6.
[Mafoko a a mo go tsebe 9]
“Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo . . . , a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo . . . e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo.” —Bafilipi 4:6, 7
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 10]
DITSELA TSE DI MOSOLA TSA GO TOKAFATSA BOTSOGO
Buka ya Managing Your Mind—The Mental Fitness Guide e bolela gore go itshidila mmele go ka “tokafatsa maikutlo a gago le go fedisa go gatelelwa mo maikutlong ka nakwana.” Go dira diphetogo mo dijong le mo mekgweng—mo mmeleng le mo mogopolong—le gone go ka thusa. Akanya ka sekai sa ga Valerie, yo o neng a sotliwa fa a le ngwana. O ne a tshwakgolwa ke mefuta e le 12 ya diokobatsi tse di tswang kwa ngakeng. Le fa go ntse jalo, o ne a kgona go fenya go tshwakgolwa goo mme a tshela botshelo jo bo tlwaelegileng. Sephiri sa gagwe ke eng?
Go na le go lebelela thelebishene le go bala dibuka tse di belaetsang, Valerie o ne a simolola thulaganyo e e molemo ya ka metlha ya go bala Baebele a bo a ipha le nako ya go bala dikgatiso tse di thusang go tlhaloganya Baebele tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, tse di jaaka makasine ono. Mme gape o ne a rapela Modimo a sa kgaotse a mo kopa maatla, a bo a dira gore a bone tshegetso e e tswang mo phuthegong ya Bokeresete, o ne a dira gore malatsi a gagwe a tlale ka ditiro tse di molemo tse di jaaka go rerela ba bangwe molaetsa o o gomotsang wa Baebele. Kwantle ga seo, o ne a dira diphetogo tse dikgolo mo dijong tse a di jang, tse di neng di akaretsa dijo tse dintsi tse di sa otleng mmele. Diphelelo e ne ya nna tse di neng tsa gakgamatsa tota le dingaka tsa gagwe. Gone jaanong o na le dingwaga di le dintsi a sa tlhole a dirisa diokobatsi.b
[Ntlha e e kwa tlase]
b Fa e le gore o dirisa melemo e o e neilweng ke ngaka go alafa go gatelelwa mo maikutlong, bolwetse jwa go fetofetoga maikutlo, kgotsa bothata bongwe jwa tlhaloganyo, boemo jwa gago ga bo tshwane le jwa ga Valerie. Ka jalo, o se ka wa dira diphetogo dipe o ise o kopane le ngaka ya gago.