LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 5/09 ts. 25
  • Ntsu ya Harpy—Setsomi sa Dikgwa Tsa Pula

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ntsu ya Harpy—Setsomi sa Dikgwa Tsa Pula
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nonyane E e Mo Kotsing
  • Go Tlhatloga ka Diphuka Jaaka Bontsu
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Leitlho la Ntsu
    Tsogang!—2003
  • A ke Bontsu Kana Manong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Koo Bontswi ba Fofelang Teng go ja Ditlhapi
    Tsogang!—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 5/09 ts. 25

Ntsu ya Harpy—Setsomi sa Dikgwa Tsa Pula

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA ECUADOR

◼ Babatlisisi ba bogologolo ba kwa Amerika Borwa ba tshwanetse ba bo ba ile ba gakgamala thata go bona nonyane e kgolo eno. Ba ne ba kgatlhega thata jaana mo e leng gore ba ile ba e naya leina la selalome sa ditlhamane tsa Seregika se bontlhanngwe jwa sone e neng e le nonyane mme bontlhanngwe e le mosadi—harpy.

Gompieno tebego e e gakgamatsang ya ntsu ya harpy e sa ntse e kgatlha batho ba le bantsi. Nonyane eno e e boleele jwa disentimetara di le 91 mme e na le diphuka tse di boleele jwa dimetara di le pedi ya kwa dikgweng tsa dipula tsa kwa Amerika Bogare le Borwa, ke nngwe ya dintsu tse dikgolo thata e bile e le maatla thata mo lefatsheng. Tse di namagadi di dikgolwane mme di ka nna boima jwa dikilogerama di le robongwe. Go ya ka bogolo jwa tsone, dintsu tseno tsa harpy di na le dinala tse di nonofileng tse di ka golang go fitlha go disentimetara di le 13 ka boleele, tse di menaganeng gabedi go feta di-bald-eagle. Mo godimo ga moo, go ya ka National Geographic Today, dinala tsa ntsu ya harpy di nonofile jaana mo e leng gore di ka tšhwetla “marapo a di-sloth, dikgabo le diphologolo tse ntsu e di phamolang go tswa mo di iphitlhileng teng, mme gantsi e di bolaya ka yone nako eo.” Le fa gone ntsu eno ya harpy e na le mmele o mogolo jalo e bile e kgona go bolaya ka tsela e gakgamatsang, e fofa ka tidimalo jaana mo e leng gore go ka direga gore motho a se ka a e bona fa e feta kwa godimo.

Nonyane E e Mo Kotsing

Le fa gone batho ba se na lebaka la go tshaba ntsu ya harpy, nonyane eno yone e na le lebaka la go tshaba batho. Go tsoma go go seng kafa molaong le go senngwa ga lefelo le e nnang mo go lone mo sekgweng, go dirile gore nonyane eno e nne nngwe ya mefuta ya dinonyane tse di leng mo kotsing ya go nyelela, mme ga e tlhole e bonwa thata mo sekgweng. E le maiteko a go sireletsa ntsu ya harpy, Panama e ile ya e tlhopha go nna nonyane ya yone ya bosetšhaba mme ba ba e tsomang e se kafa molaong ba atlholwa botlhoko.

Le kwa Ecuador go dirwa dithulaganyo tsa go sireletsa ntsu ya harpy. Fa ngaka ya diphologolo e bong Dr. Yara Pesantes wa Guayaquil Historic Park a ne a botsolodiwa ke Tsogang! o ne a tlhalosa gore dintsu tsa harpy ga di kgone go tsala go fitlha di nna dingwaga di le nnè kgotsa di le tlhano. Mme le fa di fitlhile mo dingwageng tseo, di beela mae gabedi fela ka ngwaga, tse di namagadi di beela lee le le lengwe fela kgotsa mae a le mabedi ka nako e le nngwe. Go bo di tsala ka bonya jalo, go dira gore go nne thata go di sireletsa. Dr. Pesantes o bolela gore, ka ntlha ya thulaganyo ya paraka eno ya go tshwara dinonyane tseno go di tsadisa go setse go na le tsuanyane e e nang le botsogo jo bo siameng.

Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, kgang ya go sireletsa dinonyane e tla bo e sa tlhole e le bothata. Jang? Mmopi e bong Jehofa Modimo, o tla laola lefatshe ka botlalo mme a bo a bontsha tota gore ga a bopela polanete ya rona le dibopiwa tsa yone tse di gakgamatsang lefela.—Pesalema 104:5; Isaia 45:18.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ba ipaakanyetsa go tsenya letshwao mo ntsung

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pete Oxford/Minden Pictures

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]

Tui De Roy/Roving Tortoise Photos

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela