Letlhoo le Tlhaolele—Go Tlhaloganya Tshimologo ya Tsone
“Batho botlhe ba tsholwa ba gololesegile e bile ba na le seriti le ditshwanelo tse di lekanang. Ba filwe tlhaloganyo le segakolodi mme ba tshwanetse go dirisana mmogo jaaka bana ba motho.”—Karolo ya 1 ya Maiphako a Lefatshe Lotlhe a Ditshwanelo Tsa Batho.
LE FA go na le maitlhomo ao a a siameng, letlhoo le tlhaolele di ntse di tswelela go ama batho. Boammaaruri jo bo utlwisang botlhoko jono ga bo bontshe fela metlha e re tshelang mo go yone mme bo supa gape kafa batho ba sa itekanelang ka teng. (Pesalema 51:5) Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore seemo seno se ka se siame. Gone ke boammaaruri gore re ka se kgone go fedisa tlhaolele e re e bonang mme re ka kgona go dira matsapa a go kumola letlhoo le rona ka borona re nang le lone.
Go botlhokwa go lemoga gore mongwe le mongwe a ka nna le letlhoo. Buka ya Understanding Prejudice and Discrimination ya re: “Gongwe dilo tsa botlhokwa thata tse di bonweng fa go dirwa dipatlisiso malebana le letlhoo ke tseno: (1) ga go na motho ope yo o ka reng a ka se ka a nna le letlhoo, (2) gantsi motho o tlhoka go dira maiteko a magolo le go lemoga bothata jono gore a tle a kgone go bo fokotsa le (3) gore fa o ikemiseditse o ka kgona go fedisa letlhoo.”
Go ile ga tlhalosiwa fa thuto e le “sedirisiwa se se maatla thata” se se ka dirisiwang go lwantsha letlhoo. Ka sekai, thuto e e siameng e ka kgona go senola lebaka la go bo go na le letlhoo, e re thusa go tlhatlhoba boikutlo jwa rona go bona gore bo ntse jang tota e bile e ka re thusa gore re itshware ka tsela e e tshwanetseng fa re tlhoiwa.
Tshimologo ya Tsone
Letlhoo le dira gore batho ba sokamise mabaka a a thulanang le boikutlo jo ba sa leng ba nna le jone, le dira gore ba se ka ba tlhaloganya mabaka ao e bile ba a itlhokomolose. Letlhoo le ka tswa le simolotswe ke mekgwa ya lelapa e go bonalang e se na molato mme e le e e sa tshwanelang kgotsa le ka tswa le simolotswe ke batho ba ka boomo ba rotloetsang maikutlo a a sokameng ka merafe kgotsa ditso tse dingwe. Letlhoo gape le ka rotloediwa ke bošetshaba le dithuto tsa bodumedi tsa maaka. Mme gape le ka bakiwa ke go ipelafatsa ka tsela e e feteletseng. Fa o ntse o akanya ka dintlha tse di latelang le ka melaometheo e e tshwanelang e e tswang mo Baebeleng, ke eng o sa tlhatlhobe boikutlo jwa gago mme o bone gore a ga o tlhoke go dira diphetogo?
Ditsala. Ka tlholego fela batho ba rata go nna le botsalano le batho ba bangwe mme ke selo se se siameng. Ee, Baebele ya re: “Yo o itlhaolang o tla batla tlhologelelo ya gagwe ya bopelotshetlha” mme e bile o tla itlhokomolosa botlhale jo bo mosola. (Diane 18:1) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go tlhopha ditsala tsa rona ka botlhale, ka gonne di ka nna le tlhotlheletso e kgolo mo go rona. Ka jalo, batsadi ba ba botlhale ba kgatlhegela go itse gore ditsala tsa bana ba bone ke bomang. Dipatlisiso di bontshitse gore bana ba bannye ba dingwaga tse di ka nnang tharo ba ka simolola go tlhaola batho ka morafe, e leng selo se ba se etsang go tswa mo boitshwarong le mo mafokong a ba bangwe. Gone mme, batsadi ka bobone ba tshwanetse go dira gotlhe mo ba ka go kgonang gore ba nne le tlhotlheletso e e siameng mo baneng ba bone, e re ka ba itse gore gantsi tlhotlheletso ya batsadi ke yone e e nonofileng thata go tlhotlheletsa mekgwa ya ngwana.
◼ Baebele ya reng? “Dira gore mosimane [kgotsa mosetsana] a simolole go tsamaya mo tseleng e e siameng, mme le fa a tsofetse a ka se ka a e tlogela.” (Diane 22:6, The New English Bible) “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” (Diane 13:20) Fa e le gore o motsadi, ipotse jaana: ‘A ke kaela bana ba me mo tseleng ya boammaaruri le e e siameng mo matlhong a Modimo? A ke tsalana le batho ba ba nang le tlhotlheletso e e siameng mo go nna? A ke na le tlhotlheletso e e siameng mo bathong ba bangwe?’—Diane 2:1-9.
Bosetšhaba. Dikishinare nngwe e tlhalosa bosetšhaba e le “go akanya ka setšhaba se se rileng o se tseela kwa godimo ga tse dingwe tsotlhe mme o buelela thata setso le dikgatlhego tsa sone go feta tsa ditšhaba tse dingwe.” Ivo Duchacek porofesa e e dirang dipatlisiso tsa dipolotiki o ne a bolela jaana mo bukeng ya gagwe ya Conflict and Cooperation Among Nations: “Bosetšhaba bo kgaoganya batho gore e nne ditlhopha tse di sa kgoneng go itshokelana. Ka ntlha ya seo, batho ba simolola pele go akanya jaaka Baamerika, Ba-Russia, Ba-China, Baegepeto kgotsa Ba-Peru mme morago ba bo ba akanya jaaka batho—fa go ne go ka direga.” Mongwe yo pele e neng e le motsamaisimogolo wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng o ne a kwala jaana: “Bontsi jwa mathata a re lebaneng le one gompieno a bakiwa ke maikutlo a a sa siamang—a mangwe a one batho ba ileng ba simolola go nna le one ba sa lemoge. Mangwe a maikutlo ao e ka nna boikutlo jo bo gagametseng jwa bosetšhaba jo bo jaaka go akanya gore ‘ke naga ya gaetsho, le fa e ka tswa e dira sengwe se se siameng kgotsa se se sa siamang.’”
◼ Baebele ya reng? “Modimo o ratile lefatshe [batho botlhe] mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) “Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” (Ditiro 10:34, 35) Ipotse gore, ‘Fa e le gore lorato lwa Modimo ga lo tlhaole ope—lo akaretsa ditšhaba tsotlhe, go akaretsa le nna—a ga ke a tshwanela go leka go mo etsa, bogolo jang fa ke bolela gore ke a mmoifa?’
Bomorafe. Dikishinare nngwe e bolela gore, batho ba ba nang le bomorafe ba dumela gore “batho ba merafe e e farologaneng ba na le botho kgotsa bokgoni jo bo farologaneng le gore morafe o o rileng o kwa godimo ga e mengwe.” Le fa go ntse jalo, jaaka go tlhalositswe mo go The World Book Encyclopedia, babatlisisi, “ga ba ise ba bone bosupi bope jwa saense jo bo bontshang gore dipolelo tse di ntseng jalo tsa gore [morafe o o rileng] o kwa godimo ga e mengwe, di boammaaruri.” Tshiamololo e kgolo e e bakiwang ke bomorafe, e e jaaka gore batho bangwe ba nne ba ntse ba tseela ba bangwe ditshwanelo tsa bone, ke bosupi jo bo phepafetseng jwa gore bomorafe bo theilwe mo maakeng.
◼ Baebele ya reng? “Boammaaruri bo tla lo golola.” (Johane 8:32) “[Modimo] o dirile setšhaba sengwe le sengwe sa batho go tswa mo mothong a le mongwe.” (Ditiro 17:26) “[Modimo ga a bone] kafa motho a bonang ka gone, ka gonne motho fela o bona se se bonalang mo matlhong; mme Jehofa ene, o bona se pelo e leng sone.” (1 Samuele 16:7) Ipotse jaana: ‘A ke leka go leba batho botlhe ka tsela e Modimo a ba lebang ka yone? A ke leka go itse gore batho ba bangwe—gongwe ba morafe o mongwe kgotsa setso—ba ntse jang tota, ka go leka go itse bangwe ba bone ka namana?’ Fa re itse batho ka namana, re simolola go tlogela go ba leba ka tsela e e phoso e ba lebiwang ka yone.
Bodumedi. Buka ya The Nature of Prejudice ya re: “Ga go pelaelo gore go tla nna le letlhoo fa batho ba dirisa madumedi a bone go buelela [ditiro tsa bone tsa bogagapa] le dikgatlhego tsa bone tsa lotso. Ke sone se se kopanyang bodumedi le letlhoo.” Yone buka eo e bolela gore, se se gakgamatsang le go feta ke kafa batho ba le bantsi ba bodumedi ba “bonalang ba fetoga go tswa mo go ineeleng mo tumelong go nna batho ba ba nang le letlhoo.” Bosupi jwa mafoko ao bo bonwa mo dikerekeng tse e leng tsa lotso lo lo rileng fela, letlhoo le dikgoka tse di nnang gone fa gare ga ditlhopha tsa madumedi le ditiro tse di boifisang tse di tlhotlhelediwang ke bodumedi.
◼ Baebele ya reng? ‘Botlhale jo bo tswang kwa godimo, [kwa Modimong,] bo na le kagiso, bo tekatekano mme ga bo tseye batho ka go ba tlhaola.’ (Jakobe 3:17) ‘Baobamedi ba boammaaruri ba tla obamela Rara ka moya le ka boammaaruri [jwa bodumedi].’ (Johane 4:23) ‘Rata baba ba gago mme o rapelele ba ba go bogisang.’ (Mathaio 5:44) Ipotse jaana: ‘A bodumedi jwa me bo rotloetsa lorato lwa mmatota mo bathong botlhe, tota le mo bathong ba ba ka tswang ba batla go nkutlwisa botlhoko? A kereke e ke e tsenang e amogela batho ba mefuta yotlhe, go sa kgathalesege gore ke ba setšhaba sefe, ba na le mmala o ntseng jang wa letlalo, ke ba bong bofe, ba na le lotseno lo lo kana kang kgotsa ba na le boemo bofe mo setšhabeng?’
Boikgogomoso. Boikgogomoso bo ka dira gore motho a nne le letlhoo ka go dira gore a itseele kwa godimo kgotsa a nne mabela. Ka sekai, boikgogomoso bo ka dira gore motho a nne le boikutlo jwa gore o kwa godimo ga ba bangwe kgotsa a nyatse batho ba ba nang le thutego e e kwa tlase kgotsa ba ba humanegileng. Gape bo ka dira gore motho a rate go dumela dipolelo tsa maaka tse di tseelang setšhaba sa gagwe kgotsa lotso lwa gagwe kwa godimo ga tse dingwe. Batho ba ba botlhale ba ba anamisang tshedimosetso eno ya maaka, ba ba jaaka mmusaesi wa Monasi e bong Adolf Hitler, ba ile ba rotloetsa go ikgantsha ka naga le ka setšhaba sa bone e le go batla tshegetso ya boidiidi le go sotla batho ba go tsewang ba sa tshwane le bone kgotsa ba ba sa batlegeng.
◼ Baebele ya reng? “Mongwe le mongwe yo o pelo e ikgogomosang ke selo se se makgapha mo go Jehofa.” (Diane 16:5) “[Lo se ka lwa dira] sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya go itseela kwa godimo thata, mme ka mogopolo o o ikokobeditseng [tsayang] ba bangwe ba le kwa godimo ga lona.” (Bafilipi 2:3) Ipotse jaana: ‘A mo pelong ke itumelela go utlwa dikakgelo tse di seng boammaaruri tse di tlotlomatsang morafe wa gaetsho kgotsa lotso lwa rona kgotsa go reetsa dikakgelo tse di sotlang ba bangwe? A ke fufegela batho ba ba nang le bokgoni jo nna ke se nang jone, kgotsa a ke itumelela bokgoni jwa bone go tswa pelong?’
Ee, go na le lebaka le le utlwalang la go bo Baebele e tlhagisa jaana: “Go feta tsotlhe tse dingwe tse di tshwanetseng go disiwa, dibela pelo ya gago, gonne metswedi ya botshelo e tswa mo go yone.” (Diane 4:23) Ka gone, leba pelo ya gago e le botlhokwa thata mme o se ka wa letla sepe go e senya! Go na le moo, e tlatse ka botlhale jo bo tswang kwa Modimong. Mme fa o dirile jalo, ke gone fela ‘bokgoni jwa go akanya bo tla nnang bo go lebeletse, temogo e tla go dibela, go go golola mo tseleng e e bosula, mo mothong yo o buang dilo tse di sokameng.’—Diane 2:10-12.
Mme gone, o ka dira eng fa e le gore ke wena o tlhoiwang kgotsa o tlhaolwang? Setlhogo se se latelang se tla sekaseka kgang eno.
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
Fa re itse batho ka namana, re simolola go tlogela go ba leba ka tsela e e phoso e ba lebiwang ka yone